bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Zechariah 4
Zechariah 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 5 →
1
Moengele yo o buang le nna a tla gape, a ntsosa jaaka monna yo o tsosiwang a robetse.
2
Mme a nthaya a re: “O bonang?” Mme ka re: “Ke lebile, mme bonang, setlhomo sa lobone e le sa gouta sotlhe fela, se na le nkgwana ya sone mo godimo ga sone; le dilampa tsa sone di supa di le mo go sone; lampa nngwe le nngwe e na le ditlhaka tse di logapa di supa, tse di kwa godimo ga sone;
3
le ditlhare di le pedi tsa matlhware fa go sone, sengwe ka fa tsogong le legolo ga nkgwana, se sengwe ka fa ntlheng ya la molema ga yone.”
4
Mme ka fetola moengele yo o buang le nna, ka re: “Dilo tse ke eng, morena wa me?”
5
Foo moengele yo o buang le nna a mphetola, a re: “A ga o itse go re dilo tse ke eng?” Mme ka re: “Nnyaa morena wa me.”
6
Foo a mphetola a re: “Le ke lone lefoko la ga Jehofa kwa go Serubabele, a re: ‘Ga se ka thata, le fa e le ka nonofo, fa e se ka mowa wa me,’ go bua Jehofa wa masomosomo.
7
O mang, wena thaba e kgolo? O tlaa fetoga o nna lobala fa pele ga Serubabele; mme o tlaa ntsha lentswe la tlhogo ka go thela lošalaba lwa go re: ‘Matlhogonolo, matlhogonolo a nne mo go wena.’ ”
8
Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
9
“Diatla tsa ga Serubabele di theile motheo wa ntlo e; diatla tsa gagwe di tlaa ba di e wetsa; mme o tlaa itse fa Jehofa wa masomosomo a nthomile kwa go bone.
10
Gonne e mang yo o nyaditseng motlha wa dilo tse dipotlana? Gonne ba tlaa itumela, ba tlaa bona selekanyo se se thokgamisang mo seatleng sa ga Serubabele, e bong tse di supa tse, tse e leng matlho a ga Jehofa; a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe.”
11
Foo ka mo fetola ka re: “Ditlhare tse pedi tse tsa matlhware ke eng, tse di ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga setlhomo sa lobone, le ka fa ntlheng ya la molema ga sone?”
12
Ka mo fetola lwa bobedi, ka re: “Ke eng dikala tse, tse pedi tsa motlhware tse di bapileng le ditlhaka tse di logapa tsa gouta, tse di ntshang lookwane lo lo gouta mo teng ga tsone ka tsosi?”
13
Mme a mphetola a re: “A ga o itse gore dilo tse ke eng?” Mme ka re: “Nnyaa morena wa me.”
14
Foo a re: “Tse ke bomorwa lookwane ba babedi, ba ba emeng fa go Morena wa lefatshe lotlhe.”
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14