bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 35
Ezekiel 35
Tswana Setswana 1970
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 36 →
1
Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:
2
“Morwa-motho, lebisa sefatlhego kwa thabeng ya Seire, ò e rerele, ò e kgalemele,
3
ò e ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: “ ‘Bona, ke tla go tlhasela, wena thaba ya Seire, ke go tsholeletsa letsogo, ke go fetola sekaka le theregiso.
4
Metse ya gago ke tla e fetola marope; mme wena o tla fetoga sekaka gore ò tle ò itse, fa ke le Morena.
5
“ ‘E re ka ò tlhoile Baiseraele ka go sa feleng, wa ba neela mo thateng ya tšhaka ka sebaka sa tatlhego ya bone, ka sebaka sa petso ya molato ya bofelo,
6
ka moo, ruri, ka bophelo jwa me! O dirile molato ka go tsholola madi; ka moo madi a tla go latelela.’ Morena Modimo o a re jalo.
7
‘Thaba ya Seire ke tla e dira sekaka le theregiso. Ke tla fedisa mo go yona yo o tswang teng le yo o boelang gona.
8
Dithaba tsa gago, Etomo, ke tla di tlatsa babolawi ba gago. Fa e le meboto ya gago le megorogoro ya gago le melapo ya gago, ba ba bolailweng ka tšhaka ba tla wela mo go tsona.
9
Ke tla go fetola sekaka se se sa khutleng; ga go kitla go nna ope mo metseng ya gago, gore lo itse, fa ke le Morena.
10
“ ‘E re ka ò buile wa re: “Ditšhaba tse pedi le mafatshe a mabedi e tla nna tsa me; re tla di rua” – le fa Morena a le teng koo –
11
ka moo, ka bophelo jwa me! ke tla go direla ka fa bogaleng jwa gago le ka fa lefufeng la gago tse o di ba diretseng ka ntlha ya letlhoo la gago. Ke tla ikitsise mo go bone, mogang ke go atlholang.’ Morena Modimo o a re jalo.
12
‘O tla lemoga gore ke nna Morena. Ke utlwile dikgalo tsotlhe tsa gago tse ò di buileng ka ga dithaba tsa Iseraele wa re: “Di fetogile sekaka. Re di neilwe go di ja boswa.”
13
Lo ikgodisitse, lwa nnyatsa, lwa bua tse dintsi ka ga me ka matepe; ke utlwile!’
14
“Morena Modimo o buile jaana wa re: ‘Le fa lefatshe lotlhe le itumela, wena ke tla go fetola sekaka.
15
O ne ò itumelela boswa jwa Baiseraele, ka gonne bo ne bo sentswe. Le wena ke tla go direla jalo. O tla fetoga sekaka, wena thaba ya Seire le Etomo yotlhe mmogo. Ba tla itse jalo, fa ke le Morena.’ ”
← Chapter 34
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 36 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48