bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 9
Ezekiel 9
Tswana Setswana 1970
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 10 →
1
Ke fa a kua ka lentswe le legolo mo ditsebeng tsa me a re: “Lona ba lo dirafatsang kotlo mo motseng, atamelang, mongwe le mongwe a tshotse sebolai se se senyang sa gagwe ka seatla!”
2
Mme ka bona banna ba le barataro ba tla ka tsela e e tswang kwa kgorong e e kwa godimo e e lebileng kwa bokone; mongwe le mongwe a tshotse sebolai sa gagwe se se senyang ka seatla; monna a le mongwe a le mo gare ga bone, a apere lesela, a bofeletse kurwana ya enke ya mokwaledi mo lethekeng la gagwe; ba tla, ba ema fa thoko ga aletare ya kgotlho.
3
Mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e tlogile mo go boKerubime ba e neng e le mo go bone, e ile kwa serepoding sa Ntlo ya Morena. Jaanong Morena a bitsa monna yole yo o apereng lesela yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi mo lethekeng la gagwe,
4
a mo raya a re: “Ralala motse wa Jerusalema ka mo gare, o bee letshwao mo diphatleng tsa banna ba ba fegelwang, ba ba lelang ka ntlha ya makgapha otlhe a a dirwang mo go ona.”
5
Mme ba bangwe bale ka mo utlwa a ba laela a re: “Mo saleng morago, lo ralale motse, lo reme! A matlho a lona a se ka a rekegela! Se tlhomogeng pelo!
6
Bolayang banna bagolo le makau le makgarebe le bana le basadi, lo ba bolaele ruri. Mme lo se ka lwa atamela ope yo o nang le letshwao. Simololang mo Felong-ga-Boitshepo ga me.” Mme ba simolola ka banna ba bagolo ba ba fa pele ga Ntlo.
7
A ba a ba raya a re: “Itshepololeng Ntlo, lo tlatse malapa ditoto! Fetang lo tswele kwa ntle!” Mme ba bolola, ba bolaya batho mo motseng.
8
Ya re ba ntse ba bolaya jalo, nna ke setse ke le nosi, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka re: “Ao, Morena Modimo, a o nyeletsa masalela otlhe a Iseraele ka go goromeletsa bogale jwa gago mo Jerusalema?”
9
Mme a nthaya a re: “Molato wa Baiseraele le wa Bajuta o mogolo thata thata. Lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, motse o tletse tshiamololo. Gonne ba re: ‘Morena o tlogetse lefatshe; Morena ga a re bone.’
10
Jaanong le nna leitlho la me ga le nke le ba utlwela botlhoko; ga nka ke ka tlhomoga pelo. Ke tla ba bolaisa maleo a bone.”
11
Jaanong monna yole yo o apereng lesela, yo o tshotseng kurwana ya enke mo lethekeng la gagwe, a tla a ipega a re: “Ke dirile ka fa o ntaetseng ka teng.”
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48