bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 26
2 Chronicles 26
Tswana Setswana 1970
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 27 →
1
Jaanong morafe otlhe wa Juta wa tsaya Usia, a le dinyaga di le 16, wa mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe.
2
Ene a agelela Elothe, a mmusetsa go Juta, jale fa kgosi rraagwe e sena go robala le borraa-yona.
3
Usia o ne a le dinyaga di le 16 fa a nna kgosi, a busa dinyaga di le 52 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Jegolea wa Jerusalema.
4
A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go ne ga dira Amasia rraagwe.
5
A ineela Modimo ka malatsi a ga Sagaria yo o neng a mo ruta go boifa Modimo; mme malatsing ao, fa a ntse a ineela Morena, Modimo wa mo naya letlhogonolo.
6
A bolola a tlhabana le Bafelesita, a diga lobota lwa Gathe le lwa Jabene le lwa Ašetote; a ba a aga metse ntlheng ya Ašetote le mo nageng yotlhe ya Bafelesita.
7
Modimo wa mo thusa go fenya Bafelesita le go fenya Baarabia ba ba neng ba agile kwa Gure-Baale le Bameuni.
8
Le Baamone ba ntshetsa Usia lekgetho, mme leina la gagwe la tuma go fitlha kwa Egepeto, ka a ne a tiela pele.
9
A ba a aga dinaka tsa phemelo mo Jerusalema fa Kgorong ya Sekhutlo le fa Kgorong ya Molapo le fa Sekhutlong, a di tiisa.
10
A ba a aga difata tsa go disa kwa nageng ya mafulo, a epa mekwele e mentsi; gonne o ne a na le diruiwa tse dintsi mo nageng e e kwa tlase le mo leboeng le balemi ba masimo le ba masimo a meweine kwa dithabeng le kwa motseng wa Karemele, ka a rata tiro ya masimo.
11
Le gona Usia o ne a na le mephato ya batlhabani ba ba ka bololang ntwa, e le ditlhopha ka fa palong e Jehiele mokwaledi le Maaseya mookamedi ba e badileng, ba le mo taolong ya ga Hananya mongwe wa balaodi ba kgosi.
12
Palo yotlhe ya beng ba dikgoro mo gare ga bagale ba mephato e ne e le 2 600.
13
Ke bone ba ba neng ba laola mephato ya batlhabani ba le 307 500, ba ba ka bololang ntwa ka thata e kgolo go thusa kgosi ka go lwa le mmaba.
14
Bone Usia a ba direla dithebe le marumo le difutshe tsa tshipi le diaparo tsa phemelo tsa tshipi le mara le majwe a diragamajwe, tsa neelwa batlhabani botlhe.
15
A ba a dira didiri tsa ntwa tsa go konopa kwa Jerusalema e le ka temogo ya setswerere, tsa bewa mo dinakeng tsa phemelo le mo dikhutlong tsa lobota go hula metswi le majwe a magolo ka tsona. Leina la gagwe la tuma kwa kgakala, ka a thusiwa mo go gakgamatsang, ga tsamaya a tia thata.
16
Fela ya re a nna thata, pelo ya gagwe ya ikgogomosa, a ba a senya, a direla Morena, Modimo wa gagwe, ka boikanyologo, a tsena mo Tempeleng ya Morena go tshuba maswalo mo aletareng ya maswalo.
17
Mme Asaria moperesiti yo mogolo a tsena a mo setse morago, a na le baperesiti ba Morena ba le 80 ba ba sa tshabeng motho,
18
ba emelana le kgosi Usia ba mo raya ba re: “Usia, ga se tshwanelo ya gago go tshubela Morena maswalo, mme ke ya baperesiti bomorwa Arone ba ba itshepisitsweng go a tshuba. Tswaya mo Felong ga Boitshepo, gonne o dirile ka boikanyologo, wa itlotlolola fa pele ga Morena, Modimo.”
19
Ke fa Usia a galefa a ntse a tshotse leiswana la go tshuba maswalo; mme ya re a ntse a galefetse baperesiti, a duwa ke lepero mo phatleng a le fa pele ga baperesiti mo Ntlong ya Morena fa thoko ga aletare ya maswalo.
20
Jaanong ya re Asaria moperesiti yo mogolo le baperesiti botlhe ba mo leba, ba fitlhela a dulwe ke lepero mo phatleng. Ke fa ba mo ntsha gona ka pele, mme le ene ka esi a itlhaganela go tswa, ka Morena a mo iteile.
21
Go tloga foo kgosi Usia e ne e le molepero go ya letsatsing la loso lwa gagwe, a nna mo ntlong e e kwa thoko e le molepero; gonne o ne a kgaotswe mo Ntlong ya Morena. Mme Jothame morwawe a tshwarelela kgosi, a busa batho ba lefatshe.
22
Ditirafalo tse dingwe tsa ga Usia tsa pele le tsa morago di kwadilwe ke Jesaya moporofeti morwa Amotse.
23
Mme Usia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go borraagwe mo nageng ya mabitla a dikgosi; gonne ba ne ba re: “Ke molepero.” Mme Jothame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36