bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 8
Zechariah 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 9 →
1
Lefoko la ga Jehofa wa masomosomo la tla kwa go nna, la re:
2
“Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Ke lefufa ka ga Sione ka lefufa le legolo, ke lefufa ka ga one ka tšararego e kgolo.
3
Jehofa o bua jaana a re: Ke boetse mo Sione, ke tlaa aga mo gare ga Jerusalema; mme Jerusalema o tlaa bidiwa Motse wa boammaaruri; le thaba ya ga Jehofa wa masomosomo, Thaba e e boitshepo.”
4
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Go tlaa nama go nna banna bagolo le basadi bagolo mo mebileng ya Jerusalema, mongwe le mongwe a tshotse seikokotlelo ka ntlha ya botsofe jo bogolo fela.
5
Mebila ya motse e tlaa tlala tshimane le tshetsana, ba tshameka mo mebileng ya one.”
6
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Fa e tlaa bo ne ne e le kgakgamatso mo matlhong a masalela a batho mo metlheng eo, a go ka nna kgakgamatso le mo matlhong a me? Go bua Jehofa wa masomosomo.
7
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Bonang, ke tlaa golola batho ba me kwa lefatsheng la botlhabatsatsi le kwa lefatsheng la bophirimatsatsi;
8
ke tlaa ba lere, mme ba tlaa aga mo gare ga Jerusalema; ba tlaa nna batho ba me, le nna ke tlaa nna Modimo wa bone mo boammaaruring le mo tshiamong.”
9
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “A diatla tsa lona di nne thata, lona ba e a reng mo metlheng eno lo utlwa mafoko a mo melomong ya baperofeti, ba e rileng mo motlheng wa fa motheo wa ntlo ya ga Jehofa wa masomosomo o thaiwa, e bong tempele, gore e agiwe, ba bo ba le teng.
10
Gonne e rile pele ga metlha eo go ne go se na go thapiwa ga motho ka tuelo, le fa e le go thapiwa ga kgomo; le gone go ne go se na kagiso kwa go ene yo o bololang, le fa e le go yo o gorogang ka ntlha ya moganetsi; gonne ka lotlhanya batho botlhe, mongwe le mongwe le wa ga gabo.
11
Mme jaanong ga nketla ke nna mo masaleleng a batho ba jaaka mo metlheng ya pele,” go bua Jehofa wa masomosomo.
12
“Gonne go tlaa nna peo ya kagiso; mofine o tlaa ungwa; lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone, le magodimo a tlaa usa monyo; mme masalela a tšhaba e ke tlaa a ruisa dilo tsotlhe tse.
13
Mme go tlaa dirala, go re, jaaka lo ne lo le phutso mo gare ga merafe, lona ba ntlo ya Juta, le ba ntlo ya Iseraele, ke tlaa lo boloka jalo, mme lo tlaa nna tshegofatso; se boifeng, mme a diatla tsa lona di nne thata.”
14
Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Jaaka ke ne ke gopotse go lo direla bosula, jale ka borraeno ba ntlhotlheletsa bogaleng,” go bua Jehofa wa masomosomo, “mme ke se ka ka ikwatlhaya;
15
jalo fela ke bile ke gopotse mo metlheng eno go direla Jerusalema le ba ntlo ya Juta molemo; lo se ka lwa boifa.
16
Dilo tse a e nne tsone tse lo di dirang. A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo; atlholang katlholo ya boammaaruri le kagiso mo dikgotleng tsa lona;
17
go se nne ope wa lona yo o gopolang bosula mo pelong ya gagwe ka ga wa ga gabo; lo se ka lwa rata ikano epe ya tsietso; gonne dilo tsotlhe tse ke dilo tse ke di ilang.” Go bua Jehofa.
18
Lefoko la ga Jehofa wa masomosomo la tla mo go nna, la re:
19
“Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Go ikitsa go ja ka kgwedi ya bone, le go ikitsa go ja ka ya botlhano, le go ikitsa go ja ka ya bosupa, le go ikitsa go ja ka ya lesome, e tlaa nna boitumelo le ipelo mo go ba ntlo ya Juta, le mediro ya tuduetso; ke gone lo rateng boammaaruri le kagiso.”
20
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Go tlaa nama go dirala go re go tlaa tla ditšhaba, le banni ba metse e le mentsi.
21
Banni ba motse mongwe ba tlaa ya kwa go ba o mongwe, ba re: ‘A re itlhaganeleng re yeng go lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa, le go batla Jehofa wa masomosomo; le nna ke tlaa ya.’
22
Ee, ditšhaba di le dintsi le merafe e e thata e tlaa tla go batla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema, le go batla tlhogonolofatso ya ga Jehofa.”
23
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Mo metlheng eo go tlaa dirala go re batho ba le some ba dipuo tsotlhe tsa merafe ba tlaa tshwara, ee, ba tlaa tshwara lokoje lwa yo o leng Mojuta, ba re: ‘Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.’ ”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14