bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 32
2 Chronicles 32
Tswana Setswana 1970
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
1
Morago ga dilo tseo le boikanyo joo ga tla Saneheribe kgosi ya Asiria, a tsena mo nageng ya Juta, a dikanyetsa metse e e femetsweng ka ntwa, a re o a e ithopela.
2
Jaanong ya re Hesekia a bona Saneheribe a tla a ikaeletse go tlhasela Jerusalema,
3
a utlwana le dikgosana tsa gagwe le bagale ba gagwe go katela metswedi e e neng e le ka fa ntle ga motse, mme ba mo thusa.
4
Ga phuthega batho ba bantsi, ba katela metswedi yotlhe le nokana e e elang e ralala lefatshe ba re: “Dikgosi tsa Asiria di tla bo di fitlhelelang metsi a mantsi?”
5
Hesekia a ba a nna pelokgale a aga lobota lotlhe lo lo neng lo thubilwe, a aga dinaka tsa phemelo mo godimo ga lone le lobota lo longwe ka kwa ntle, a tiisa kago ya phemelo ya Milo mo motseng wa ga Dafita, a dira dibolai ka bontsi le dithebe.
6
A ba a baya balaodi ba ntwa ba ba laolang batlhabani, a ba phuthela kwa go ene kwa patlelong ya kgoro ya motse, a bua nabo, a tiisa dipelo tsa bone a re:
7
“Tiang lo nne pelokgale se boifeng, se tshogeng kgosi ya Asiria le bontsi jotlhe jo bo nang nayo. Gonne yo o nang le rona o mogolo bogolo go yo o nang nayo.
8
Yona e na le letsogo la nama fela, mme yo o nang le rona ke Morena, Modimo wa rona, go re thusa le go re tlhabanela ditlhabano tsa rona.” Mme batlhabani ba ikanya mafoko a ga Hesekia kgosi ya Juta.
9
Morago ga moo Saneheribe, kgosi ya Asiria, a roma batlhanka ba gagwe kwa Jerusalema, ene a ntse a le kwa Lagiše a na le mephato yotlhe ya gagwe. Ba fitlha kwa go Hesekia, kgosi ya Juta, le kwa go Bajuta botlhe ba Jerusalema ba re:
10
“Saneheribe, kgosi ya Asiria, e bua jaana e a re: ‘Lo ikantse eng, fa lo ntse mo Jerusalema yo o dikanyeditsweng ka ntwa?
11
Ruri Hesekia o a lo aketsa, o lo bolaya ka tlala le lenyora, mme o ntse a re: Morena, Modimo wa rona, o tla re namolela mo diatleng tsa kgosi ya Asiria.
12
A ga se ene Hesekia yo o tlositseng dithota tsa tlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya batho ba Juta le ba Jerusalema a re: Obamelang fa pele ga aletare e le nngwe fela, lo tshube maswalo mo go yona?
13
A ga lo itse se nna le borre re se diretseng merafe yotlhe ya mafatshe? A tota medimo ya ditšhaba tsa mafatshe e kgonne go namolela mafatshe a tsona mo diatleng tsa me?
14
Ke ofe modimo mo medimong yotlhe ya ditšhaba tseo tse borre ba di bolaileng ka khutso ya Modimo, o o kgonneng go pholosa morafe wa ona mo diatleng tsa me, mo Modimo wa lona o ka bong o kgona go lo pholosa mo diatleng tsa me?
15
Jaanong he, a Hesekia a se lo tsietse le e seng go lo timetsa ka mokgwa o o ntseng jalo, se mo dumeleng; gonne ga go na modimo ope wa setšhaba sepe le wa bogosi bope o o kileng wa kgona go golola morafe wa ona mo diatleng tsa me le mo diatleng tsa borre. Mme Modimo wa lona ona o tla tlhaela bogolo jang go ka lo pholosa mo diatleng tsa me!’ ”
16
Mme batlhanka ba gagwe ba bua tse dingwe gape tsa go kgala Morena, Modimo, le tsa go nyatsa Hesekia, motlhanka wa gagwe.
