bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 3
Ezekiel 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 4 →
1
A nthaya a re: “Morwa-motho, jaa se o se fitlhelang, jaa lokwalo lo, o ye o bue le Baiseraele.”
2
Ka atlhama; a njesa lokwalo loo,
3
a nthaya a re: “Morwa-motho, jaa lokwalo lo ke lo go nayang, o kgorise mpa ya gago.” Ka lo ja, mme lwa nna monate mo ganong la me jaaka dinotshe.
4
A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, tloga o ye kwa Baiseraeleng, o bue nabo ka mafoko a me.
5
Gonne ga o rongwe kwa morafeng wa puo e e sa utlwaleng, wa loleme lo lo thata, mme e le kwa Baiseraeleng;
6
e seng kwa merafeng e megolo ya dipuo tse di sa utlwegeng, ya diteme tse di makete, e o ka palelwang ke go utlwa mafoko a yona. Mme fa nka bo ke go roma kwa go yona, e ka bo e go utlwa.
7
Mme Baiseraele ga ba ka ke ba dumela go go utlwa, gonne ba gana go nkutlwa. Gonne Baiseraele botlhe ba tlhogo-di-thata, ba pelo-di-thata.
8
Bona, ke kwatlaladitse sefatlhego sa gago jaaka difatlhego tsa bone; ke thatafaditse tlhogo ya gago jaaka ditlhogo tsa bone.
9
Ke dira tlhogo ya gago popota jaaka taemane e e popota bogolo go lefika. Se ba boife, se tshoge fa pele ga bone! Gonne bone ke losika lwa baitaodi.”
10
A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, mafoko otlhe a ke a buang nao, a tsee ka pelo, a utlwe ka ditsebe.
11
O be o ye kwa batshwarwing ba morafe wa ga eno, o bue nabo, o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana,’ le fa ba utlwa gongwe ba gana.”
12
Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.”
13
Ka utlwa mosumo wa diphuka tsa diphedi tse di amanang le loratla lwa maotwana natso le tumo ya thoromo e kgolo ya lefatshe.
14
Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.
15
Ka fitlha kwa batshwarwing kwa Thele-Abibe, ba ba neng ba nna fa nokeng ya Kebare, kwa ba neng ba nna teng, ka nna nabo teng malatsi a supa ke ntse ke palelwa ke go bua.
16
Mme ya re malatsi a supa a sena go feta, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re:
17
“Morwa-motho, ke go dirile modisa wa Baiseraele. E ne e re fa o utlwa lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna.
18
Fa ke raya moikepi ke re: ‘O tshwanetse go swa!’ mme o sa mo tlhagise, o sa bue sepe gore o mo tlogedise tsela e e bosula ya gagwe gore a pholosiwe, foo ene moikepi o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.
19
Fela fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe le e seng go tlogela tsela e e bosula ya gagwe, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme wena o pholositse bophelo jwa gago.
20
“Gape fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, mme ke mmeela sekgopi, ene o tla swa. Fela fa o sa mo tlhagisa, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe; le tse di siameng tse a kileng a di dira ga di nke di gopolwa, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.
21
Fela fa o tlhagisa mosiami gore mosiami a se ka a leofa, mme a sa leofe, ruri o tla phela, gonne o dumetse go tlhagisiwa. Le wena o tla bo o ipholositse.”
22
Gona koo seatla sa Morena sa ba sa nna mo go nna, a nthaya a re: “Nanoga o tswele kwa lobaleng, ke tla bua nao teng.”
23
Ka nanoga, ka tswela kwa lobaleng, ka fitlhela kgalalelo ya Morena e eme gona e e tshwanang le kgalalelo e ke e bonyeng fa nokeng ya Kebare, ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego.
24
Ke fa Mowa o tsena mo go nna, o nkemisa ka dinao. Mme Morena a bua le nna, a nthaya a re: “Yaa o itswalele mo ntlong ya gago!
25
Wena morwa-motho, itse gore ba tla go pega dikgole, ba go golega ka tsona gore o se ka wa tswela kwa go bone.
26
Le gona ke tla kgomaretsa loleme lwa gago mo magalapeng a gago gore o nne semumu. Ga o nke o nna mokgalemedi wa bone, gonne ke losika lwa baitaodi.
27
Mme fa ke bua nao, ke tla go bula molomo gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana le jaana!’ Yo o utlwang a a utlwe! Yo o ganang a a gane! Gonne ke losika lwa baitaodi.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48