bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 4
Romans 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 5 →
1
Jaana re tlaa re Aberahame rraetsho ka fa nameng o bonye eng?
2
Gonne fa Aberahame a na a siamisiwa ka ditiro, o na le se o ka ikgantshang ka sone; mme e be e se fa pele ga Modimo.
3
Gonne lokwalo lwa reng? Lwa re: “Aberahame a dumela Modimo, mme a go balelwa tshiamo.”
4
Jaana mo go ene yo o dirang, tumelo ga e ke e kaiwa go re ke mpho, fa e se go re, ke molato fela o o tshwanetseng go lefiwa.
5
Mo go ene yo o sa direng, mme a dumela mo go ene yo o siamisang moleofi, tumelo ya gagwe yone, e kaiwa fa e le tshiamo.
6
Jaaka le ene Dafite a rile: “Go sego motho yo Modimo o mmalelang tshiamo kwa ntle ga ditiro;” a ba a re:
7
“Go sego ba maleo a bone a itshwaretsweng, le ba dibe tsa bone di bipilweng.
8
Go sego motho yo Morena o se ketlang a mmalela boleo gope.”
9
Jaana lesego le, a le bolelwa fa e le la ba ba rupileng, kgotsa le gone la ba ba sa rupang? Gonne ra re: Mo go Aberahame tumelo ya gagwe e ne ya kaiwa fa e le tshiamo.
10
E kailwe jang? A ke a sena go rupa, kgotsa a ise a rupe? Ga se a rupile, ke a ise a rupe;
11
mme a tshola sekao sa thupo, e le lotshwao lwa tshiamo ya tumelo, e o ne a na nayo a ise a rupe; gore a tle a nne rra botlhe ba ba dumelang, le fa ba sa rupa, gore tshiamo e balelwe kwa go bone;
12
le gore a nne rraabo ba ba rupileng, e seng ke go rupa go le gosi, e bile e le ka gobo ba sepela mo motlhaleng wa tumelo ya ga rraetsho Aberahame, e o ne a na nayo a ise a rupe.
13
Gonne polelo ya tsholofetso e e neilweng Aberahame le losika lwa gagwe ya go re o tlaa nna moruaboswa wa lefatshe, o ne a sa e newa ka fa molaong, mme e le ka fa tshiamong ya tumelo.
14
Gonne e ka re fa ba e leng ba molao e le baruaboswa, tumelo e dirilwe lefela, le polelo ya tsholofetso e be e se na thuso;
15
gonne molao o tsosa bogale; mme kwa go se nang molao, le tlolo le yone ga e yo.
16
Ke gone ka moo gotlhe go emeng ka fa tumelong, gore go nne ka fa tshegofatsong, gore polelo ya tsholofetso e tle e tlhomamele losika lotlhe; e seng lone loso lo e leng lwa molao, mme le lone lo e leng lwa tumelo ya ga Aberahame, yo e leng rraarona rotlhe,
17
fa pele ga one o ene o o dumetseng, e bong Modimo o o rudisang baswi, mme o bitse dilo tse di seyong, jaaka e kete ke dilo tse di leyong; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke go dirile rra merafe e le mentsi.”
18
Yo e rileng tsholofelo e se yo a dumela mo tsholofelong, gore a tle a nne rra merafe e le mentsi, ka fa lefokong le le kileng la buiwa, ga twe: “Losika lwa gago lo tlaa nna jalo.”
19
Mme a akanya mmele wa gagwe, o nama ya one e setseng e ntse jaaka e kete e sule, ka a le boemo jwa dinyaga e ka ne e le di le lekgolo, mme a akanya le go swa ga sebopelo sa ga Sara; mme a se ka a koafala mo tumelong.
20
Ee, ya re ka a lebile polelo ya tsholofetso ya Modimo, a se ka a theekela ka go tlhoka go dumela, mme a thatafala mo tumelong, a galaletsa Modimo,
21
a ikantse ka botlalo gore se o se mo solofeditseng, o bile o nonofile go se dira.
22
E bile ke gone ka moo o go baletsweng fa e le tshiamo.
23
Jaana lefoko le le reng: “O go baletswe,” la bo le sa kwalwa ka ntlha ya gagwe a le esi;
24
le gone e le ka ntlha ya rona ba re tlaa go balelwang, e bong rona ba re dumelang mo go one o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo losong,
25
yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, mme a tsosediwa tshiamiso ya rona.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16