bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 26
Ezekiel 26
Tswana Setswana 1970
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 27 →
1
E rile ka ngwaga wa 11, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re:
2
“Morwa-motho, e re ka ba Tiro ba buile ka ga Jerusalema ba re: ‘Ahee! Morekisi yo mogolo mo merafeng o pšhwetlakantswe, jaanong khumo ya yo o sentsweng e tla tla kwa go rona.’
3
“Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Bona, Tiro, ke tla lwa nao, ke bolotsa ditšhaba tse dintsi gore di go huduegele jaaka go tle go huduege dintelo tsa lewatle.
4
Di tla senya dipota tsa Tiro, di diga dikago tse di godimo tsa gagwe. Ke tla feela, ke tlosa mekoa ya ditshenyego tsa gagwe teng, ke go fetola lefika le le feetsweng.
5
E tla nna felo mo lewatleng fa go ngamolwang matloa teng. Gonne ke buile jalo,’ go bua Morena Modimo. ‘E tla nna thopo ya ditšhaba.
6
Mme bomorwadie ba ba ka kwa lefatsheng ba tla bolawa ka tšhaka. Ba tla itse fa ke le Morena.’
7
“Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla bolotsa Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a tswa kwa bokone, gore a tlhasele Tiro. Ke kgosi ya dikgosi, e tla ka dipitse le dikoloi le bapalami le ka bontsi jwa batho.
8
O tla bolaya bomorwadio ba ba ka kwa lefatsheng ka tšhaka; mme wena o tla go tlhasela ka ntwa, a aga dikago tsa batlhodi, a kgobokanya mmu, a itirela leobo la phemelo gore a go tlhasele.
9
O tla thula dipota tsa gago ka sethulalobota, a diga dikago tse di godimo tsa gago ka ditshipi tsa gagwe.
10
Lorole lwa bontsi jwa dipitse tsa gagwe lo tla go khurumetsa. Dipota tsa gago di tla roroma ka loratla lwa bapalami le lwa maotwana le lwa dikoloi, fa a tsena mo dikgorong tsa gago jaaka go tsenwa mo motseng o o phuntsweng.
11
O tla tubaka mekgwatha yotlhe ya gago ka ditlhako tsa dipitse tsa gagwe, a bolaya batho ba gago ka tšhaka, a digela majwe a a motloutlo a o ikgantshang ka ona fa fatshe.
12
Ba tla thopa mahumo a gago, ba thukhutha matlotlo a kgwebo ya gago, ba diga dipota tsa gago, ba thuba matlo a mantle a gago; mme matlapa a gago le ditlhomeso tsa gago le matlakala a gago ba tla di latlhela mo metsing.
13
Ke tla khutlisa kutlwalo ya difela tsa gago; mantswe a diharepa tsa gago ga a nke a tlhola a utlwala.
14
Ke tla go fetola lefika le le se nang sepe; o tla nna felo fa go ngamolwang matloa teng. Ga o nke o tlhola o agiwa gape, gonne nna Morena ke buile jalo.’ ” Go bua Morena Modimo.
15
Morena Modimo o botsa Tiro jaana o a re: “Ditlhakatlhake a ga di kitla di roroma ka loratla lwa go wa ga gago le ka go lela ga ba ba khutlegileng le ka polao ya tšhaka mo gare ga gago?
16
Dikgosi tsotlhe tse di ka fa lewatleng di tla fologa mo ditulong tsa tsona tsa bogosi, di apola dikobo tsa tsona, di apola diaparo tse di marabata tsa tsona, di apara teteselo, di nna fa fatshe, di ntse di roroma, di reregile ka ntlha ya gago.
17
Di tla tlhaba mokgosi wa selelo ka ga gago, di go raya di re: “ ‘Kana o nyeletse jang ne, wena motse o o tumileng, o batsamai ba mawatle ba neng ba nna mo go ona; o o neng o busa mo lewatleng, ona le banni ba ona ba ba fa lewatleng!’
18
Jaanong ditlhakatlhake di tla roroma ka letsatsi la go wa ga gago; ditlhakatlhake tse di mo lewatleng di tla tshosiwa ke phelelo ya gago.”
19
Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “E tla re ke go fetola marope a a tshwanang le a metse e go sa nneng ope mo go yona; fa ke go tlhatlosetsa morwalela gore metsi a magolo a go khurumetse:
20
Foo ke tla go folosetsa kwa go ba ba fologelang kwa felong ga baswi kwa morafeng wa kgale, ke go nnisa kwa tlasetlase mo teng ga lefatshe jaaka marope a bogologolo, mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, gore o se ka wa tlhola o nna le batho, le e seng go tsoga gape mo lefatsheng la baphedi.
21
Ke tla go digela mo tatlhegong ya tshoganyetso gore ò se tlhole ò nna teng. O tla batlwa, mme ga ò no o tlhola o bonwa ka bosakhutleng,” go bua Morena Modimo.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48