bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 16
Romans 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
1
Ke lo kaela Febe kgaitsadia rona, yo e leng modiredi mongwe wa phuthego e e mo Kenkerea;
2
gore lo mo tshole mo Moreneng, ka mokgwa o o tshwanetseng baitshepi; le gore lo mo thuse mo go sengwe fela se o tlaa se lo lopang, gonne le ene e ne e ntse e le mothusi wa batho ba le bantsi, le wa me ka nosi.
3
Dumedisang Perisila le Akwila, badiredi ka nna mo go Keresete Jesu,
4
e le ba ba kileng ba baya dithamo tsa bone fa fatshe, gore ba mpoloke; ba ke sa ba lebogeng ke le nosi, mme le tsone diphuthego tsotlhe tsa Baditšhaba di a ba leboga.
5
Lo dumedise phuthego e e mo ntlong ya bone. Dumedisang Epaeneto moratwi wa me, yo e leng lebutswapele la Asia mo go Keresete.
6
Dumedisang Maria, yo o lo diretseng ka thata e kgolo.
7
Dumedisang Anteroniko le Juniase, ba losika lwa me, le bagolegwi ka nna, ba ba itsegeng mo baaposetoleng, e bile e le ba ba dumetseng mo go Keresete pele ga me.
8
Dumedisang Ampeliato moratwi wa me mo Moreneng.
9
Dumedisang Urebano modiri ka rona mo tirong ya ga Keresete, le Setakuse moratwi wa me.
10
Dumedisang Apelese molebosegi wa ga Keresete. Dumedisang ba e leng ba ntlo ya ga Arisetobulo.
11
Dumedisang Herotione wa losika lwa me. Dumedisang ba ntlo ya ga Narekiso, ba ba mo Moreneng.
12
Dumedisang Terufena le Terufosa, e le basadi ba ba dirang mo Moreneng. Dumedisang Peresise moratwi, yo o kileng a dira thata mo Moreneng.
13
Dumedisang Rufuse moitshenkedwi wa Morena, le yo e leng mmaagwe, le mme.
14
Dumedisang Asunekerito, le Felegone, le Heremese, le Paterobase, le Heremase, le bakaulengwe ba ba nang nabo.
15
Dumedisang Filologo le Julia, le Nereo le kgaitsadie, le Olumpase, le baitshepi botlhe ba ba nang nabo.
16
Lo dumedisanye ka katlo e e boitshepo. Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa.
17
Jaana ke a lo rapela, bagaetsho, ka re, lepang ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso tse di fapaanyeng, le thuto e lo e ithutileng; mme lo kgaogane nabo.
18
Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Keresete, fa e se dimpa tsa bone fela; ba tle ba tsietse dipelo tsa ba ba bopegileng senyana, ka puo ya bone e e borethe, e e ntle.
19
Gonne go utlwa ga lona go utlwaletse kwa bathong botlhe. Ke gone ke a itumela ka ga lona; mme ke rata gore lo nne botlhale mo go se se molemo, lo nne masisi mo go se se bosula.
20
Modimo wa kagiso o tlaa akofa o tapetela Satane fa tlase ga dinao tsa lona.
21
Timotheo modiri ka nna, o a lo dumedisa; le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba losika lwa me.
22
Nna Teretio, yo ke kwalang lokwalo lo, ke a lo dumedisa mo Moreneng.
23
Gaio, yo ke nnang mo ga gagwe, e bile e le mothusi wa phuthego yotlhe, o a lo dumedisa. Eraseto modisa wa dikhumo tsa motse, o a lo dumedisa, le Kwareto wa mokaulengwe.
24
A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe.
25
Jaana ene yo o nonofileng go lo tlhomamisa ka fa Mafokong a a Molemo a me, le ka fa go rerweng ga Jesu Keresete, ka fa tshenolong ya bosaitsiweng jo bo sa leng bo boloketswe mo tuulalong ka metlha e e sa leng e tlholega e tswa Tsose;
26
jaanong bo senotswe bo bile bo itsisiwe merafe yotlhe ka dikwalo tsa baperofeti, ka fa taolong ya Modimo o o sa tlholegang, gore e tle mo khutlong ya tumelo;
27
go Modimo o o botlhale o le osi, ka Jesu Keresete, a go nne kgalalelo ka bosaengkae. Amen.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16