bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 7
Zechariah 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 8 →
1
Ga dirala e rile ka ngwaga wa bone wa kgosi Dario, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Sekaria ka letsatsi la bone la kgwedi ya bofera o le mongwe, e bong ka Kiselefe.
2
Jaana bone ba Bethele ba ne ba romile Sharesere le Regememeleke, le banna ba bone, ba ya go lopa tlhogonolofatso mo go Jehofa.
3
Le go bua le baperesiti ba ntlo ya ga Jehofa wa masomosomo, le baperofeti, ba re: “A ke ke lele ka kgwedi ya botlhano, ka itomolola jaaka ke ntse ke dira ka dinyaga tse dintsi tse?”
4
Foo ga tla lefoko la ga Jehofa wa masomosomo mo go nna, la re:
5
“Bua le batho botlhe ba lefatshe le baperesiti, o re: E rile lo ikitsa go ja lo hutsafala ka kgwedi ya botlhano le ka kgwedi ya bosupa, e bong ka dinyaga tse di 70 tse, a lo kile lwa ikitsa go ja ka ntlha ya me, nna, e bong nna?
6
Mogang lo jang le mogang lo nwang, a ga lo ijele fela, a ga lo inwele fela?
7
A ga loa tshwanela go utlwa mafoko a Jehofa o a kuileng ka baperofeti ba pele, jale Jerusalema o sa ntswe ke batho o le mo tlhogonolofalong, le metse ya one mo tikologong, le Borwa le lefatshe la Sekhuti go sa ntse go ntswe gotlhe fela.”
8
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go Sekaria la re:
9
“Jehofa wa masomosomo o buile jaana, a re: ‘Atlholang ka katlholo ya mmaanete, lo nne boutlwelobotlhoko le pelotlhomogi, mongwe le mongwe mo go ngwana a rraagwe.
10
Lo se ka lwa patika mosadi wa motlholagadi, le fa e le masiela, le fa e le moeng, le fa e le mohumanegi; a go se nne ope wa lona yo o gopolelang ngwana a rraagwe bosula mo pelong.’
11
“Mme ba ganne go reetsa, ba kgotha lerudi, ba kaba ditsebe, gore ba se utlwe.
12
Ee, ba dirile pelo tsa bone tsa nna jaaka lentswe tshipi, ba re ba ka tla ba utlwa molao, le mafoko a ga Jehofa wa masomosomo o ne a isitse ka mowa wa gagwe ka seatla sa baperofeti ba pele; ke gone ka fa go tsileng bogale jo bogolo ka gone bo tswa kwa go Jehofa wa masomosomo.
13
“Ga dirala ya re fela jaaka a ne a kua, mme ba gana go utlwa; le bone ba tlaa kua jalo, mme ke tlaa gana go utlwa,” go bua Jehofa wa masomosomo.
14
“Ke tlaa ba hulaoletsa ka setsuatsue mo gare ga merafe e ba iseng ba e itse. Jalo lefatshe la nna tshwafalo morago ga bone, ga ba ga se ka ga ralala motho ope, le fa e le go boa; gonne ba ne ba swafatsa lefatshe le le eletsegang.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14