bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 1
Ezekiel 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 2 →
1
E rile ka ngwaga wa 30, ka letsatsi la botlhano la kgwedi ya bone, ke le mo gare ga batshwarwi fa nokeng ya Kebare, magodimo a bulega, ka bona dipono tsa Modimo.
2
Ka la botlhano la kgwedi – e ne e le ka ngwaga wa botlhano, kgosi Joyagine a ntse a tshwerwe –
3
Lefoko la Morena la tla tota kwa go moperesiti Hesekiele, morwa Busi, a le mo lefatsheng la Kalatea fa nokeng ya Kebare; teng koo seatla sa Morena sa nna mo go ene.
4
Ka leba ka bona phefo ya ledimo e tla e tswa kwa bokone, le leru le legolo le le tshwaranganyeng le molelo le tswa marang mo tikologong; mme mo gare ga lone, mo gare ga molelo, go bonala kgotlho e e phatsimang.
5
Mo gare ga ona ga tswa dilo di le nne tse e keteng ke diphedi. Setshwano sa tsona ke se: Di ne di bopegile jaaka batho.
6
Sengwe le sengwe se ne se na le difatlhego di le nne; le gona sengwe le sengwe sa tsona se na le diphuka di le nne.
7
Maoto a tsona e ne e le maoto a a tlhamaletseng. Pato tsa dinao tsa tsona di ne di tshwana le kgato tsa ditlhako tsa dinamane, di phatsima jaaka kgotlho e e gotlhilweng.
8
Di ne di na le diatla tsa batho mo ditlhakoreng tse nne tsa tsona ka fa tlase ga diphuka tsa tsona. Diphuka tsa bone jwa tsona di ne di amana;
9
difatlhego tsa bone jwa tsona di ne di sa retologe, fa di tsamaya; sengwe le sengwe se tlhamalalela kwa pele fela.
10
Ponalo ya difatlhego tsa tsona e ne e le jaana: Sengwe le sengwe sa tsona se ne se na le difatlhego tse nne: Fa pele go le sa motho, ka fa ntlheng ya le le jang go le sa tau, ka fa go ya la molema go le sa kgomo, ka fa morago go le sa ntsu.
11
Diphuka tsa tsona di ne di tsharologetse kwa godimo; tse pedi tsa sengwe le sengwe di amana le tsa tse dingwe; tse pedi di bipile mebele ya tsona.
12
Sengwe le sengwe sa tlhamalalela kwa pele, tsa ya kwa mowa o di isang teng; tsa se ka tsa retologa, fa di tsamaya.
13
Fa e le ponalo ya diphedi, difatlhego tsa tsona di ne di tshwana le magala a molelo a a tukang, jaaka ponalo ya dirumola. Molelo ona o ne o ya kwa le kwa mo gare ga diphedi, o phatsima, go tswa dikgadima mo go ona.
14
Diphedi tsa ya kwa le kwa ka bonako jwa logadima.
15
Ya re ke leba diphedi, ka fitlhela go le leotwana la koloi fa fatshe fa thoko ga sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo.
16
Ponalo ya maotwana le ya go dikologa ga ona e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala. A bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona. Ponalo ya ona le ya go dikologa ga ona, e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe.
17
E ne e a re fa a tsamaya, a itse go ya kwa ntlheng tse nne tsa ona; a se ke a retologe, fa a tsamaya.
18
Digoro tsa ona di ne di godile, di boitshega; digoro tsa ona di ne di tletse matlho mo tikologong ya bone jwa ona.
19
E ne ya re fa diphedi di tsamaya, maotwana le ona a tsamae a bapile natso; fa diphedi di tlhatloga mo fatsheng, le maotwana a tlhatloge.
20
Kwa mowa o neng o di isa teng, maotwana le ona a ya teng; le gona a tlhatloge mmogo le tsona. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo maotwaneng.
21
E ne e a re fa di tsamaya, le ona a tsamae; fa di ema, le ona a eme; fa di tlhatloga mo fatsheng, le maotwana a tlhatloge mmogo le ona. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo maotwaneng.
22
Kwa godimo ga ditlhogo tsa diphedi go ne go le setshwano sa loapi se se tsabakelang jaaka legakwa le lentlentle, se tsharolotswe kwa godimo ga ditlhogo tsa tsona.
23
Fa tlase ga loapi loo go ne go tsharologile diphuka tsa tsona, longwe le longwe lo amanye le lwa se sengwe. Gape sengwe le sengwe se ne se na le tse pedi tse se ipipang mmele ka tsona.
24
Jaanong e a re di tsamaya, ke utlwe diphuka tsa tsona di suma jaaka metsi a mantsi le jaaka tumo ya Mong-wa-thata-yotlhe. E ne e le modumo o o tshwanang le loratla lwa mathibelelo a mephato. Fa di ema, di phuthe diphuka tsa tsona.
25
Mme e a re fa di ema, di phuthile diphuka tsa tsona, go utlwale tumo kwa godimo mo loaping lo lo godimo ga ditlhogo tsa tsona.
26
Jaanong kwa godimo ga loapi lo lo neng lo okame ditlhogo tsa tsona ga bonala se e keteng ke sedulo sa bogosi sa lentswe le letala la safire; mme yo e keteng ke motho a ntse mo sedulong sa bogosi kwa godimo.
27
Ka bona go tsabakela jaaka kgotlho e e phatsimang le jaaka molelo o o mo teng ga sebeso, go tloga fa e keteng ke letheka la gagwe le go ya kwa godimo. Mme go tloga fa go se se bonalang jaaka letheka la gagwe go ya kwa tlase ka bona se se tshwanang le molelo, mme o ne a dikanyeditswe ke kgalalelo.
28
Ponalo ya kgalalelo e e mo tikologong e ne e tshwana le mebala ya motshewabadimo, fa o le mo marung ka letsatsi la pula. Ke yona ponalo ya setshwantsho sa kgalalelo ya Morena. Ya re ke sena go se bona, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka utlwa lentswe la yo o buang.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48