bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 18
Leviticus 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 19 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Bua le bana ba Iseraele o ba reye o re: Ke nna Jehofa Modimo wa lona.
3
Lo se ka lwa dira ka fa ditirong tsa lefatshe la Egepeto, le lo kileng lwa nna mo go lone; le fa e le ka fa ditirong tsa lefatshe la Kanana le ke lo isang kwa go lone, lo se ka lwa dira, le gone lo se ka lwa sepela mo melaong ya bone.
4
Lo tlaa dira dikatlholo tsa me, le melao ya me lo tlaa e boloka, go sepela mo go yone; ke nna Jehofa Modimo wa lona.
5
Ke gone lo tlaa boloka melao ya me, le dikatlholo tsa me, tse e tlaa reng fa motho a di dira, o tlaa tshela ka tsone; ke nna Jehofa.
6
“Ga go na ope wa lona yo o tlaa atamelang kwa go mongwe yo o gaufi nae ka go tsalwa, go tla a bipolola bosaikatega jwa gagwe; ke nna Jehofa.
7
Bosaikatega jwa ga rraago, e bong bosaikatega jwa ga mmaago, o se ka wa bo bipolola, ke mmaago; o se ka wa bipolola bosaikatega jwa gagwe.
8
Bosaikatega jwa ga mogatsa rraago, o se ka wa bo bipolola; ke bosaikatega jwa ga rraago.
9
Bosaikatega jwa ga kgaitsadio, morwadia rraago, kgotsa morwadia mmaago, le fa ba tsaletswe mo gae kgotsa ba tsaletswe kwa kgakala, bosaikatega jwa bone, o se ka wa bo bipolola.
10
Bosaikatega jwa ga morwadia morwao, kgotsa jwa ga morwadia morwadio, bosaikatega jwa bone o se ka wa bo bipolola, gonne bosaikatega jwa bone ke jwa gago tota.
11
Bosaikatega jwa ga morwadia mogatsa rraago, yo o tsetsweng ke rraago, ka e le kgaitsadio, o se ka wa bipolola bosaikatega jwa gagwe.
12
O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga kgaitsadia rraago; ke mosadi yo o gaufi le rraago ka go tsalwa.
13
O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga ngwanaarraagwe maago; ke mosadi yo o gaufi le maago ka go tsalwa.
14
O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga rangwanaago; o se ka wa atamela mosadi wa gagwe, ke mogatsa rangwanaago.
15
O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ngwetsi wa gago, ke mogatsa morwao, o se ka wa bipolola bosaikatega jwa gagwe.
16
O se ka wa bipolola bosaikatega jwa ga mogatsa morwa rraago; ke bosaikatega jwa ga morwa rraago.
17
O se ka wa bipolola bosaikatega jwa mosadi le morwadie; o se ka wa tsaya morwadia morwawe, kgotsa morwadia morwadie, go bipolola bosaikatega jwa gagwe, ke basadi ba ba gaufi ka go tsalwa; ke tshiamololo.
18
O se ka wa re o tsaya mosadi wa mo tsaya le ngwana yo mongwe wa ga rraagwe; go nna lefufa nae, go bipolola bosaikatega jwa gagwe, go mo pataganya le yo mongwe a sa ntse a tshedile.
19
“O se ka wa atamela mosadi go bipolola bosaikatega jwa gagwe fa a itshekologile ka medibela ya gagwe.
20
O se ka wa lala le mosadi wa mongwe ka wena, go iitshekolola ka ene.
21
O se ka wa ntsha ope wa losika lwa gago go ya go mo ralaletsa Moleke molelo; le gone o se ka wa tlhapatsa leina la Modimo wa gago; ke nna Jehofa.
22
O se ka wa lala le banna, go ba etsa basadi; ke makgapha.
23
O se ka wa lala le setshedi sepe go iitshekolola ka sone, le gone a go se nne mosadi ope yo o tlaa emang fa pele ga setshedi gore a lale naso; ke maferetsoko.
24
“Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tse, gonne merafe e ke e lelekileng fa pele ga lona e itshekolotswe ka dilo tsotlhe tse.
25
Le lefatshe le itshekolotswe, ke gone ka moo tshiamololo ya lone ke bo busetsang mo go lone, mme lefatshe le tlhatsa banni ba lone.
26
Ke gone lona lo bolokeng melao ya me, le dikatlholo tsa me, lo se ka lwa dira sepe sa dilo tse, tse di makgapha; le fa e le yo o tsaletsweng mo gae, kgotsa moeng yo o jakileng mo go lona.
27
Gonne dilo tsotlhe tse di makgapha tse, banna ba lefatshe ba ba neng ba le pele ga lona ba di dirile, ka moo lefatshe le itshekolotswe,
28
gore lefatshe le se ka la lo tlhatsa le lona, fa lo le itshekolotse, jaaka le tlhatsitse morafe o o neng o le gone pele ga lona.
29
Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang sengwe sa dilo tse di makgapha tse, e bong bone batho ba ba di dirang ba tlaa kgaolwa mo bathong ba ga bone.
30
“Ke gone ka moo lo tlaa bolokang tao ya me, gore lo se dire sepe sa mekgwa e e makgapha e, e e neng e dirwa pele ga lona, le gore lo se iitshekolole ka yone, ke nna Jehofa Modimo wa lona.”
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27