bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 1
2 Chronicles 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 2 →
1
Salomo morwa Dafita a itiisa bogosing jwa gagwe, mme Morena, Modimo wa gagwe, a nna nae, a mo dira yo mogolo mo go feteletseng.
2
Letsatsi le lengwe Salomo a bua le Baiseraele botlhe le balaodi ba dikete le ba makgolo le baatlhodi le baetapele botlhe ba Iseraele, e bong ditlhogo tsa dikgoro,
3
a ba a ya kwa thoteng ya tlhabelo ya Gibeone, a na le phuthego yotlhe; gonne teng go ne go le Tempelana ya Boipontsho ya Modimo, e Moše motlhanka wa Morena o neng a e dirile kwa sekakeng.
4
Le gale Letlole la Modimo lone Dafita o ne a le tsere kwa Khiriathe-Jearime, a le isa felong fa a go le baakanyeditseng kwa Jerusalema; ka gonne o ne a le tlhometse tente teng.
5
Mme aletare ya kgotlho e e neng e dirilwe ke Besalele morwa Uri morwa Hure yona e ne e le teng fa pele ga Tempelana ya Morena, mme Salomo le phuthego ba mo obamela teng.
6
Salomo a dira ditlhabelo teng mo aletareng ya kgotlho fa pele ga Morena e e leng ya Tempelana ya Boipontsho, a dira ditlhabelo tsa phiso di le 1 000 mo go yona.
7
Bosigo joo Modimo wa ipontsha mo go Salomo, wa mo raya wa re: “Kopa se o ratang ke se go naya.”
8
Salomo a raya Modimo a re: “O diretse Dafita rre ka bopelotlhomogi jo bogolo; o bile o ntirile kgosi mo boemong jwa gagwe.
9
Jaanong Morena Modimo, dirafatsa se o se solofeditseng Dafita rre; gonne o ntirile kgosi ya morafe o mogolo o o kana ka lerole la lefatshe.
10
Ka moo he, mphe botlhale le tlhaloganyo gore ke itse go dira ka tshwanelo fa pele ga morafe o; go seng jalo go ka kgona mang go busa morafe o mogolo o wa gago?”
11
Mme Modimo wa raya Salomo wa re: “E re ka selo se, se le mo pelong ya gago, mme o sa kope khumo le matlotlo le tlotlo le e seng loso lwa ba ba go tlhoileng, le gona o sa kope botshelo jo boleele, mme o ikopela botlhale le tlhaloganyo gore o tle o itse go busa morafe wa me o ke go dirileng kgosi ya ona,
12
ka moo o newa botlhale le tlhaloganyo. Le gona ke tla go naya khumo le matlotlo le tlotlo tse di neng di sa tsholwa ke dikgosi tse di neng di le pele ga gago; le gona ga di kitla di bonwa ke ope sehularong sa gago.”
13
Mme Salomo a tloga kwa thoteng ya tlhabelo e e kwa Gibeone, kwa Tempelaneng ya Boitshepo, a boela kwa Jerusalema, a busa Iseraele teng.
14
Salomo a ikgobokanyetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse; o ne a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 400 le bapalami ba dipitse ba le 12 000; a ba baya kwa metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing.
15
Kgosi ya dira gore go nne selefera le gouta mo Jerusalema tse di kana ka mafika; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane ka bontsi le megokare e e kwa nageng e e kwa tlase.
16
Dipitse tsa ga Salomo di ne di tswa kwa Egepeto le kwa Kgoa; barekedi ba kgosi ba di reka kwa Kgoa ka madi.
17
Ba reka koloi kwa Egepeto ka diselefera di le 600, le pitse ka di le 150; ba di mo rekela jalo go ya go di rekisa le mo dikgosing tsotlhe tsa Bahethe le mo dikgosing tsa Siria.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36