bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 13
Zechariah 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 14 →
1
“Mo motlheng oo motswedi o tlaa phunyediwa ba ntlo ya ga Dafite le banni ba Jerusalema, o o tlosang boleo le o o tlosang boitshekologo.
2
“Go tlaa dirala mo motlheng oo,” go bua Jehofa wa masomosomo, “go re, ke tlaa kgaola maina a medimo ya disetwa a tswa mo lefatsheng, ga a ketla a tlhola a gakologelwa; gape, ke tlaa dira gore baperofeti le ba mowa o o maswe ba tswe mo lefatsheng.
3
Go tlaa dirala go re e tlaa re fa mongwe a sa ntse a tlaa perofesa, foo rraagwe le mmaagwe ba ba mo tsetseng ba tlaa mo raya, ba re: ‘Ga o ketla o tshela; gonne o bua maaka ka leina la ga Jehofa;’ mme rraagwe le mmaagwe ba ba mo tsetseng, ba tlaa mo phololetsa mogang o perofesang.
4
“Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, baperofeti, mongwe le mongwe wa bone, o tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ga ponatshegelo ya gagwe, mogang o perofesang, le gone ga ba ketla ba apara kobo e e bobowa go tsietsa.
5
Mme o tlaa re: ‘Ga ke moperofeti wa sepe, ke molemi fela wa mmu, gonne e sa le ke le lekau, ka dirwa motlhanka.’
6
Mongwe o tlaa mo raya a re: ‘Dintho tse ke dife tse di mo mabogong a gago?’ Foo o tlaa fetola a re: ‘Ke tse ke di ntshitsweng mo ntlong ya ditsala tsa me.’
7
“Kubuga wena tšhaka, o kubugele modisa wa me, le motho yo e leng monkana wa me,” go bua Jehofa wa masomosomo; “Itaya modisa, mme dinku di tlaa faladiwa; seatla sa me ke tlaa se retololela mo go tse dipotlana.
8
Go tlaa dirala go re, mo lefatsheng lotlhe, go bua Jehofa, dintlha di le pedi di tlaa kgaolwa di swa; mme ya boraro e tlaa tlogelwa mo go lone.
9
Kgaogano ya boraro ke tlaa e ralatsa molelo, ke tlaa ba itshekisa jaaka selefera se tle se itshekisiwe, ke tlaa ba leka jaaka gouta e tle e lekwe, ba tlaa bitsa leina la me, mme ke tlaa ba utlwa; ke tlaa re: ‘Ke batho ba me;’ le bone ba tlaa re: ‘Jehofa ke Modimo wa me.’ ”
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14