bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 30
2 Chronicles 30
Tswana Setswana 1970
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 31 →
1
Jaanong Hesekia a roma batho kwa Baiseraeleng le kwa Bajuteng botlhe, a ba a kwalela Baeferaime le Bamanase dikwalo gore ba tle kwa Ntlong ya Morena kwa Jerusalema go direla Morena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo.
2
Mme kgosi ya utlwana le dikgosana tsa yona le phuthego yotlhe e e mo Jerusalema gore ba dire Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi;
3
gonne ba ne ba paletswe ke go e dira ka nako ya teng, ka go ne go ise go iitshepise baperesiti ba ba lekanyeng le morafe o ise o phuthegele kwa Jerusalema.
4
Lefoko leo le ne le siame mo matlhong a kgosi le mo matlhong a phuthego yotlhe.
5
Ba be ba utlwana go tlhaba mokgosi mo Iseraeleng yotlhe go simolola kwa Bereseba go fitlha kwa Dane gore ba tle go direla Morena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo kwa Jerusalema; gonne ba ne ba ise ba ke ba e dire ka bontsi jaaka go kwadilwe mo molaong.
6
Batabogi ba ya kwa Baiseraeleng le Bajuteng botlhe ba tshotse dikwalo tse di tswang mo kgosing le mo dikgosaneng tsa yona, ba bua ka fa taelong ya kgosi ba re: “Lona Baiseraele, boelang kwa Moreneng, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, gore a tle a boele kwa masaleleng a lona a a falotseng mo diatleng tsa dikgosi tsa Asiria.
7
Lo se ka lwa nna jaaka borraeno le ba ga lona ba ba neng ba leofela Morena, Modimo wa borraabo, ka boikanyologo, mo a bileng a ba neela mo tatlhegong jaaka lo ntse lo bona.
8
Jaanong he, lo se ka lwa gagamatsa dithamo tsa lona jaaka borraeno, mme ineeleng mo Moreneng, lo tle Felong-fa-go-Boitshepo ga gagwe fa a go itshepisitseng ka bosakhutleng, lo direle Morena, Modimo wa lona, gore bogale jwa gagwe bo khutle go lo tukela.
9
Gonne fa lo boela Moreneng, foo ba ga lona le bana ba lona ba tla bona boutlwelo-botlhoko fa pele ga ba ba ba isitseng mo botshwarong, mo ba ka bang ba boela kwano lefatsheng leno; gonne Morena, Modimo wa lona, o boitshwarelo, o bopelotlhomogi, mme ga a ne a faposa sefatlhego mo go lona, fa lo boela kwa go ene.”
10
Mme ya re batabogi ba ya le metse ka tlhomagano ya yona mo nageng ya Baeferaime le ya Bamanase le go fitlha kwa go ya Basebulone, ba ba tshega, ba ba sotla.
11
Fela banna bangwe ba Baasere le Bamanase le Basebulone ba ikokobetsa, ba tla kwa Jerusalema.
12
Le gona seatla sa Modimo sa tla mo Bajuteng ka go ba naya pelo e le nngwe go dira se kgosi le dikgosana di se laetseng ka fa lefokong la Morena.
13
Batho ba bantsi ba phuthegela kwa Jerusalema go dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang ka kgwedi ya bobedi; ya nna phuthego e kgolo thata.
14
Ba feta ba nanoga ba tlosa dialetare di sele tse di neng di le mo Jerusalema; ba be ba tlosa dialetare tsa maswalo tsotlhe, ba di latlhela mo nokaneng ya Kiterone.
15
Jaanong ba tlhaba dikwana tsa Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi e le 14; ke fa baperesiti le Balefi ba tlhajwa ke ditlhong, mme ba itlhaganela go iitshepisa, ba be ba tlisa ditlhabelo tsa phiso kwa Ntlong ya Morena.
16
Ba ne ba eme mo mannong a bone jaaka ba tshwanetse ka fa molaong wa ga Moše, monna wa Modimo: Baperesiti ba tsaya madi mo diatleng tsa Balefi, ba a kgatsha.
17
Gonne go ne go le ba bantsi mo phuthegong ba ba neng ba sa iitshepisa; ka moo Balefi ba tlhabela botlhe ba ba sa itshekang dikwana tsa Tlolaganyo go di itshepisetsa Morena.
18
Gonne bontsi jwa morafe ba bantsi ba Baeferaime le Bamanase le Baisašare le Basebulone ba ne ba sa iitshekisa, mme ba ja Tlolaganyo e se ka fa go kwadilweng ka teng, mme Hesekia o ne a ba rapeletse a re: “A Morena yo o lorato a itshwarele
19
mongwe le mongwe yo o ikaeletseng go batla Modimo Morena, Modimo wa borraagwe, le fa e se ka fa boitshekong jwa Felo-fa-go-Boitshepo.”
20
Mme Morena a utlwa Hesekia, a itshwarela morafe boitshekologo joo.
21
Baiseraele ba ba neng ba le teng mo Jerusalema ba dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo jo bogolo; Balefi le baperesiti ba nna ba baka Morena ka letsatsi le letsatsi ka diletso tse di utlwalang thata tsa Morena.
22
Mme Hesekia a bua ka botsalano le Balefi botlhe ba ba itshupileng ba le maatlametlo tirelong ya Morena; mme ba ja moletlo malatsi a supa ba ntse ba dira ditlhabelo tsa tebogo, ba ipolela gore ke ba Morena, Modimo wa borraabo.
23
Jaanong phuthego yotlhe ya utlwana go dira moletlo malatsi a supa a mangwe gape; ba be ba o dira malatsi a supa ka boitumelo.
24
Gonne Hesekia, kgosi ya Juta, o ne a ntsheditse phuthego ya Modimo dipoo di le 1 000 le difutshane di le 7 000; dikgosana tsona tsa ntshetsa phuthego ya Modimo dipoo di le 100 le difutshane di le 10 000, mme baperesiti ba iitshepisa ka bontsi.
25
Ga itumela phuthego yotlhe ya Bajuta le baperesiti le Balefi le phuthego yotlhe e e tlileng ya Iseraele mmogo le baeng ba ba tlileng ba tswa lefatsheng la Iseraele le ba ba agileng mo Juta.
26
Ga nna boitumelo jo bogolo kwa Jerusalema; gonne go tloga metlheng ya ga Salomo, morwa Dafita kgosi ya Iseraele, go ne go ise go ke go nne moletlo o o ntseng jalo kwa Jerusalema.
27
Mme baperesiti le Balefi ba nanoga ba tshegofatsa morafe. Mme mantswe a bone a utlwiwa le thapelo ya bone ya fitlha kwa boagong jo bo boitshepo jwa Modimo kwa legodimong.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36