bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 9
Zechariah 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 10 →
1
Molaetso wa lefoko la ga Jehofa ka ga lefatshe la ga Haterake. Damaseko e tlaa nna felo ga boikhutso ga one; gonne leitlho la botho, le la ditso tsotlhe tsa Iseraele le lebile Jehofa;
2
le Hamathe o o bapileng le one; Ture le Sitone ka a le botlhale thata.
3
Ture o ne a ikagela kago e e thata ya tlhabanelo, a kokoanya selefera sa nna jaaka lorole, le gouta e e itshekileng ya nna jaaka seretse sa mebila.
4
Bonang, Jehofa o tlaa mo ruolola, o tlaa itaya thata ya gagwe mo lewatleng; mme o tlaa lailwa ke molelo.
5
Ašekelone o tlaa go bona, a boifa; le ene Gasa, o tlaa nna botlhoko thata; le Ekerone, gonne tebelelo ya gagwe e tlaa tlhajwa ke ditlhong; kgosi e tlaa swa mo Gasa, Ašekelone ga a ketla a nnwa.
6
Motho yo o tlhakanyeng losika o tlaa aga mo Ašetote, mme ke tlaa kgaola pelafalo ya Bafilisitia.
7
Ke tlaa tlosa madi a gagwe mo ganong la gagwe, le dilo tse di makgapha tsa gagwe mo gare ga meno a gagwe; le ene o tlaa nna lesalela la Modimo wa rona; o tlaa nna jaaka kgosana mo Juta, le Ekerone jaaka Mojebuse.
8
Mme ke tlaa nnela ntlo ya me seduledi mo tikologong, go tlhabana le ntwa, gore go se nne ope yo o fetang le fa e le yo o bowang; ga ba ketla ba ralalwa ke mopatiki ope gope; gonne jaanong ke bonye ka matlho a me.
9
Itumele thata, wena morwadia Sione; thela lošalaba wena morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e etla kwa go wena; o tshiamo, o na le poloka, o boikokobetso, o palame esela, e bong eselana ngwana wa esela.
10
Ke tlaa kgaola kara ya tlhabano mo Eferaime, le pitse mo Jerusalema, le bora jwa tlhabano bo tlaa kgaolwa; o tlaa bua kagiso le merafe, mme puso ya gagwe, e tlaa tswa lewatleng lengwe e ya lewatleng le lengwe, e tlaa tswa Nokeng e ye go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.
11
Ka ga gago le wena, ka ntlha ya madi a kgolagano, ke ntshitse bagolegwi ba gago mo mokoleng o go se nang metsi mo go one.
12
Retologelang kwa kagong e e thata ya tlhabanelo lona bagolegwi ba tsholofelo; le gompieno ke a itlhomamisa go re ke tlaa go duela sebedi.
13
Gonne ke itaeleditse Juta, ke tladitse bora ka Eferaime; mme ke tlaa tlhotlheletsa bomorwao, wena, Sione, ke tlaa ba tlhotlheletsa bomorwao, wena Gerika, ke tlaa go dira jaaka tšhaka ya seganka.
14
Jehofa o tlaa bonwa godimo ga bone, le motswi wa gagwe o tlaa hulega jaaka logadima; Jehofa Modimo o tlaa letsa lonaka, o tlaa tsamaya ka ditsuatsue tsa borwa.
15
Jehofa wa masomosomo o tlaa ba femela; mme ba tlaa jela ruri, ba tlaa gataka maje a motsekedi, mme ba tlaa nwa, ba tlaa tsosa modumo jaaka e ka bo e le ka bojalwa; ba tlaa tlala jaaka megopo, jaaka dikgokgotsho tsa sebeso.
16
Jehofa Modimo wa bone o tlaa ba boloka mo motlheng oo jaaka letsomane la batho ba gagwe; gonne ba tlaa nna jaaka majana a serwalo sa bogosi se se tsholeditsweng godimo ga tlhogo ya gagwe.
17
Gonne molemo wa gagwe o mogolo jang! Bontle jwa gagwe bo bogolo jang! Mabele a tlaa itumedisa makau, le bojalwa jo boša barweetsana.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14