bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 15
Romans 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
1
Jaana rona ba re leng thata, re tshwanetse go pepetletsa dithetelelo tsa ba ba bokoa, e seng go ikgatlha fela.
2
A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe mongwe ka ene ka ga se se molemo, go mo agelela.
3
Gonne Keresete le ene ga a ka a ikgatlha; mme jaaka go kwadilwe ga twe: “Dikgobo tsa ba ba go kgobileng tsa wela mo go nna.”
4
Gonne dilo tsotlhe tse di kwadilweng gale, di kwadilwe gore di re rute, gore re bone tsholofelo ka pelotelele le ka kgomotso ya dikwalo.
5
Jaana a Modimo wa pelotelele, le wa kgomotso, o lo neye gore go nne pelo e le nngwe fela mo go lona ka fa sekaong sa ga Keresete Jesu;
6
gore lo galaletse Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwe fela jwa pelo, le ka molomo o le mongwe fela.
7
Ke gone tsholanang, fela jaaka Keresete le ene a lo tshotse, go tla lo nna kgalaletso ya Modimo.
8
Gonne ka re, Keresete o ntshitswe modiredi wa ba bogwera go supa boammaaruri jwa Modimo, gore a tle a tlhomamise dipolelo tsa tsholofetso tse di neilweng borara.
9
Le gore Baditšhaba ba galaleletse Modimo kutlwelobotlhoko ya one; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke gone ke tlaa go bakang mo go Baditšhaba, mme ka tlaa opelela leina la gago.”
10
O bile a re gape: “Lona Baditšhaba, itumeleng le batho ba gagwe.”
11
Gape: “Bakang Morena, lona lotlhe Baditšhaba; mme a batho botlhe ba mmake.”
12
Gape Isaia a re: “Go tlaa nna motswe wa ga Jese, le yo o tlaa tsogang a tla go busa Baditšhaba; Baditšhaba ba tlaa solofela mo go ene.”
13
Jaana a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo le kagiso mo go dumeleng, gore lo totafalele mo tsholofelong, ka thata ya Mowa o o Boitshepo.
14
Le nna ke itsetse ruri ka ga lona bagaetsho, fa le lona ka losi lo tletse molemo, lo tladitswe kitso yotlhe, lo bile lo nonofile go kaelana.
15
Ka ntlha e nngwe, ke lo kwalela ka botlhokapoifo bogolo, ka gobo ke bile ke lo gopodisa, ka ntlha ya tshegofatso e ke e neilweng ke Modimo,
16
ya gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo go Baditšhaba, ke ba direla mo Mafokong a a Molemo a Modimo, gore Baditšhaba ba tle ba dirwe tshupelo e e lebosegang, ka go itshepisiwa ke Mowa o o Boitshepo.
17
Ke gone ke na le go ipelafatsa ga me mo go Keresete Jesu, ka ga dilo tse e leng tsa Modimo.
18
Gonne ga nketla ke leka go bua, fa e se ka ga dilo tse Keresete o di dirileng ka nna, gore ke tle ke gogele Baditšhaba mo go utlweng, ka puo le ka tiro,
19
ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso, ka thata ya Mowa o o Boitshepo; ka re, ke simolotse kwa Jerusalema, ka potologa ka ba ka ya go fitlha le kwa Iluriko, ke eta ke rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete ka botlalo.
20
Ee, tlhoafalo ya me e ne e le gore ke rere Mafoko a a Molemo jalo, e seng kwa Keresete o setseng a rerilwe teng gale, gore ke se ka ka aga mo motheong wa motho yo mongwe.
21
E ne e le jaaka go kwadilwe ga twe: “Go tlaa bona bone ba polelo e e mmolelang e se kang ya fitlha kwa go bone, le ba ba iseng ba utlwe ba tlaa tlhaloganya.”
22
Metlha e le mentsi ke ntse ka re ke a lo etela, mme ke kgorelediwe ke gone moo.
23
Jaanong, ka ke sa tlhole ke na le gope mo mafatsheng ano, ke bile ke ntse ke tlhologeletswe ka dinyaga di le dintsi go ya koo go lona,
24
fa ke ne ke ka fetela kwa Sepaine, gonne ke solofetse go lo bona mo loetong lwa me, le go felegediwa ke lona, fa ke bona ke itumedisitswe go le gonnye ke go kopana le lona;
25
ka re, gompieno ke ya kwa Jerusalema, ke ya go direla baitshepi.
26
Gonne go kgatlhile ba Maketonia le ba Akaia go atswa bahumanegi ba ba mo baitsheping ba ba kwa Jerusalema.
27
Ee, ga ba a kgatlha, le gale ba molato kwa go bone. Gonne fa Baditšhaba ba dirilwe baabedwi ba dilo tsa bone tsa semowa, le bone ba tshwanetse go ba direla ka dilo tsa bone tsa senama.
28
Ka re, ke tlaa re ke sena go wetsa tiro e, le go ba kanelela loungo lo, ke tle ka lona ke ya Sepaine.
29
Ke a itse fa e tlaa re ke tla mo go lona, ke tlaa bo ke tla ka botlalo jwa tshegofatso ya ga Keresete.
30
Jaana bagaetsho, ke a lo rapela ka Morena wa rona Jesu Keresete, le ka lorato lwa Mowa, gore lo tlhoafale mmogo le nna, lo nthapelele mo Modimong;
31
gore ke gololwe mo go ba ba sa utlweng mo Jutea, le gore tirelo e ke nang le go direla Jerusalema ka yone e lebosege mo baitsheping;
32
gore ke tle ke ye koo go lona ka boitumelo, ka go rata ga Modimo, mme ke bone go ikhutsa mmogo le lona.
33
Jaana a Modimo wa kagiso o nne le lona lotlhe. Amen.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16