bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 22
Leviticus 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 23 →
1
Jehofa a bua le Moše, a re:
2
“Bua le Arone le bomorwawe, gore ba itomolole mo dilong tse di itshepileng tsa bana ba Iseraele, tse ba di intshepisetsang, le gore ba se ka ba tlhapatsa leina la me le le boitshepo; ke nna Jehofa.
3
Ba reye, o re: Le fa e ka nna mang wa losika lotlhe lwa lona mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona, yo o atamelang kwa dilong tse di itshepileng, tse bana ba Iseraele ba di itshepisetsang Jehofa, boitshekologo jwa gagwe bo le mo go ene, motho yoo a a kgaolwe a tswe fa pele ga me; ke nna Jehofa.
4
“Le fa e ka nna motho ofe wa losika lwa ga Arone yo e leng molepero, kgotsa a na le keleketlo, a a se je dilo tse di itshepileng, go tsamaya a itsheka. Le fa e le mang yo o amang sengwe se se itshekologileng sa baswi, kgotsa sa monna yo peo ya gagwe e tswang mo go ene,
5
kgotsa le fa e le mang yo o amang selo se se gagabang, se o ka itshekologang ka sone, kgotsa e le monna yo o ka tsayang boitshekologo mo go ene, le fa boitshekologo jo o nang najo e ka ne e le jo bo ntseng jang;
6
motho yo o amang dilo tse di ntseng jalo, a a itshekologe go ya maitseboeng, a a se je dilo tse di itshepileng, fa a se ka a tlhapa mo mmeleng ka metsi.
7
Mme e tlaa re letsatsi le sena go phirima o tlaa bo a itshekile, morago ga moo o ka ja dilo tse di itshepileng, gonne ke dijo tsa gagwe.
8
Se se suleng fela, kgotsa se se gagotsweng ke dibatana, a se ka a se ja go iitshekolola ka sone; ke nna Jehofa.
9
“Ke gone a ba bolokeng tao ya me, e se re kgotsa ba rwala boleo ka ga yone, mme ba swela mo go yone, fa ba e tlhapatsa; ke nna Jehofa yo ke ba itshepisang.
10
“Ope yo e leng moeng a se ka a ja se se itshepileng; mojaki wa gagwe moperesiti, kgotsa motlhanka yo o thapilweng ka tuelo, a a se je se se itshepileng.
11
E re fa moperesiti a reka motho, morekwa ka madi wa gagwe, o ka se ja, le ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gagwe, ba ka ja dijo tsa gagwe.
12
Fa morwadia moperesiti a tsewa ke moeng, a a se je tshupelo ya tsholetso ya dilo tse di itshepileng.
13
Mme fa morwadia moperesiti e le moswagadi, kgotsa a tlhadilwe, a se na ngwana, a boetse kwa ntlong ya ga rraagwe, jaaka mo borweetsaneng jwa gagwe, ene o ka ja dijo tsa ga rraagwe, fela go se nne moeng ope yo o jang ga tsone.
14
“Fa motho a ja se se itshepileng a sa itse, foo o tlaa se oketsa ka kgaogano ya sone ya botlhano, a neye moperesiti selo se se itshepileng.
15
A baperesiti ba se tlhapatse dilo tse di itshepileng tsa bana ba Iseraele, tse ba di isetsang Jehofa.
16
Jalo ba ba rwesa boikepo jo bo lereng molato, mogang ba jang dilo tsa bone tse di itshepileng, gonne ke nna Jehofa yo ke ba itshepisang.”
17
Jehofa a bua le Moše, a re:
18
“Bua le Arone le bomorwawe, le bana ba Iseraele botlhe, o ba reye, o re: Le fa e ka nna mang wa ntlo ya Iseraele, le fa e le wa baeng ba ba mo Iseraele yo o isang seromololo sa gagwe, le fa e ka ne e le maikano mangwe a bone, le fa e le dineo dingwe tsa bone tsa peleego tse ba di isetsang Jehofa, e le tshupelo e e fisiwang;
19
gore lo amogelesege, lo ise e tonanyana e e se nang bogole, ya dikgomo, kgotsa ya dinku, kgotsa ya dipodi.
20
Se se nang le bogole lo se ka lwa se isa, gonne ga se ketla se amogelwa ka ga lona.
21
Le fa e le mang yo o isetsang Jehofa setlhabelo sa ditshupelo tsa kagiso go tlhomamisa ikano, kgotsa e le neo ya peleego, le fa e le ya matlhape, le fa e le ya letsomane, fa e le e e ka amogelwang, e tshwanetse go nna e e itekanetseng fela; a go se dire le bogole bope mo go yone.
22
Se se foufetseng, kgotsa se se robegileng, kgotsa se se tlhotsang, kgotsa se se nang le tlhagala, kgotsa se se lopalwe, kgotsa se se nang le dikgotho, tseo lo se ka lwa di isetsa Jehofa, le fa e le go di ntsha tshupelo e e dirwang ka molelo mo sebesong sa Jehofa.
23
Kgomo le fa e le kwanyana e e nang le nama nngwe e e seele, kgotsa e e tlhaelang nama nngwe, e e ntseng jalo e le ya ikano ga e ketla e amogelwa.
24
E e thuletsweng, kgotsa e teteetswe, kgotsa e thubilwe, kgotsa e e fagotsweng, lo se ka lwa e isetsa Jehofa, le gone lo se ka lwa dira jalo mo lefatsheng la lona.
25
“Le fa di tswa mo diatleng tsa baeng lo se ka lwa isa dijo tsa Modimo wa lona e le tsa dilo tse di ntseng jaana, gonne sebodu sa tsone se mo go tsone, di na le bogole, ga di ketla di amogelwa ka ga lona.”
26
Jehofa a bua le Moše, a re:
27
“E re fa namane, kgotsa kwanyana, kgotsa potsane e tsalwa, a e nne le mmaayo malatsi a supa; mme go simolola ka letsatsi la bofera mebedi go ya kwa pele e ka amogelwa e le seromololo sa tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
28
Le fa e le kgomo e namagadi, kgotsa nku e namagadi, lo se ka lwa e tlhaba le ngwana wa yone ka tsatsi le le lengwe fela.
29
Fa lo e isetsa Jehofa setlhabelo sa tebogo, lo e ise gore lo tle lo amogelwe.
30
E jewe ka tsatsi leo fela, lo seka lwa sadisa sepe sa yone sa fitlhelwa ke moso; ke nna Jehofa.
31
“Ke gone lo bolokeng ditaolo tsa me, lo di dire; ke nna Jehofa.
32
Lo se ka lwa tlhapatsa leina la me le le boitshepo, mme ke tlaa itshepisiwa mo baneng ba Iseraele; ke nna Jehofa yo ke lo itshepisang,
33
yo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, gore ke nne Modimo wa lona; ke nna Jehofa.”
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27