bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 6
Romans 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 7 →
1
Jalo, re tlaa reng? A re tlaa tswelela pele mo boleong, gore tshegofatso e tle e tote?
2
A go se tualo, rona ba re kileng ra swa ka ga boleo, re tlaa nna re tshela jang mo go jona?
3
Kgotsa a ga lo itse fa rona ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe?
4
Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo.
5
Gonne fa re patagantswe nae ka tshwano ya loso lwa gagwe, re tlaa nna jalo le ka tshwano ya go tsoga ga gagwe;
6
ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo;
7
gonne yo o kileng a swa o siamisitswe ka ga boleo.
8
Fa re kile ra swa le Keresete, re a dumela fa le gone re tlaa tshela nae;
9
ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene.
10
Gonne loso lo o lo suleng, a lo swela ruri gangwe fela ka ga boleo; mme botshelo jo o bo tshedileng, o bo tshelela Modimo.
11
Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.
12
Ke gone, a boleo bo se laole mo mmeleng wa lona o o nang le go swa, go ba lo tla lwa utlwa dithato tsa lone;
13
le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong.
14
Gonne boleo ga bo ketla bo nna le taolo mo go lona; ka gobo ga lo mo thateng ya molao, lo mo thateng ya tshegofatso.
15
Go ka tweng? A re tlaa leofa ka gobo re se mo thateng ya molao, mme re le mo thateng ya tshegofatso? A go se tualo.
16
A ga lo itse fa yo lo mo ineelang jaaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwe, yo lo mo utlwang; kgotsa ba boleo jo bo isang losong; kgotsa ba kutlo e e isang tshiamong?
17
A go lebogwe Modimo, gonne le fa lo kile lwa ne lo le batlhanka ba boleo, lwa tla lwa nna ba ba utlwang ka pelo mokgwa wa thuto e lo e neetsweng;
18
mme e rile ka lo golotswe mo boleong, lwa tla lwa nna batlhanka ba tshiamo.
19
Ke bua ka fa mokgweng wa batho, ka ntlha ya thetelelo ya nama ya lona, gonne jaaka lo kile lwa ntsha ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba leswe, le ba boikepo jo bo isang boikepong; go ntse jalo gompieno, ntshang ditokololo tsa lona go nna batlhanka ba tshiamo e e isang boitshepisong.
20
Gonne e rile fa lo le batlhanka ba boleo, lwa bo lo gololosegile ka ga tshiamo.
21
E ne ya re ka lobaka loo lwa nna le loungo mo dilong tse gompieno lo tlhajwang ke ditlhong ka ga tsone, gonne bokhutlo jwa dilo tseo ke loso.
22
Jaana ka lo golotswe mo boleong, mme lo dule batlhanka ba Modimo, loungo lwa lona lo isa boitshepisong, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng.
23
Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16