bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 5
Zechariah 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 6 →
1
Foo ka tsholetsa matlho a me gape, ka leba, mme bonang, lokwalo lo lo mennweng lo fofa.
2
Mme a nthaya a re: “O bonang?” Ka mo fetola ka re: “Ke bona lokwalo lo lo menaganyeng lo fofa; boleele jwa lone ke dimetara di le 9, le boatlhamo jwa lone ke dimetara di le 4,5.”
3
Foo a nthaya a re: “E ke yone phutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tlaa kgaolelwa ruri mo go lone ka fa ntlheng e nngwe, ka fa taolong ya lone; mongwe le mongwe yo o ikanang o tlaa kgaolelwa ruri mo go lone, ka fa ntlheng e nngwe ka fa taolong ya lone.
4
Ke tlaa dira gore lo tswelele,” go bua Jehofa wa masomosomo, “mme lo tlaa tsena mo ntlong ya legodu, le mo ntlong ya yo o ikanang ka tsietso, ka leina la me; lo tlaa nna mo gare ga ntlo ya gagwe, lo tlaa e nyeletsa ka dikgong tsa yone le ka maje a yone.”
5
Foo moengele yo o buang le nna a tswela kwa ntle, mme a nthaya a re: “A ke o tsholetse matlho, o bone seelo se, se se tswelelang, gore ke eng.”
6
Ka re: “Ke eng?” Mme a re: “Se ke sone seelo se se tswelelang.” Gape a re: “E ke yone tshwano ya bone mo lefatsheng lotlhe.”
7
Mme bonang ga tsholediwa moritshana wa lotwe: Mme yo ke mosadi yo o dutseng mo gare ga seelo.
8
A re: “Yo ke Boikepo;” mme a mo latlhela mo gare ga seelo; a latlhela moritshana wa lotwe mo molomong wa sone.
9
Foo ka tsholetsa matlho, ka leba, mme bonang, ga tswa basadi ba le babedi, mme phefo ya bo e le mo diphukeng tsa bone; jaana ba bo ba na le diphuka tse di etsang tsa mogolori; mme ba tsholetsa seelo fa gare ga lefatshe le legodimo.
10
Foo ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Ana batho ba, ba isa kae seelo?”
11
Mme a nthaya a re: “Ba ya go agela mosadi ntlo mo lefatsheng la Šinare; mme e tlaa re e sena go baakanngwa, o tlaa bewa gone mo felong ga gagwe.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14