bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 11
Romans 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
1
Jaana a ke go re Modimo o latlhile batho ba one? A go se tualo. Gonne le nna ke Moiseraele wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine.
2
Modimo ga o a ka wa latlha batho ba one ba o ba itsileng gale. Kgotsa a ga lo itse se lokwalo lo se buang ka ga Elija? Ka fa o rapelang Modimo ka teng ka ga Iseraele, a re:
3
“Morena, ba bolaile baperofeti ba gago, ba rutlile dibeso tsa gago; ke tlogetswe ke le nosi, mme le nna ba senka go mpolaya.”
4
Mme phetolo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba sa khubamelang Baale.”
5
Go ntse jalo le gompieno go na le masalela ka fa boitshenkelong jwa tshegofatso.
6
Fa e le ka tshegofatso, ga e tlhole e le ga ditiro; gonne jalo tshegofatso e tlaa bo e sa tlhole e le tshegofatso.
7
Go a reng? Ga re se Iseraele o se batlileng, ga a ka a se fitlhela; mme ba ba itshenketsweng ba se fitlhetse, ba bangwe ba kgwaraladiwa;
8
jaaka go kwadilwe ga twe: “Modimo wa ba naya mowa wa thulamelo, le matlho a gore ba se ka ba bona ka one, le ditsebe tsa gore ba se ka ba utlwa ka tsone, nako e sa ntse e le eno.”
9
Dafite a re: “A lomati lwa bone lwa bojelo e nne seru, le mogotlha, le sekgopiso, le tefetso mo go bone.
10
A matlho a bone a fifale, gore ba se bone, o bo o ba konamise mekwatla ka metlha yotlhe.”
11
Jalo ka re: A ba kgopilwe gore ba tle ba we fela? A ko go se tualo; mme poloko e tletse Baditšhaba ka go wa ga bone, go tla ba ba fufanya.
12
Jaana, fa go wa ga bone e le khumiso ya lefatshe, le tatlhegelo ya bone e le khumiso ya Baditšhaba; bogolo jang letlotlo la bone le tlaa ba humisa.
13
Ke bua le lona ba lo leng Baditšhaba; e re ka ke le moaposetole wa Baditšhaba, ke tlotla tirelo ya me;
14
e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ka fufanya ba e leng ba nama ya me, mme ka boloka bangwe ba bone.
15
Ka gobo e re fa go latlhwa ga bone e le go letlanngwa ga lefatshe, go amogelwa ga bone e tlaa nna eng, fa e se go tshela ga baswi fela?
16
Fa mabutswapele a le boitshepo, a mantsi le one a ntse jalo; fa modi o le boitshepo, dikala le tsone di ntse jalo.
17
Fa dikala dingwe di amolotswe, mme wena yo o leng motlhware wa naga, wa lomelelwa mo gare ga tsone, mme wa tlhakanela modi le monono wa motlhware natso;
18
o se ka wa ipelafatsa mo dikaleng; fa o ipelafatsa, aitse ga se wena o rweleng modi, mme modi o rwele wena.
19
O a bo o tlaa re: “Dikala di amolotswe gore ke tle ke lomelwe.”
20
Le gale; bone ba amolotswe ke go tlhoka go dumela ga bone, mme wena o eme ka tumelo ya gago fela. O se ka wa ikgodisa, mme o boife;
21
gonne fa Modimo o se ka wa rekegela dikala tse e leng tsa tlholego, le wena ga o ketla o go rekegela.
22
A ko o bone bopelonomi le bopeloethata jwa Modimo; mo go ba ba oleng ke bopeloethata; mme mo go wena, ke bopelonomi jwa Modimo, fa o tswelela pele mo bopelonoming jwa one; fa go sa nna jalo, le wena o tlaa amololwa.
23
Le bone, fa ba sa nnele ruri mo go tlhokeng go dumela ga bone, ba tlaa lomelwa; gonne Modimo o nonofile go ba o ba lomela gape.
24
Gonne fa wena o amolotswe mo go o e leng motlhware wa naga tlholegong, mme wa lomelelwa ka fa e seng tlholego mo motlhwareng o o molemo; bogolo jang bone ba e leng dikala tsa tlholego, ba tlaa lomelelwa mo motlhwareng o e leng wa ga bone?
25
Gonne bagaetsho, ga ke rate lwa tlhoka go itse bosaitsiweng jo, e se re kgotsa lwa ikgopola fa lo le botlhale; ke go re, ka ntlha e nngwe, bokgwaralalo jwa pelo bo wetse Iseraele, go ba go tsamaya go tlalediwa ga Baditšhaba go tsena pele.
26
Jalo Baiseraele botlhe ba tlaa bolokwa; fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Go tlaa tswa Mogolodi mo Sione; mme o tlaa tlosa boikepo mo go Jakobe.”
27
Eo ke yone kgolagano ya me nabo, mogang ke tlosang dibe tsa bone.
28
Ka ga Mafoko a a Molemo, ke baba ka ntlha ya lona; mme ka ga boitshenkelo, ke baratwi ka ntlha ya borara ba bone.
29
Gonne dineo le pitso ya Modimo ga di ikwatlhaelwe.
30
Gonne jaaka e rile mo metlheng e e fetileng, lona lo ne lo sa utlwe Modimo, mme jaanong lo bonye boutlwelobotlhoko ka go tlhoka go utlwa ga bone,
31
le bone ba, ba ntse botlhokakutlo fela jalo, gore le bone ba bone kutlwelobotlhoko jaanong, ka kutlwelobotlhoko e lona lo e bonyeng.
32
Gonne Modimo o tswaletse botlhe fela mo go tlhokeng kutlo, gore o tle o utlwele botlhe botlhoko.
33
A boteng jwa khumo, le jwa botlhale, le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa one ga di fopholesege jang, le ditsela tsa one ga di tlhotlhomisege jang!
34
“Gonne ke mang yo o itsileng mogopolo wa Morena? Kgotsa: Ke mang yo o kileng a nna mogakolodi wa gagwe?”
35
“Kgotsa ke mang yo o kileng a mo naya pele, mme o tlaa ba a go busediwa gape?”
36
Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene, di ntse ka ene, di nnetse ene. A kgalalelo e nne go ene ka metlha e e sa khutleng. Amen.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16