bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 18
2 Chronicles 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 19 →
1
E rile Josafate a sena go bona khumo e ntsi le tlotlo e kgolo, a batlela morwawe morwadia Ahabe.
2
E rile dinyaga di sena go feta, a etela Ahabe kwa Samaria, mme Ahabe a mo tlhabela le batho ba ba nang nae bontsi jwa dinku le dikgomo, a ba a mo oka gore a bololele Ramothe wa Gileate nae.
3
Ahabe kgosi ya Iseraele a botsa Josafate kgosi ya Juta a re: “A o tla ya le nna kwa Ramothe wa Gileate?” A mo araba a re: “Re tla ya mmogo kwa tlhabanong, nna le wena, morafe wa me le wa gago.”
4
Josafate a ba a raya kgosi ya Iseraele a re: “A ko o botse lefoko la Morena pele.”
5
Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ye go lwela Ramothe wa Gileate kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Modimo o tla mo neela mo seatleng sa kgosi.”
6
Mme Josafate a re: “A ga go na moporofeti yo mongwe wa Morena mono yo re ka mmotsang?”
7
Kgosi ya Iseraele ya araba Josafate ya re: “Go sa ntse go le monna a le mongwe yo re ka botsang Morena ka ene, mme ke mo tlhoile; gonne ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me, fa e se tse di bosula fela ka gale. Ke Miga morwa Imela.” Mme Josafate a re: “A kgosi e se re jalo!”
8
Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa modiredi mongwe wa lapa la yona e re: “Akofa o bitse Miga morwa Imela.”
9
Mme kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bo di dutse nngwe le nngwe mo sedulong sa yona sa bogosi, di apere diaparo tsa bogosi, di dutse mo seboaneng fa mojakong wa kgoro ya Samaria, mme baporofeti botlhe ba ntse ba bolelela pele fa pele ga tsona.
10
E bile Setekia morwa Kenana o ne a itiretse dinaka tsa tshipi, a tla natso a re: “Morena o bua jaana a re: ‘O tla tlhaba Basiria ka dinaka tse go fitlhelela ba felelele.’ ”
11
Le baporofeti botlhe ba bolelela pele jalo ba re: “Bololela motse wa Ramothe kwa Gileate. O tla nna tlhogonolo, mme Morena o tla o neela mo seatleng sa kgosi.”
12
Mme morongwi yo o neng a ile go bitsa Miga a mo raya a re: “Bona, mafoko a baporofeti a a utlwana, a molemo mo kgosing. Ka thapelo, a lefoko la gago le tshwane le la bone, o bue tse di molemo.”
13
Mme Miga a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ke tla bua tse Modimo wa me o di ntaelang.”
14
Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mmotsa ya re: “Miga, a ke ye kwa Ramothe kwa Gileate go tlhabana kampo ke lese?” A e araba a re: “Bololang, lo tla nna tlhogonolo, mme ba tla neelwa mo diatleng tsa lona.”
15
Mme kgosi ya mo raya ya re: “Ke go ikanise ga kae gore o se ka wa mpolelela sepe fa e se boammaaruri fela ka leina la Morena?”
16
A fetola a re: “Ke bonye Baiseraele botlhe ba phatlaletse kwa dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa. Mme Morena a re: ‘Ga ba na morena. A mongwe le mongwe a boele kwa gae ka kagiso!’ ”
17
Ke fa kgosi ya Iseraele e raya Josafate e re: “A ga ke a go bolelela gore Miga ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me fa e se tse di bosula fela.”
18
Miga a ba a re: “Ka moo utlwang lefoko la Morena. Ke bonye Morena a dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi le mephato yotlhe ya legodimo e eme mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema.
19
Morena a re: ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe kgosi ya Iseraele gore a bolole, a tle a swele kwa Ramothe kwa Gileate?’ Mongwe a bua jaana, yo mongwe a bua ka go sele.
20
Ga tlhagelela mowa wa ema fa pele ga Morena wa re: ‘Ke nna ke tla mo tsietsang.’ Mme Morena a o botsa a re: ‘Ka eng?’
21
Wa re: ‘Ke tla bolola go ya go nna mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba gagwe.’ Morena a re: ‘O tla mo tsietsa, le gona o tla mo kgona. Tsamaya o dire jalo.’
22
“Jaanong he, bona, Morena o tsentse mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe bao ba gago, mme tota Morena o buile tsa tatlhego ka ga gago.”
23
Ke fa Setekia morwa Kenana a atamela a faphola Miga mo lesameng a re: “Mowa wa Morena o ntlogetse jang, wa bua nao?”
24
Miga a araba a re: “O tla bona ka letsatsi leo o tla tsenang ntlo le ntlwana ka lone go batla maiphitlho.”
25
Mme kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwarang Miga, lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joase morwa kgosi,
26
lo re: ‘Kgosi e buile jaana ya re: Tsenyang yo mo ntlong ya kgolegelo, a jele bogobe tlase le metsi a se ka a mo lekana go fitlhelela ke boe ka kagiso.’ ”
27
Mme Miga a re: “Fa o ka boa tota ka kagiso, Morena o tla bo a sa bua ka nna.” A ba a re: “Utlwang, lona merafe yotlhe!”
28
Jaanong kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bololela Ramothe kwa Gileate.
29
Mme kgosi ya Iseraele ya raya Josafate ya re: “Ke tla ba itimetsa, ke tsena jalo mo tlhabanong, wena o nne o ntse o apere diaparo tsa gago tsa bogosi.” Kgosi ya Iseraele ya apara diaparo di sele. Ba tsena jalo mo tlhabanong.
30
Mme kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba dikoloi tsa ntwa tsa yona ya re: “Lo se ka lwa tlhabana le ope yo monnye gongwe yo mogolo, fa e se le kgosi ya Iseraele e le yosi fela.”
31
Jaanong e rile balaodi ba dikoloi ba bona Josafate, ba re: “Ahee, ke ene kgosi ya Iseraele!” Mme ba mo dikanyetsa go tlhabana nae. Ke fa Josafate a goa, mme Morena a mo thusa, Modimo wa ba tlakisa go mo tlogela.
32
Ya re balaodi ba dikoloi ba lemoga gore ga se ene kgosi ya Iseraele, ba boa ba mo tlogela.
33
Mme monna mongwe a gagamatsa bora, a hula fela ka phopholetso, a tlhaba kgosi ya Iseraele fa makopanong a diaparo tsa tshipi. Ke fa kgosi e raya mokgweeletsi wa yona e re: “Sokolola koloi, o nntshe mo tlhabanong, gonne ke khutlegile.”
34
Jaanong ya re tlhabano e gakala ka letsatsi leo, kgosi ya Iseraele ya bo e eme ka go itshoka mo koloing e lebaganye le Basiria go ya maitsiboeng, mme ya swa, fa letsatsi le phirima.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36