bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 3
2 Chronicles 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 4 →
1
Salomo a simolola go aga Ntlo ya Morena mo Jerusalema thabeng ya Moriya, kwa Morena o neng a iponaditse teng mo go Dafita rraagwe, mo felong fa Dafita o neng a go etleeditse mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.
2
O ne a simolola go aga ka letsatsi la bobedi la kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bone wa puso ya gagwe.
3
E rile Salomo a simolola go aga Ntlo ya Modimo, a e thaya jaana: Boleele jwa nna mabogo a le 60 ka fa selekanyong sa pele, bophara jwa nna mabogo a le 20.
4
Matseno a a neng a le fa mojako boleele jwa ona jo bo tsamayang le bophara jwa Ntlo e le mabogo a le 20; bogodimo jwa ona e le mabogo a le 20; a a manega gouta e e sa pekwang ka mo teng.
5
Ntlo e kgolo a e manega dipati tsa mesiperese, a ba a e manega gouta e e sa pekwang; a dira ditshwantsho tsa mekolane le tsa dikeetane tsa dithunya mo go yona.
6
A ba a manega Ntlo ya Modimo majwana a a tlhokegang go e kgabisa. Gouta e ne e tswa kwa Pharwaime.
7
Le gona a manega Ntlo ya Modimo gouta, e bong ditlhomeso le direpodi le dipota tsa yona le ditswalo tsa yona; a seta boKerubime mo dipoteng.
8
A ba a dira Ntlo e e Boitshepo-jwa-Maitshepo; boleele jwa yona jo bo tsamayang le bophara jwa Tempele jwa nna mabogo a le 20, le bophara jwa yona jwa nna mabogo a le 20; a e manega gouta e e sa pekwang ya ditalente di le 600.
9
Bokete jwa dimapo e ne e le dišekele di le 50 tsa gouta. Le matlwana a a kwa godimo a a manega gouta.
10
A ba a dira boKerubime ba le babedi mo Ntlong e e Boitshepo-jwa-Maitshepo, e le tiro ya botswerere, a ba manega gouta.
11
Boleele jwa diphuka tsa boKerubime e ne e le mabogo a soma mabedi mmogo; lofuka lwa mongwe lwa mabogo a le matlhano lo ama lobota lwa Ntlo ka fa, lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo amana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare.
12
Lofuka lwa Kerubime yo mongwe lwa mabogo a matlhano le lone lo ama lobota lwa Ntlo ka fale; lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo kopana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare.
13
Diphuka tseo tsa boKerubime tsa bo di tsharologile mabogo a le 20; ba bo ba eme ka dinao, ba lebisitse difatlhego kwa Ntlong.
14
A ba a dira lesire le masela a mabududu le a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a masweu, a dira ditshwantsho tsa boKerubime mo go lone.
15
A ba a dira maotwana a mabedi a boleele jwa mabogo a le 35 ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Modimo; ditlhogo mo godimo ga ona, bogodimo jwa tsona e ne e le mabogo a le matlhano.
16
A ba a dira dikeetane jaaka sebaga, a di gokelela mo ditlhogong tsa maotwana; a ba a dira digaranata di le 100, a di gokelela mo dikeetaneng.
17
A ba a tlhoma maotwana fa mojakong wa Tempele, le lengwe ntlheng ya le le jang, le lengwe ntlheng ya la molema. Le le mo ntlheng ya le le jang a le bitsa Jagine, le le mo ntlheng ya la molema a le taya leina la Boase.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36