bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Romans 3
Romans 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
1
Jalo Mojuta o na le kgaiso ya eng? Kgotsa thuso ya go rupa ke eng?
2
Ke e kgolo ka ntlha tsotlhe; sa ntlha mantswe a Modimo a ne a bewa mo tisong ya bone.
3
Gonne e bo e le eng, le fa bangwe ba ne ba se na tumelo? A go tlhoka tumelo ga bone go tlaa nyeletsa boikanngo jwa Modimo?
4
A go se tualo; ee, bogolo a Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe a le moaki; jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o siamisiwe mo mafokong a gago, le gore o fenye mogang o tlang mo tshekong.”
5
Fa tshiamololo ya rona e bonatsa tshiamo ya Modimo re tlaa reng? A Modimo o tshiamololo fa o kgopholola ka bogale? Ke bua ka fa mokgweng wa batho.
6
A go se tualo; gonne fa go ne go ka nna jalo, Modimo o tlaa atlhola lefatshe jang?
7
Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelo ya one ka kako ya me, ana nna ke ka bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi?
8
Ga re direleng bosula, gore molemo o dirafale? Jaaka re tle re patelediwe, le jaaka bangwe ba tle ba re, re bua jalo. E le ba tshekiso ya bone e siameng.
9
Jaana go ka tweng? A re a ba gaisa? Nnyaa, le fa e le mo gonnyennye; gonne, go le Bajuta, go le Bagerika, re ba kaile gale gore ba mo thateng ya boleo botlhe fela;
10
jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela;
11
ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo;
12
ba fapogile botlhe, ba tlhobosegile mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le fa e ka bo e le yo mongwe fela.
13
Memetso ya bone ke phupu e e atlhameng; ba bua tsietso ka diteme tsa bone.” “Botlhoko jwa dinoga bo mo dipounameng tsa bone.”
14
“Melomo ya bone e tletse thogakano le bogalaka.”
15
“Dinao tsa bone di fefogela go tsholola madi;
16
tshenyego e mo tseleng tsa bone le lehuma;
17
mme tsela ya kagiso ga ba ise ba ke ba e itse.”
18
“Ga go na poifo epe ya Modimo fa pele ga matlho a bone.”
19
Jaana re a itse fa dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le ba ba fa tlase ga molao; gore molomo mongwe le mongwe o thibale, le gore lefatshe lotlhe le bewe mo tshekisong ya Modimo.
20
Gonne ga go nama epe e e tlaa siamisiwang mo matlhong a one ka ditiro tsa molao; gonne kitso ya boleo e tla ka molao.
21
Gompieno go bonetse tshiamo nngwe ya Modimo kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baperofeti;
22
e bong tshiamo ya Modimo e e tswang mo go dumeleng mo go Jesu Keresete, e tla mo go botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na tlhaolo.
23
Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo;
24
mme ba siamisiwa fela ka tshegofatso ya one, ka ntlha ya thekololo e e mo go Keresete Jesu;
25
yo Modimo o mmeileng go nna seletlanyo, ka tumelo, ka madi a gagwe, gore a supe tshiamo ya one, ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng gale, ka boiphapaanyo jwa Modimo.
26
Ka re, gore a supe tshiamo ya one mo motlheng ono; gore one o tle o nne tshiamo, o bo o nne mosiamisi wa yo o nang le tumelo mo go Jesu.
27
Jaana ipelafatso e kae? E tswaletswe kwa ntle. Ka molao o o ntseng jang? A ke wa ditiro? Nnyaa: mme ke ka molao wa tumelo.
28
Ke gone re re, motho o siamisiwa ka tumelo, kwa ntle ga ditiro tsa molao.
29
Kgotsa a Modimo ke Modimo wa Bajuta ba le bosi? A ga se Modimo le wa Baditšhaba le bone? Ee, wa Baditšhaba le bone.
30
Ke raya fa Modimo o le o mongwe fela, le ba ba rupileng, fa o tlaa ba siamisa ka tumelo, fela jaaka ba ba sa rupang, o tlaa ba siamisa ka tumelo.
31
Mo a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? A go se tualo; nnyaa, molao re a o tlhomamisa.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16