bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 14
Romans 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
1
Yo o bokoa mo tumelong lo mo amogele, e seng go tsena mo dikgannyeng tse di belaesegang.
2
Motho mongwe o na le tumelo ya go ja dilo tsotlhe; mme yo o bokoa a je merogo fela.
3
Yo o jang fela, a a se nyatse yo o sa jeng; le yo o sa jeng, a se ka a sekisa yo o jang fela; gonne Modimo o mo tshotse.
4
O mang wena yo o sekisang motlhanka wa yo mongwe? Go ema le go wa ga gagwe, e ntse ke ga morena wa gagwe. Ee, o tlaa emisiwa; gonne Morena o na le nonofo ya go mo emisa.
5
Motho mongwe o tlotla letsatsi lengwe bogolo go le lengwe; yo mongwe a tlotle malatsi otlhe, a tshwane fela. A motho mongwe le mongwe a ikutlwele ruri mo pelong ya gagwe.
6
Yo o tlotlang letsatsi, o le tlotlela Morena; le yo o jang fela, o jela Morena, gonne o leboga Modimo; le yo o sa jeng, o a ba a sa jele Morena, mme a leboge Modimo.
7
Gonne ga go ope wa rona yo o itshelelang fela, e bile ga go ope yo o itshwelang fela.
8
Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena; mme le fa re swa, re swela Morena; ke gone, le fa re tshela, kgotsa re swa, re ntse re le ba Morena fela.
9
Gonne Kereste o swetse gone moo, a ba a tloga a tshela, gore a tle a nne Morena wa baswi le wa batshedi.
10
Mme wena, ana o sekisetsang wa gaeno? E bile o nyaletsang wa gaeno e ntse e le wena fela? Gonne rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo.
11
Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”
12
Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.
13
Ke gone, a re se tlholeng re sekisanya, mme bogolo lo akanye mo, gore: Motho ope a se ka a baya sekgopi mo tseleng ya wa ga gabo, le fa e le se se ka mo digang.
14
Ke a itse, ke bile ke a tlhomamisa ka Morena Jesu, fa go se sepe se se itshekologileng ka sosi; fa e se go re yo o kayang sengwe fa se itshekologile, mo go ene se itshekologile.
15
Gonne fa wa gaeno a hutsafala ka ntlha ya dijo, ga o tlhole o sepela mo loratong. O se ka wa senya ka dijo tsa gago ene yo Keresete o mo swetseng.
16
Ka re, a molemo wa lona o se bolelwe ka bosula;
17
gonne bogosi jwa Modimo ga se go ja le go nwa, mme ka tshiamo, le kagiso, le boitumelo mo Moweng o o Boitshepo.
18
Gonne ene yo o direlang Keresete mo go ntseng jalo, o kgatlha Modimo, o bile o lebosega mo bathong.
19
Jalo a re lateleng dilo tse di diranang le kagiso, le dilo tse re ka agelelanang ka tsone.
20
Lo se ka lwa rutlolola tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Le gale dilo tsotlhe di itshekile; le fa go ntse jalo go bosula mo mothong yo o jang ka go kgopisa yo mongwe.
21
Go le go ja nama, go le go nwa bojalwa jwa mofine, le gotlhe mo wa gaeno o kgopiwang ka gone, go molemo go kgaogana nago.
22
Tumelo e o nang nayo, a e nne ya gago fela fa pele ga Modimo. Go sego motho yo o sa itshekiseng mo go se o dumalanang naso.
23
Yo o jang a belaela, o a sekisiwa, ka a sa je ka tumelo, mme le fa e le eng se e seng sa tumelo, ke boleo.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16