bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 8
Ezekiel 8
Tswana Setswana 1970
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 9 →
1
E rile ka ngwaga wa borataro, ka letsatsi la botlhano la kgwedi ya borataro, ke ntse mo ntlong ya me, bagolo ba Bajuta ba ntse fa pele ga me, seatla sa Morena Modimo sa wela mo go nna teng.
2
Ka leba, ka bona mongwe yo e keteng ke monna, go tloga fa e keteng ke letheka la gagwe go ya kwa tlase o ne a le molelo; go tloga fa lethekeng la gagwe go ya kwa godimo o ne a bonala jaaka kgalalelo le jaaka kgotlho e e phatsimang.
3
A ntsha se e keteng ke seatla, a ntshwara ka moriri wa tlhogo ya me; Mowa wa ntsholeletsa fa gare ga legodimo le lefatshe, wa nkisa kwa Jerusalema ke le mo diponong tsa Modimo, kwa mojakong wa kgoro ya lelapa le le ka fa teng e e lebileng kwa bokone, kwa go neng go le maemo a setshwantsho sa modimo wa lefufa se se tsositseng lefufa la Morena.
4
Bonang, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e le teng, e bonala jaaka ke e bonye kwa lebaleng.
5
A nthaya a re: “Morwa-motho, a ko o tsholetse matlho, o lebe kwa bokone!” Ka tsholetsa matlho, ka leba kwa bokone, ka fitlhela ntlheng ya bokone ya kgoro ya aletare go le setshwantsho sele sa modimo wa lefufa fa botsenong.
6
A ba a mpotsa a re: “Morwa motho, a o bona se ba se dirang, e bong makgapha a magolo a Baiseraele ba a dirang fano, gore ke katogane thata le Felo-ga-Boitshepo ga me? Mme o tla bona makgapha a magolo a mangwe gape.”
7
Ke fa a nkisa kwa mojakong wa lelapa la Tempele, ka leba, ka bona phatlha mo loboteng.
8
A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, a ko o phunye lobota!” Ka lo phunya, ka fitlhela go le setswalo teng.
9
A nthaya a re: “Tsena o bone makgapha a a bosula a ba a dirang fano.”
10
Ka tsena ka leba ka fitlhela ditshwantsho tsa mefutafuta tsa digagabi le tsa diphologolo tse di ilegang le mefutafuta ya medimo e e maila ya Baiseraele e e tshwantshitsweng mo tikologong yotlhe ya lobota.
11
Banna ba le 70 ba bagolo ba Baiseraele ba bo ba eme fa pele ga tsona; le Jaasanya, morwa Safane, a eme mo gare ga bone; mongwe le mongwe a tshotse leiswana la gagwe la go fisa maswalo; bodupa jwa leru la maswalo jwa tlhatloga.
12
A ba a mpotsa a re: “Morwa-motho, a o bonye se bagolo ba Baiseraele ba se dirang mo sephiring, mongwe le mongwe mo ntlwaneng ya setshwantsho sa gagwe? Gonne ba re: ‘Morena ga a re bone. Morena o tlogetse lefatshe.’ ”
13
A ba a nthaya a re: “O tla bona makgapha a magolo a mangwe gape a ba a dirang.”
14
Ke fa a nkisa kwa mojakong wa kgoro ya Ntlo ya Morena e e lebileng kwa bokone, ka fitlhela basadi ba ntse teng, ba lelela modimo Thamuse.
15
A ba a mpotsa a re: “A o bonye seo se, morwa-motho? O tla bona makgapha a magolo a mangwe gape a a fetang a.”
16
Ke fa a nkisa kwa lapeng la Ntlo ya Morena la ka fa teng, ka fitlhela fa mojakong wa Tempele ya Morena, fa gare ga leobo le aletare go le banna ba e ka nnang ba le 25 ba hularetse Tempele ya Morena, difatlhego tsa bone di lebile kwa botlhabatsatsi; bone ba obamela letsatsi ba lebile kwa botlhabatsatsi.
17
A ba a mpotsa a re: “A o bonye seo se, morwa-motho? A ga go lekane Bajuta go dira makgapha a ba a dirang fano, mo ba bileng ba tlatsa lefatshe tshiamololo, ba nkgakatsa gape? Bona, ba baya kalana ya setlhare fa dinkong tsa bone.
18
Ka moo le nna ke tla ba direla ka bogale. Leitlho la me ga le kitla le rekegela; ga nkitla ke tlhomoga pelo. Mme le fa ba goa mo ditsebeng tsa me ka kgoo e kgolo, ga nkitla ke ba utlwa.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48