bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Chronicles 16
2 Chronicles 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 17 →
1
Ka ngwaga wa 36 wa puso ya ga Asa, Baesa kgosi ya Iseraele a bololela Juta, a agelela Rama gore a thibele batho go ka tsena gongwe go tswa kwa go Asa kgosi ya Juta.
2
Ke fa Asa a ntsha selefera le gouta mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela kwa go Benehatate kgosi ya Siria e e neng e agile kwa Damaseko a re:
3
“Go na le kgolagano fa gare ga me le wena le fa gare ga rre le rraago. Bona, ke go rometse selefera le gouta! Yaya o senye kgolagano ya gago le Baesa kgosi ya Iseraele gore a ntlogele.”
4
Benehatate a utlwana le kgosi Asa, a roma balaodi ba mephato ya gagwe, ba bololela metse ya Iseraele, ba senya Iyone le Dane le Abele-Maime le metse yotlhe ya difala ya Nafetale.
5
Ya re Baesa a utlwa jalo, a khutla go agelela Rama, a emisa tiro eo ya gagwe.
6
Ke fa kgosi Asa a tsaya Bajuta botlhe, mme ba tlosa majwe a Rama le dikgong tsa teng tse Baesa o neng a agelela ka tsona, a agelela Geba le Mitsepha ka tsona.
7
Ka sebaka seo ga tla mmoni Hanani kwa go Asa kgosi ya Juta, a mo raya a re: “E re ka o ikaegile ka kgosi ya Siria, mme o se ka wa ikaega ka Morena, Modimo wa gago, ke ka moo mephato ya kgosi ya Siria e falotseng mo diatleng tsa gago.
8
A ga ke re, Baethiopia bale le Balebia bale e ne e le mephato e megolo, ba na le dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba bantsi thata. Mme e re ka o ne wa ikanya Morena, a ba neela mo diatleng tsa gago.
9
Gonne matlho a Morena a ntse a sekaseka lefatshe lotlhe gore a itshupe a le thata go busa ba ba mo ineetseng ka pelo yotlhe. Golo fa o dirile ka bosilo. Gonne go tloga jaanong o tla tsogelwa ke dintwa.”
10
Mme Asa a galefela mmoni, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo; gonne o ne a mo tukela bogale ka ntlha ya moo, a ba a gatelela bangwe ba morafe ke sebaka seo.
11
Mme ditirafalo tsa ga Asa tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo dikwalong tsa dikgosi tsa Juta le Iseraele.
12
E rile ka ngwaga wa 39 wa puso ya gagwe Asa a simolola go bolawa ke maoto, bolwetse jwa gagwe jwa nna jwa golela pele. Mme le mo bolwetseng jwa gagwe a se ka a batla thuso ya Morena, fa e se ya dingaka fela.
13
Mme Asa a robala le borraagwe, a swa ka ngwaga wa 41 wa puso ya gagwe.
14
Ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe le o neng a le ikgabetse mo motseng wa ga Dafita; teng ba mo robatsa mo bolaong jo bo neng bo tletse makga le ditlhare tse di tlhakantsweng ka botswerere go dira ditlolo; ba mo tshubela maswalo a mantsi thata.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36