bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 14
2 Chronicles 14
Tswana Setswana 1970
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 15 →
1
Mme Abia a robala le borraagwe a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Asa morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mo metlheng ya gagwe lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le some.
2
Asa a dira tse di molemo tse di siameng mo matlhong a Morena Modimo wa gagwe.
3
A tlosa dialetare tsa medimo e sele le dithota tsa tlhabelo, a thubaganya majwe a a motloutlo, a rema medimako ya Ašera,
4
a laela Bajuta gore ba batle Morena, Modimo wa borraabo, ba dire ka fa molaong le taolong tsa ona.
5
A ba a tlosa dithota tsa tlhabelo le majwe a a motloutlo a letsatsi mo metseng yotlhe ya Juta, mme bogosi jwa nna mo kagisong ka puso ya gagwe.
6
A ba a aga metse e e femetsweng mo Juta; gonne lefatshe le ne le iketlile, go se na ope yo o lwang nae ka dinyaga tseo, ka Morena a mo file boikhutso.
7
Ke ka moo a reileng Bajuta a re: “A re ageng metse eo, re e agelele ka lobota le dinaka tsa phemelo le dikgoro le mephakarego, re sa ntse re le barena ba lefatshe. E re ka re tlhokometse Morena, Modimo wa rona, le ona o re tlhokometse, wa re naya boikhutso tikologong, wa re tsweletsa pele.”
8
Asa o ne a na le mephato ya batlhabani ba Juta ba ba tshotseng dithebe le marumo ba le 300 000, le ba Benyamene ba ba tshotseng dithebe ba itse go hula ka mara, ba le 280 000; botlhe bao e ne e le batlhabani ba ba pelokgale.
9
Ba kile ba bololelwa ke Sera wa Moethiopia, a tla a na le batlhabani ba le sedikadike le dikoloi tsa ntwa di le 300, a fitlha kwa Mareša.
10
Ke fa Asa a bolola go mo kgatlhantsha, mme ba ikemisa ka thulaganyo ya tlhabano kwa mogorogorong wa Sefatha ntlheng ya Mareša.
11
Mme Asa a rapela Morena Modimo wa gagwe a re: “Morena, ga go na ope kwa ntle ga gago yo o ka thusang, fa go tlhabana yo o thata le yo o bokoa. Re thuse, Morena Modimo wa rona, gonne re ikaega ka wena, mme re tsile go tlhabana le bontsi jo ka leina la gago. Morena, o Modimo wa rona. A motho a se ka a kgona sepe fa pele ga gago!”
12
Mme Morena a itaya Baethiopia, ba fenngwa ke Asa le Bajuta, ba be ba tshaba.
13
Asa le batlhabani ba ba nang nae ba ba khutšhela go ya go fitlha kwa Gerara, mme ga bolawa ba bantsi ba Baethiopia, mo ba paletsweng ke go tia gape; gonne ba ne ba remagantswe ke Morena le mephato ya gagwe, mme Bajuta ba bona thopo e kgolo thata,
14
ba fenya metse yotlhe e e mo tikologong ya Gerara; gonne letshogo la Morena le ne le wetse mo go yona. Ba thukhutha metse yotlhe eo, ga nna thopo e kgolo mo go yona.
15
Le gona ba thopa ditente tsa badisa ba diruiwa, ba gapa dinku tse dintsi le dikammele, ba be ba boela kwa Jerusalema.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36