17
Le gona Saneheribe o na a kwadile lokwalo lwa go kgoba Morena, Modimo wa Iseraele, le lwa go o roga a re: “Modimo wa ga Hesekia ga o kitla o pholosa morafe wa ona mo diatleng tsa me fela jaaka medimo ya ditšhaba tsa mafatshe e se ka ya pholosa merafe ya yona mo diatleng tsa me.”
18
Ba bile ba tlhatlosa mantswe, ba tlhaeletsa batho ba Jerusalema ka Sejuta ba ba neng ba le mo loboteng, e le go ba boifisa le go ba nyemisa moko gore ba tle ba thope motse.
19
Ba bua tsa go kgala Modimo wa Jerusalema jaaka ba kgala medimo ya merafe ya lefatshe e e leng dibopiwa tsa diatla tsa batho fela.
20
Mme e rile kgosi Hesekia le moporofeti Jesaya, morwa Amotse, ba rapela ka ntlha ya tseo ba goela legodimong.
21
Morena a roma moengele, ene a nyeletsa bagale botlhe le bagogi le balaodi mo bothibelelong jwa kgosi ya Asiria, mo e bileng ya boela kwa lefatsheng la yona ka ditlhong. Jaanong ya re e tsena mo tempeleng ya modimo wa yona, bana ba yona, ba e ba tsetseng, ba e bolaela teng ka tšhaka.
22
Ka mokgwa oo Morena a pholosa Hesekia le baagi ba Jerusalema mo diatleng tsa ga Saneheribe, kgosi ya Asiria, le mo diatleng tsa baba botlhe, a ba naya boikhutso ntlheng tsotlhe.
23
Ba bantsi ba nna ba isetsa Morena dineo kwa Jerusalema le Hesekia kgosi ya Juta, ba e ntshetsa dilo tsa botlhokwa mo e bileng ya godisiwa morago ga tseo mo matlhong a ditšhaba tsotlhe.
24
E rile mo metlheng eo Hesekia a lwala lwa go swa a rapela Morena, mme ene a mo utlwa, a mo naya sesupo se se gakgamatsang.
25
Mme Hesekia a se ka a lebogela se a se diretsweng, a ikgodisa; ka moo a tukelwa bogale le ba Juta le ba Jerusalema.
26
Le gale Hesekia a ikwatlhaela boikgodiso jwa pelo ya gagwe mmogo le baagi ba Jerusalema; ka moo bogale jwa Morena jwa se ka jwa ba wela mo metlheng ya ga Hesekia.
27
Hesekia o ne a na le khumo le tlotlo mo gogolo thata, a ba a itirela matlwana a polokelo ya selefera le gouta le majwana a a tlhokegang le makga le dithebe le dilwana tsa mefutafuta tse di eletsegang
28
le matlo a polokelo a kotulo ya mabele le matute a moweine le lookwane le maraka a diruiwa tsa mefutafuta le meraka ya matlhape.
29
A ba a itirela metse le leruo le legolo la difutshane le dikgomo; gonne Modimo o ne o mo tshegofaditse ka dithoto tse dintsi thata.
30
Ke ene Hesekia yo o neng a thiba kelelo e e kwa godimo ya metsi a noka ya Kihone, a a folosa a a tsamaisa ntlheng ya bophirima ya motse wa ga Dafita. Hesekia o ne a tlhogonolofala mo tirong nngwe le nngwe ya gagwe.
31
Le gona o ne a ntse jalo, fa barongwi ba babusi ba Babele ba tla ba romilwe kwa go ene go botsolotsa ka ga sesupo se se gakgamatsang se se dirafetseng mo lefatsheng; ke fa Modimo o mo tlogela fela go mo leka gore o itse tsotlhe tse di leng mo pelong ya gagwe.
32
Ditirafalo tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsa gagwe tsa tumelo-Modimong kana di kwadilwe mo ponong ya moporofeti Jesaya morwa Amotse le mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele.
33
Mme Hesekia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa thotaneng ya diphupu tsa boora Dafita. Batho botlhe ba Juta le baagi ba Jerusalema ba mo direla ka tlotlo mo losong lwa gagwe. Mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36