bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 2
2 Chronicles 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 3 →
1
Jaanong Salomo a ikaelela go agela leina la Morena Ntlo le go ikagela ntlo ya bogosi.
2
Salomo a ntsha banna ba le 70 000 ba ba tla rwalang merwalo le banna ba le 80 000 ba ba tla betlang mafika kwa dithabeng le baokamedi ba bone ba le 3 600.
3
Salomo a ba a roma kwa go Hurame, kgosi ya Tiro a re: “A ko o ntirele jaaka o kile wa direla Dafita rre, wa mo romela mesetere go ka ikagela ntlo e a nnang mo go yona.
4
Itse gore ke batla go agela leina la Morena, Modimo wa me, Ntlo le go e mo itshepisetsa go tshuba maswalo fa pele ga gagwe, e bong maswalo a makga a a monate le go baya teng dinkgwe tsa tshupo ka gale le go dira ditlhabelo tsa phiso mo mosong le maitsiboa ka boSabata le ka ngwedi o o rogilweng le ka meletlo ya Morena, Modimo wa rona. Go dira jalo ke tshwanelo e e se neng e khutla ya Baiseraele.
5
Mme Ntlo e ke ratang go e aga e tshwanetse go nna e kgolo; gonne Modimo wa rona o mogolo go feta medimo yotlhe.
6
Kana ke mang yo o ka nonofang go o agela Ntlo, etswe loapi le magodimo otlhe di sa o lekane? Nna ke mang mo nka o agelang Ntlo? Kana ke felo ga go tshuba maswalo fela fa pele ga ona.
7
Jaanong he, nthomele monna wa setswerere yo o ka dirang dilo tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho le tsa tshipi le tsa masela a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a mabududu; yo o itseng go seta ditshwantsho mmogo le ditswerere tse ke nang natso mo Juta le Jerusalema tse di beilweng ke Dafita rre.
8
O bo o nthomele dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese le tsa merukuru tsa kwa Lebanone; gonne ke a itse gore batlhanka ba gago ba itse go rema ditlhare tsa Lebanone. Mme batlhanka ba me ba tla thusanya le ba gago
9
gore ke etleelediwe dikgong tse dintsi; gonne Ntlo e ke batlang go e aga e tla nna e kgolo e e gakgamatsang.
10
Bona, batlhanka ba gago, e bong baremi ba ba remang ditlhare, ke tla ba naya dijo tsa dikgetse di le 20 000 tsa korong le dikgetse di le 20 000 tsa garase le dielo di le 20 000 tsa weine le dielo di le 20 000 tsa lookwane.”
11
Hurame kgosi ya Tiro a araba ka lokwalo, a lo romela Salomo a re: “E re ka Morena a rata morafe wa gagwe, o go dirile kgosi ya one.”
12
Hurame a ba a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, yo o dirileng legodimo le lefatshe, yo o neileng kgosi Dafita morwa yo o botlhale yo o nang le tlhaloganyo le temogo, yo o batlang go agela Morena Ntlo le go ikagela ntlo ya bogosi.
13
Jaanong he, ke go romela monna wa maatlametlo yo o nang le temogo, e bong Hurame-Abi.
14
Ke morwa mosadi wa bomorwadia Dane, mme rraagwe ke monna wa mono Tiro; o itse go dira dilo tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho le tsa tshipi le tsa mafika le tsa dikgong le tsa masela a mahibidu a bofifadu le a mabududu le a masweu le a mahibidu a madi le go seta meseto ya mefutafuta le go akanya tiro nngwe le nngwe ka botswerere e a e neelwang mmogo le ditswerere tsa gago le tsa ga Dafita rraago, mong wa me.
15
Mme jaanong fa e le korong le garase le lookwane le weine tse mong wa me a di umakileng, a a di romele batlhanka ba gagwe.
16
Rona re tla rema ditlhare kwa Lebanone fela jaaka o di batla, re di go isetsa kwa Jafo mo lewatleng di patagantswe; wena o di tsee teng, o di ise kwa Jerusalema.”
17
Salomo a ba a bala banna botlhe ba baeng ba ba neng ba le mo lefatsheng la Iseraele morago ga go bala mo Dafita rraagwe o neng a go badile; ga fitlhelwa ba le 153 600.
18
Ba le 70 000 ba bone a ba dira barwadi ba merwalo, ba le 80 000 a ba dira babetli ba mafika kwa dithabeng, ba le 3 600 a ba dira baokamedi ba ba dirisang batho.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36