bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 18
Ezekiel 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 19 →
1
Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:
2
“Lo a reng, lona ba lo tlhabang seane se sa tshotlo ka ga lefatshe la Iseraele lo a re: “ ‘Borra-bana ba jele makgela, mme meno a bana a dilega’?
3
“Morena Modimo o a bua o a re: Ka bophelo jwa me! Ga go kitla go tlhola go nna ope mo go lona yo o tla tlhabang seane seo mo go Iseraele!
4
Bonang, mewa yotlhe ke ya me; mowa wa rraabana ke wa me jaaka mowa wa morwawe e le wa me; mowa o o leofang ke ona o o tla swang.
5
“Jaanong fa motho a siame, a dira ka tshiamo le ka molao,
6
a sa je ditlhabelo tsa medimo kwa dithabeng, a sa tsholeletse matlho kwa medimong e e maila ya Baiseraele, a sa senye mosadi wa mongwe-ka-ene, a sa kopane le mosadi yo o bonyeng mosese, foo o tla phela;
7
fa motho a sa gatelele ope, a busetsa yo o molato peeletso ya gagwe, a sa thukhuthe ope ka thata, a abela yo o tlala dijo tsa gagwe, a apesa yo o sa ikategang ka kobo, o tla phela;
8
fa a sa adime ka go tsadisa, a sa amogele koketso; fa a tlosa letsogo la gagwe mo tshiamololong, a dirafatsa tshiamo le boammaaruri mo gare ga batho, o tla phela;
9
fa a sepela ka fa ditaolong tsa me, a tshegetsa melao ya me, a dira ka boammaaruri: Ene yoo, o siame; ruri, o tla phela.” Go bua Morena Modimo.
10
“Mme jaanong fa a tsala ngwana wa mosimane yo o setlhogo, yo o tshololang madi, a dira maleo a a boitshegang,
11
le fa ene rraagwe a sa dira sepe sa dilo tseo; fa a bile a ja ditlhabelo tsa medimo kwa dithabeng, a senya mosadi wa mongwe-ka-ene, a o tla phela?
12
Fa a gatelela mmogisegi le mohumanegi, a thukhutha dilo ka thata, a sa buse peeletso, a tsholeletsa matlho kwa medimong e e maila, a dira makgapha, a o tla phela?
13
Fa a adima ka go tsadisa, a amogela koketso, a o tla phela? Nnyaya, ga a ka ke a phela! O dirile makgapha otlhe ao, ruri, o na le go swa. Molato wa go tsholola madi o tla mo wela.
14
“Mme bonang, ene yoo o tsetse ngwana wa mosimane yo o bonang maleo otlhe a rraagwe o a dirileng; jaanong fa a boifa, a sa dire tse di ntseng jalo,
15
a sa je ditlhabelo tsa medimo kwa dithabeng, a sa tsholeletse matlho kwa medimong e e maila ya Baiseraele, a sa senye mosadi wa mongwe-ka-ene, o tla phela;
16
fa a sa gatelele ope, a sa amogele peeletso, a sa thukhuthe sepe ka thata, mme a abela yo o tlala dijo tsa gagwe, a apesa yo o sa ikategang ka kobo;
17
fa a tlosa letsogo la gagwe mo tshiamololong, a sa tsadise madi, a sa amogele koketso; fa a dira ka fa melaong ya me, a sepela ka fa ditaolong tsa me: Ene yoo ga a ka ke a swa ka ntlha ya molato wa ga rraagwe. Nnyaya! Ruri, o tla phela!
18
Mme rraagwe, e re ka a dirile tsa kgatelelo, a thukhutha morwa-rraagwe dilo ka thata, a dira tse di sa siamang mo morafeng wa ga gabo: Ruri, ene o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe!
19
“Jaanong lona lo a re: ‘Ke ka ntlhaang, fa morwa a sa rwale molato wa ga rraagwe?’ Kana morwa o dirile ka tshiamo le ka molao, a tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa me, a dira ka tsona: Ruri, o tla phela!
20
Motho yo o leofang o tla swa. Morwa-motho ga a nke a rwala molato wa ga rraagwe. Rra-motho ga a nke a rwala molato wa ga morwawe. Tshiamo ya mosiami e tla nna serwalo sa gagwe. Boikepo jwa moikepi e tla nna morwalo wa gagwe.
21
“Mme fa moikepi a tlhabologa, a tlogela maleo otlhe a gagwe a o a dirileng, a tshegetsa ditaolo tsa me tsotlhe, a dira ka tshiamo le ka molao: Ruri, foo o tla phela; ga a nke a swa.
22
Ditlolo tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng ga a kitla a di balelwa. O tla phela ka tse di siameng tse o di dirang morago.
23
A nka kgatlhwa ke loso lwa moikepi?” go botsa Morena Modimo. “Nnyaya, se se nkgatlhang ke fa a tlhabologa, a tlogela ditsela tsa gagwe gore a phele.
24
“Mme fa mosiami a ka tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, a dira makgapha otlhe a moikepi o a dirileng: A o tla phela? Nnyaya, tse di siameng tsotlhe tse o di dirileng, ga di kitla di gopolwa. O tla swa ka ntlha ya boikanyologo jwa gagwe jo o sentseng ka jona le ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo leofileng.
25
“Mme lona lo a re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama.’ A ko lo utlwe, lona Baiseraele: A tsela ya me ga e a siama? A ga se ditsela tsa lona tse di sa siamang?
26
Kana fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira bokgopo, o tla swa ka ntlha ya moo; o tla swa ka ntlha ya tshiamololo e o e dirileng.
27
Gape fa moikepi a tlhabologa, a tlogela boikepo jwa gagwe jo o bo dirileng, a dira ka tshiamo le ka molao, ene o tla pholosa bophelo jwa gagwe.
28
Fa a ka ikwatlhaya, a sokologa mo ditlolong tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng, ruri, o tla phela; ga a nke a swa.
29
Mme Baiseraele ba re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama.’ A tsela ya me ga e a siama, lona Baiseraele? A ga se ditsela tsa lona tse di sa siamang?
30
“Ka moo ke tla atlhola mongwe le mongwe wa lona Baiseraele ka fa tsamaong ya gagwe, go bua Morena Modimo. Tlhabologang tlhe, lo tlogele ditlolo tsotlhe tsa lona gore di se ka tsa lo digela mo tatlhegong.
31
Latlhang ditlolo tsotlhe tsa lona, lo di tlose mo go lona, tse lo nteofetseng ka tsona. Itireleng pelo e ntšhwa le mowa o mošwa! Kana lo ratelang go swa, lona Baiseraele?
32
Gonne ga ke kgatlhwe ke loso lwa yo o swang.” Go bua Morena Modimo. “Ka moo he, tlhabologang! Foo lo tla phela.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48