bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 10
Ezekiel 10
Tswana Setswana 1970
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 11 →
1
Ka leba, ka bona mo loaping lo lo okameng ditlhogo tsa boKerubime go le se se tshwanang le lentswe le letala la safire; sengwe se e keteng ke sedulo sa bogosi se bonala godimo ga bone.
2
Morena a raya monna yole yo o apereng lesela a re: “Tsena mo gare ga maotwana fa tlase ga boKerubime, o tabole magala a a tukang mo gare ga boKerubime ka diatla tsoo pedi, o a gasetse mo motseng.” Mme ka mmona a tsena.
3
Jaanong ya re monna yole a tsena, boKerubime ba bo ba eme mo ntlheng ya le le jang ya Ntlo; leru la bo le tletse mo lapeng la ka fa teng.
4
Kgalalelo ya Morena ya tloga mo go boKerubime, ya ya kwa serepoding sa Ntlo. Ntlo ya ba ya tlala musi, lelapa lone la tlala phatsimo ya kgalalelo ya Morena.
5
Mosumo wa diphuka tsa boKerubime wa utlwala go fitlha kwa lapeng la ka fa ntle jaaka lentswe la Modimo, Mothatayotlhe, fa o bua.
6
Jaanong ya re o sena go laela monna yole yo o apereng lesela wa re: “Tsaya molelo mo gare ga maotwana, mo gare ga boKerubime!” a tsena, a ema fa thoko ga leotwana.
7
Ke fa Kerubime mongwe a ntsha letsogo, a le tsenya mo gare ga boKerubime, a le isa kwa molelong o o mo gare ga boKerubime, a tsaya magala, a a neela mo diatleng tsoo pedi tsa yo o apereng lesela; ene a a amogela, a tswa.
8
Mo go boKerubime seatla se e keteng sa motho se ne se bonala, se tswa ka fa tlase ga diphuka tsa bone.
9
Ya re ke leba, ka fitlhela maotwana a le mane a le fa thoko ga boKerubime; leotwana lengwe le lengwe le bapile le Kerubime wa lone. Ponalo ya maotwana e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala.
10
A ne a bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona; e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe.
11
E ne e ya re fa a tsamaya, a itse go ya kwa ntlheng tse nne tsa ona; a se ke a retologe, fa a tsamaya. Gonne kwa leotwana la ntlha le lebileng teng, a mangwe a le sale morago; a ne a sa sokologe, fa a tsamaya.
12
Mebele yotlhe ya bone le metlhana ya bone le mabogo a bone le diphuka tsa bone le maotwana di ne di tletse matlho mo ntlheng tse nne tsa teng.
13
Ka utlwa maotwana a bidiwa sefefo.
14
Sephedi sengwe le sengwe se ne se na le difatlhego di le nne; sefatlhego sa ntlha e le sa Kerubime, sa bobedi e le sa motho, sa boraro e le sa tau, sa bone e le sa ntsu.
15
Ke fa boKerubime ba tlhatloga. Ke tsona diphedi tse nkileng ka di bona kwa nokeng ya Kebare.
16
E a re fa boKerubime ba tsamaya, maotwana le one a tsamae a bapile nabo; fa boKerubime ba tsharolola diphuka tsa bone go tlhatloga mo lefatsheng, maotwana ona a se ke a tloge fa thoko ga bone.
17
E re fa ba ema, le ona a eme; fa ba tlhatloga, le ona a tlhatloge nabo. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo go ona.
18
Kgalalelo ya Morena ya tlogela serepodi sa Ntlo, ya ya go okama boKerubime.
19
Ke fa boKerubime ba tsholetsa diphuka, ba tlhatloga mo lefatsheng, ke ntse ke lebile; ya re ba tloga, maotwana a ya nabo. Ba ya ba ema kwa mojakong wa kgoro ya Ntlo ya Morena e e lebileng kwa botlhabatsatsi, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ntse e ba okame.
20
Ke tsona diphedi tse nkileng ka di bona fa tlase ga Modimo wa Iseraele kwa nokeng ya Kebare; ka lemoga gore ke boKerubime.
21
Mongwe le mongwe o ne a na le difatlhego tse nne, e bile a na le diphuka tse nne; diatla tse e keteng ke tsa motho di ne di le ka fa tlase ga diphuka tsa bone.
22
Difatlhego tsa bone di ne di tshwana tota le difatlhego tse nkileng ka di bona kwa nokeng ya Kebare. Fa e le ponalo ya bone le maikaelelo a bone, mongwe le mongwe a tlhamalalela kwa a lebileng teng.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48