bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 11
Zechariah 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 12 →
1
Bula dikgoro tsa gago, wena Lebanone, gore molelo o tle o laile masetara a gago.
2
Bokolela, wena setlhare sa mofira, gonne mosetara o ole, gonne tse dintle di sentswe; bokolelang lona maoka a Bašane, gonne sekgwa se se thata se fologile.
3
A kodu ya pokolelo ya badisa! Gonne kgalalelo ya bone e sentswe; a kodu ya go duma ga ditau! Gonne boikgodiso jwa Joretane bo sentswe.
4
Jehofa Modimo wa me o bua jaana, a re: “Fudisang letsomane la tlhabo;
5
le barui ba lone ba le tlhabang, mme ba ikaya ba se molato; le ba ba di rekisang, ba re: ‘A go bakweng Jehofa, gonne ke humile’; badisa ba tsone tota ga ba di tlhomogele pelo.
6
“Gonne ga nketla ke tlhola ke tlhomogela banni ba lefatshe pelo,” go bua Jehofa; “mme bonang, ke tlaa tsenya mongwe le mongwe mo seatleng sa wa ga gabo, le mo seatleng sa kgosi ya gagwe; mme ba tlaa itaya lefatshe, mme ga nketla ke ba golola mo seatleng sa bone.”
7
Jalo ka fudisa letsomane la tlhabo, ee, ruri tse di malolo tsa letsomane. Ka itseela dithobane di le pedi; nngwe ka e raya leina ka re: “Bontle,” e nngwe ka e raya leina ka re: “Diphapo”; mme ka fudisa letsomane.
8
Ka kgaola badisa boo bararo ka kgwedi e le nngwe fela; gonne mowa wa me o ne o lapile ka bone, le mowa wa bone o ne wa nkila.
9
Foo ka re: “Ga nketla ke lo fudisa; se se swang, a se swe; se se laoletsweng go kgaolwa a se kgaolwe; mme mo go tse di setseng a nngwe le nngwe e je nama ya e nngwe fela.”
10
Mme ka tsaya thobane ya me, e bong Bontle, ka e pomaganya ka bogare, gore ke tle ke senye kgolagano ya me e ke e dirileng le ditšhaba tsotlhe.
11
Mme ya rojwa ka tsatsi leo; jalo tse di malolo tsa letsomane tse di ntlhokometseng tsa itse fa e ne e le lefoko la ga Jehofa.
12
Ka ba raya ka re: “Fa go le molemo mo go lona, lo nneye tuelo ya me; mme fa go sa nna jalo, lo ka lesa. Mme ba lekanya dipapetlana tsa selefera di le 30, e le tuelo ya me.”
13
Mme Jehofa a nthaya, a re: “E latlhele mmopi wa dipitsa, e bong tlhwatlhwa e e molemo e ke e sekaseketsweng tlhwatlhwa ke bone.” Ka tsaya dipapetlana tsa selefera tse di 30, ka di latlhela mmopi wa dipitsa, mo ntlong ya ga Jehofa.
14
Foo ka pomaganya thobane ya me e nngwe ka bogare, e bong Diphapo, gore ke tle ke senye bokaulengwe gare ga Juta le Iseraele.
15
Mme Jehofa a nthaya, a re: “Itseele gape dilo tsa modisa yo o seeleele.
16
Gonne bona, ke tlaa tsosa modisa mo lefatsheng yo o se ketlang a lekola tsone tse di kgaotsweng, le fa e le go batla tsone tse di faletseng, le fa e le go alafa tse di robegileng; le gone ga a ketla a fudisa tsone tse di itekanetseng, mme o tlaa ja nama ya tse di nonneng, a gagoganye ditlhako tsa tsone.
17
A bo go latlhega modisa yo o se nang molemo, yo o tlogelang letsomane! Tšhaka e tlaa nna mo letsogong la gagwe le mo leitlhong la gagwe le legolo; letsogo la gagwe le tlaa omelelela ruri, leitlho la gagwe le legolo le tlaa fifalela ruri.”
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14