bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 12
Zechariah 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 13 →
1
Molaetso wa lefoko la Jehofa ka ga Iseraele. Go bua jaana Jehofa, yo o phuthololang magodimo, yo o thayang motheo wa lefatshe, le yo o bopang mowa wa motho mo teng ga gagwe, a re:
2
“Bonang, ke tlaa dira Jerusalema gore o nne senwelo sa theeketso mo ditšhabeng tsotlhe tikologong, le mo go ene Juta se tlaa nna mo tlhaselong ya Jerusalema.
3
Go tlaa dirala ka letsatsi leo, go re, ke tlaa dira Jerusalema lentswe le le imelang mo ditšhabeng tsotlhe; botlhe ba ba itapisang ka lone ba tlaa ntshiwa dintho tse di botlhoko; merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa o phuthegela go o tlhasela.
4
Mo motlheng oo, go bua Jehofa, ke tlaa itaya pitse nngwe le nngwe ka kgakgamalo, le mopalami wa yone ka botsenwa; ke tlaa budulogela ntlo ya Juta matlho, ke tlaa itaya dipitse tsotlhe tsa ditšhaba ka bofofu.
5
Bagolwane ba Juta ba tlaa bua mo pelong, ba re: ‘Banni ba Jerusalema ke thata ya me mo go Jehofa wa masomosomo, Modimo wa bone.’
6
“Mo motlheng oo ke tlaa dira bagolwane ba Juta ba nna jaaka leiso la molelo mo gare ga dikgong, le jaaka setime sa molelo mo gare ga dingata tsa mabele; mme ba tlaa laila ditšhaba tsotlhe mo tikologong, ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, le ka fa ntlheng ya la molema; mme Jerusalema o tlaa ba a aga gape mo felong ga gagwe, e leng mo Jerusalema.
7
“Jehofa le ene o tlaa boloka megope ya Juta pele, gore kgalalelo ya ba ntlo ya ga Dafite le kgalalelo ya banni ba Jerusalema e se ka ya golediwa godimo ga Juta.
8
Mo motlheng oo Jehofa o tlaa femela banni ba Jerusalema; mme yo o dibobo mo go bone mo motlheng oo, o tlaa nna jaaka Dafite; le ntlo ya ga Dafite e tlaa nna jaaka Modimo, jaaka moengele wa ga Jehofa fa pele ga bone.
9
Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, ke tlaa batla go senya merafe yotlhe e e tlaa tlang go tlhasela Jerusalema.
10
“Mo go ba ntlo ya ga Dafite, le mo banning ba Jerusalema, ke tlaa gorometsa mowa wa tshegofatso le wa thapelo; ba tlaa leba nna yo ba ntlhabileng, mme ba tlaa mo lelela jaaka motho a tle a lelele morwawe yo o esi, ba tlaa nna pelo e e galakegang ka ga gagwe, jaaka motho a tle a galakegele ngwana wa gagwe wa motsalwapele pelo.
11
Mo motlheng oo go tlaa nna selelo se segolo mo Jerusalema, jaaka selelo sa Hatatarimone mo molapong wa Megitone.
12
Lefatshe le tlaa lela, losika longwe le longwe lo le losi; losika lwa ba ntlo ya ga Dafite lo le losi, le basadi ba bone ba le bosi; losika lwa ba ntlo ya ga Nathane lo le losi, le basadi ba bone ba le bosi;
13
losika lwa ba ntlo ya ga Lefi lo le losi, le basadi ba bone ba le bosi; losika lwa Basimea ba le bosi, le basadi ba bone ba le bosi;
14
ditshika tsotlhe tse di setseng, losika longwe le longwe lo le losi, le basadi ba bone ba le bosi.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14