bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 13
Romans 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
1
A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong; mme babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo.
2
Ke gone, yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo; mme ba ba ganang ba tlaa iponela tshekiso.
3
Gonne balaodi ga ba na go boifiwa ke yo o mo tirong e e molemo, fa e se ke yo o mo go e e bosula fela. Mme a o rata wa bo o se na poifo ya mmuso? Dira se se molemo, mme o tlaa bakwa ka ga sone;
4
gonne mmuso ke modiredi wa Modimo mo go wena, gore o tle o bone molemo. Mme fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a tsholela tšhaka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale.
5
Ke gone lo nang le go ineela, e seng ka ntlha ya bogale bo le josi, mme e le ka ntlha ya segakolodi le sone.
6
Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se.
7
Nayang botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba; le poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa le tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa.
8
Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao.
9
Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”
10
Lorato ga lo direle oo rra motho bosula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya molao.
11
Ke bua jaana ka lo itse motlha, fa jaana e setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela.
12
Bosigo bo setse bo fetile, mme bosa bo atametse; ke gone, a re latlheng ditiro tsa lefifi, mme re apareng moitshomelo wa phemelo wa lesedi.
13
A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng.
14
Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16