bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 25
2 Chronicles 25
Tswana Setswana 1970
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 26 →
1
E rile Amasia a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Joatane wa Jerusalema.
2
A dira tse di siameng mo matlhong a Morena, fela e seng ka pelo yotlhe.
3
Mme e rile bogosi bo sena go mo tlhomamela a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba bolaileng kgosi rraagwe.
4
Fela a se ka a bolaya bomorwaa-bone, mme a dira jaaka go kwadilwe mo molaong mo lokwalong lwa ga Moše, fa Morena a laetseng teng a re: “A borra-bana ba se ka ba swela bana, le bana ba se ka ba swela borraabo; gonne mongwe le mongwe o tshwanetse go swela boleo jwa gagwe fela.”
5
Amasia o kile a phutha ba Juta, a ba rulaganya ka fa dikgorong, ba okametswe ke balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, e bong Bajuta le Babenyamene botlhe; a ba bala go simolola ka ba ba dinyaga tse di 20 le bomogoloa-bone, a fitlhela ba ba tlhaotsweng ba le 300 000 ba ba ka bololang mephatong, ba tshotse marumo le dithebe.
6
Le gona a rapa bagale ba le 100 000 kwa Iseraeleng ka ditalente di le 100 tsa selefera.
7
Fela monna wa Modimo a tla kwa go ene a re: “Kgosi, a mephato ya Iseraele e se ka ya ya nao; gonne Morena ga a na le Baiseraele le e seng le Baeferaime botlhe.
8
Mme o ye o le wesi, o itshupe o le thata mo tlhabanong. Go seng jalo Modimo o tla go diga fa pele ga mmaba. Gonne Modimo o na le thata go ka thusa le go ka diga.”
9
Mme Amasia a botsa monna wa Modimo a re: “Ke direng ka ditalente di le 100 tse ke di neileng lesomo la Baiseraele?” Monna wa Modimo a re: “Morena o nonofile go go naya tse dintsi tse di fetang tseo.”
10
Ke fa Amasia a ba tlhaola, e bong lesomo le le tsileng kwa go ene la Baeferaime gore ba boele kwa gae. Mme ba tukela Bajuta bogale thata, ba boela kwa gae ka bogale ba gaketse.
11
Amasia a ba a nna pelokgale, a goga batlhabani ba gagwe, a ya kwa lebaleng la letswai, a bolaya ba Seire ba le 10 000.
12
Bajuta ba tshwara ba le 10 000 ba bangwe gape ba sa phela, ba ba isa kwa godimo ga makgotlho a thaba, ba ba diga mo setlhoeng sa makgotlho, mme ba phanyega botlhe.
13
Mme ba lesomo le Amasia a le busitseng gore ba se ka ba ya nae kwa tlhabanong, ba thukhutha mo metseng ya Juta go tloga kwa Samaria go fitlha kwa Bethorone, ba bolaya ba le 3 000 ba teng, ba thopa thopo e kgolo.
14
Jaanong ya re Amasia a boa a sena go bolaya Baetomo, a tla le medimo ya ba Seire, a feta a e ipeela go nna medimo ya gagwe, a e obamela a e tshubela maswalo.
15
Ke fa Morena a tukela Amasia bogale, a roma moporofeti kwa go ene go ya go mo raya a re: “O obamelelang medimo ya morafe e e se kang ya namolela morafe wa yona mo diatleng tsa gago?”
16
Ya re a bua nae, Amasia a mo fetola a re: “O dirilwe ke mang mogakolodi wa kgosi? Didimala! Go seng jalo o tla itewa.” Ke fa moporofeti a didimala ka go re: “Ke lemoga gore Modimo o ikaeletse go go senya, ka o dirile jalo, mme o sa reetse kgakololo ya me.”
17
Letsatsi le lengwe Amasia kgosi ya Juta a ikgakolola, a roma motho kwa go Joase morwa Joahase morwa Jehu kgosi ya Iseraele a re: “Tlaya, re thulane!”
18
Mme Joase kgosi ya Iseraele a roma motho kwa go Amasia kgosi ya Juta, a re: “Mosu o o kwa Lebanone wa roma kwa mosetereng o o kwa Lebanone wa re: ‘Neela morwaake morwadio go nna mosadi.’ Mme diphologolo tsa naga tse di kwa Lebanone tsa feta tsa gataka mosu oo.
19
Ka nnete o fentse Baetomo, ka moo o a ikgogomosa ka tlotlego. Jaanong he, nna kwa gae. Ke ka ntlha ya eng fa o re o itatlhela mo tatlhegong gore o we, wena le Bajuta nao?”
20
Mme Amasia a se ka a utlwa; gonne go ne go tswa mo Modimong go mo neela mo diatleng tsa ga Joase, ka ba ineetse mo medimong ya Baetomo.
21
Ke fa Joase kgosi ya Iseraele a bolola, mme ba thulana, ene le Amasia kgosi ya Juta kwa Betšhemeše wa Juta.
22
Mme Bajuta ba fenngwa ke Baiseraele, ba tshaba, mongwe le mongwe a tshabela kwa gae.
23
Mme Joase kgosi ya Iseraele a tshwara Amasia kgosi ya Juta morwa Joase morwa Ahasia kwa Betšhemeše, a mo isa kwa Jerusalema, a feta a thuba lobota lwa Jerusalema go tswa Kgorong ya Eferaime go fitlha Kgorong ya Sekhutlo boleele jwa mabogo a le 400.
24
A ba a tsaya gouta yotlhe le selefera le dilo tsotlhe tse di fitlhelwang mo Ntlong ya Modimo mo tisong ya boora Obete-Etomo le mahumo a ntlo ya kgosi le batho ba peeletso, a ba a boela kwa Samaria.
25
Ya re Joase morwa Joahase kgosi ya Iseraele a sena go swa Amasia morwa Joase kgosi ya Juta a sala a phela dinyaga di le 15.
26
Ditirafalo tse dingwe tsa ga Amasia tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele.
27
Go tloga sebakeng se Amasia a ikepileng mo Moreneng ka sona ba mo tsosetsa moferefere kwa Jerusalema. Ke fa a tshabela kwa Lagiše, mme ba roma batho, ba mo latelela kwa Lagiše, ba mmolaela teng.
28
Ba mo tlisa ka dipitse, ba mo fitlha fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita.
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 26 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36