bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 1
Zechariah 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 2 →
1
E rile ka kgwedi ya bofera mebedi, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ido moperofeti, la re:
2
“Jehofa o ntse a itumologetse borraeno thata.
3
Ke gone jaana o ba reye o re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Boelang mo go nna, go bua Jehofa wa masomosomo, mme ke tlaa boela mo go lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo.
4
Lo se ka lwa nna jaaka borraeno, ba baperofeti ba pele ba ne ba kua mo go bone, ba re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Boang jaana mo ditseleng tsa lona tse di bosula, le mo ditirong tsa lona tse di bosula;’ mme ga ba a ka ba utlwa, le fa e le go ntheetsa, go bua Jehofa.
5
Borraeno ba kae? Le baperofeti a ba tshela ka bosakhutleng?
6
Mafoko a me le ditao tsa me tse ke di laoletseng baperofeti, batlhanka ba me, a ga di a ka tsa latela borraeno tsa ba tshwara? Mme ba boa, ba re: ‘Fela jaaka Jehofa wa masomosomo a ne a gopotse go re direla, ka fa mekgweng ya rona le ka fa ditirong tsa rona, o re diretse fela jalo.’ ”
7
E rile ka letsatsi la 24 la kgwedi ya 11, e e leng kgwedi ya Sebate, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa, la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ito moperofeti la re:
8
Ka leba bosigo, mme bonang, motho a palame pitse e le khunou, mme a bo a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela tse di kwa tlase; morago ga gagwe go ne go le dipitse tse di khunou, le tse dikwebu, le tse di tshweu.
9
Foo ka re: “Morena wa me, ke eng tse?” Mme moengele yo o buang le nna a nthaya, a re: “Ke tlaa go supetsa gore dilo tse ke eng.”
10
Mme monna yo o ne a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela a mphetola, a re: “Ba ke bone ba Jehofa o ba romileng, ba tlaa go ya kwa le kwa ba ralale lefatshe.”
11
Mme ba fetola moengele wa ga Jehofa yo o emeng mo ditlhareng tsa maretela ba re: “Re sepeletse kwa le kwa re raletse lefatshe, mme bonang, lefatshe lotlhe le dutse fela, le mo boiketlong.”
12
Foo moengele wa ga Jehofa a fetola, a re: “Jehofa wa masomosomo, e tlaa nna lobaka lo lokae o ntse o sa utlwele Jerusalema botlhoko le metse ya Juta, e o ntseng o le bogale nayo ka dinyaga tse di 70 tse?”
13
Mme Jehofa a fetola moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, e bong mafoko a a gomotsang.
14
Jalo moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Kua, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Ke lefufa le legolo ka ga Jerusalema le Sione.
15
Ke itumologetse thata merafe e e ntseng ka boiketlo fela; gonne ke ne ke itumologile go le gonnye, mme ya tlhotlheletsa patiko.’
16
“Ke gone ka moo, go bua Jehofa, a re: ‘Ke boetse mo Jerusalema ka mautlwelobotlhoko; ntlo ya me e tlaa agiwa mo go one.’ Go bua Jehofa wa masomosomo; mme mogala o tlaa namalalediwa Jerusalema.
17
“Kua gape, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Metse ya me e tlaa nama e anama ka ntlha ya go tlhogonolofala; Jehofa o tlaa nama a gomotsa Sione, o tlaa nama a itshenkela Jerusalema.’ ”
18
Mme ka tsholetsa matlho a me, ka leba, mme bonang, ga bo go le dinaka di le nne.
19
Ka raya moengele yo o buang le nna, ka re: “Ke eng tse?” Mme a mphetola, a re: “Tse ke dinaka tse di phatlaladitseng Juta, le Iseraele le, Jerusalema.”
20
Jehofa a ntshupetsa bathudi ba le bane.
21
Foo ka re: “Bao ba tla go dirang?” Mme a bua a re: “Tseo ke dinaka tse di phatlaladitseng Juta, ga tsamaya ga se ka ga sala motho ope yo o tsholetsang tlhogo; mme bao ba tsile go di kgobola go latlhela fa fatshe dinaka tsa merafe e e kileng ya tsholeletsa lefatshe la Juta lonaka go le phatlalatsa.”
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14