bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 12
Romans 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 13 →
1
Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng.
2
Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.
3
Gonne ke raya mongwe le mongwe mo go lona, ka tshegofatso e ke e neilweng, ka re, a se ka a ikgopola bogolo go tshwanelo ya gagwe ya go ikgopola; mme a ikgopole ka tekano, ka fa Modimo o abetseng mongwe le mongwe selekanyo sa tumelo ka teng.
4
Gonne jaaka re na le ditokololo di le dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe di se tiro nngwe fela;
5
jalo le rona ba re leng bantsi, re mmele mongwe fela mo go Keresete, mme mongwe le mongwe ke tokololo ya yo mongwe.
6
Mme a e re ka re na le dineo tse di farologanyeng ka fa tshegofatsong e re e neilweng, fa e le perofeso, a re perofeseng ka fa selekanyong sa tumelo ya rona;
7
fa e le tirelo, a re ineeleng mo tirelong ya rona; kgotsa yo o rutang, a a ineele mo go ruteng ga gagwe;
8
kgotsa yo o layang, a a ineele mo go layeng ga gagwe; yo o nayang a a go dire ka pelotshweu; yo o busang a a go dire ka tlhoafalo; yo o utlwelang batho botlhoko, a a go dire ka pelo e e thamileng.
9
A lorato lo nne fela lo se na boitimokanyo. Ilang se se bosula; ngaparelang se se molemo.
10
Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele;
11
mo tlhoafalong, lo se ka lwa nna botshwakga; lo nne lo tuke mo moweng; lo direle Morena.
12
Lo itumele mo tsholofelong; lo nne pelotelele mo pitlaganong; lo nnele ruri mo thapelong;
13
lo abele go tlhoka ga baitshepi; lo tlwaele go tshola baeng.
14
Segofatsang ba ba lo bogisang; segofatsang, lo se ka lwa hutsa.
15
Itumeleng le ba ba itumelang; lo lele le ba ba lelang.
16
Lo nne pelo nngwe fela, mongwe le mongwe ka ga yo mongwe. Lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona mo dilong tse dikgolo, lo ikokobeletse dilo tse di kwa tlase. Lo se ka lwa ikgopola fa lo le botlhale.
17
Se dueleng bosula jwa ga ope ka bosula. Akanyang dilo tse di tlotlegang mo matlhong a batho botlhe.
18
Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona.
19
Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tlaa duela,” go bua Morena.
20
“Fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora, o mo nose; gonne ka go dira jalo, o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.”
21
Lo se ka lwa fenngwa ke bosula, mme fenyang bosula ka molemo.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16