bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 44
Ezekiel 44
Tswana Setswana 1970
← Chapter 43
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 45 →
1
A ba a mpusetsa kwa kgorong ya Felo-ga-Boitshepo ya ka fa ntle e e lebileng kwa botlhabatsatsi; ya bo e tswetswe.
2
Ke fa Morena a nthaya a re: “Kgoro e, a e nne fela e tswetswe. A e se ka ya bulwa! Go se ka ga tsena ope ka yona! Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o tsenye ka yona. A e tswalelwe ruri.
3
Fela kgosi, ka e le kgosi, e ka nna mo go yona go ja bogobe fa pele ga Morena; a e tsene teng ka tsela ya leobo la kgoro, e be e tswe gape ka tsela eo ya yona.”
4
A ba a ntsenya ka kgoro ya bokone, a nkisa fa pele ga Ntlo. Ka leba, ka bona Ntlo ya Morena e tletse kgalalelo ya Morena; ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego.
5
Ke fa Morena a nthaya a re: “Morwa-motho, tsotlhe tse ke di buang nao, le ditaolo tsotlhe tsa Ntlo ya Morena le melao yotlhe ya yona, di tlhokomele ka pelo, di bone ka matlho, di utlwe ka ditsebe; tlhokomela matseno a Ntlo le matso otlhe a Felo-ga-Boitshepo.
6
“Raya dirukhutlhi tse e leng Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Makgapha otlhe a lona a ntenne, lona Baiseraele!
7
Kana lo tlisitse baeng ba ba sa rupang pelo le fa e le mmele, ba tsena mo Felong-ga-Boitshepo ga me, ba go itshepolola, e leng Ntlo ya me, jale fa lo tlisitse senkgwe sa me le mafura le madi; lwa senya kgolagano ya me jalo ka maila otlhe a lona.
8
Ga lo a dira tirelo e e boitshepo ya me ka losi, mme lo dirisitse baeng bao gore ba dire tirelo ya me mo Felong-ga-Boitshepo ga me.’
9
“Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘A go se ka ga tsena moeng ope yo o sa rupang pelo le fa e le mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me; ke raya baeng botlhe ba ba mo gare ga Baiseraele.
10
“ ‘Mme Balefi ba ba ntlhanogetseng jale fa Baiseraele ba timela, ba ikepa mo go nna, ba latela medimo e e maila ya bone, bone ba tla rwala molato wa bone.
11
Ba tla nna badiredi mo Felong-ga-Boitshepo ga me, e le badisa ba mejako ya Ntlo, e le ba ba direlang Ntlo. Ba tla tlhabela batho ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang, ba ba emela go ba direla.
12
E re ka ba ba diretse fa pele ga medimo e e maila ya bone, ba nna sekgopi se se leofisang Baiseraele, ka moo ke ba tsholeleditse letsogo, ka ikana ka re: Ba tla rwala molato wa bone,’ go bua Morena Modimo.
13
‘Mme ga ba kitla ba atamela kwa go nna go ntirela ka tiro ya boperesiti, le e seng go atamela tsotlhe tse di boitshepo le tse di boitshepotshepo, mme ba tla rwala kgobo ya bone le petso ya maila a bone a ba a dirileng.
14
Ke tla ba dira batlhanka ba tirelo ya ntlo gore ba dire tiro yotlhe ya yona le tsotlhe tse di dirwang teng.
15
“ ‘Baperesiti ba Balefi ba e leng bomorwa Satoke ba ba tshegeditseng tirelo ya Felo-fa-go-Boitshepo ga me, jale fa Baiseraele ba ntlogela, ba timela, bone a ba atamele kwa go nna go ntirela, ba eme fa pele ga me go ntlisetsa mafura le madi,’ go bua Morena Modimo.
16
‘Bone a ba tsene mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me, bone a ba atamele kwa lobating lwa bojelo lwa me go ntirela, a ba dire tirelo ya me!
17
A e ne e re ba tsena ka dikgoro tsa lelapa la ka fa teng, ba apara diaparo tsa letseta! A go se nne boboa jwa dinku mo go bone, fa ba direla mo teng ga dikgoro tsa lelapa la ka fa teng le mo Ntlong.
18
A ba rwale dirwalo tsa letseta mo tlhogong, ba apare seaparo sa letseta mo mathekeng! A ba se ka ba itlama ka sepe se se ka ba fufutsang.
19
Mme fa ba tswele kwa lapeng la ka fa ntle kwa bathong, a ba apole diaparo tsa bone tse ba direlang ka tsona, ba di bee mo matlwaneng a Felo-ga-Boitshepo, ba apare diaparo tse dingwe gore ba se ka ba itshepisa batho ka diaparo tsa bone.
20
“ ‘A ba se ka ba ipeola ditlhogo, le gona ba se lepeletse meriri e meleele! A ba ipome meriri!
21
A go se nne moperesiti ope yo o nwang weine, fa a tla tsena mo lapeng la ka fa teng!
22
A ba se nyale motlholagadi gongwe yo o tlhadilweng! A ba tsee makgarebe a losika lwa Baiseraele. Fela motlholagadi yo e leng motlholagadi wa moperesiti, ba ka mo nyala.
23
“ ‘A ba rute morafe wa me go farologanya tse di boitshepo le tse di seng boitshepo; a ba ba lemose pharologanyo ya tse di seng phepa le tse di itshekileng.
24
Fa go le kgang, a bone ba eme, ba e seke; a ba e atlhole ka fa melaong ya me! Melao ya me le dithulaganyo tsa me a ba di tshegetse ka meletlo yotlhe ya me; boSabata ba me a ba di itshepise!
25
“ ‘A moperesiti a se tsene kwa moswing gore a se itshekologe! Mme fa go sule rraagwe gongwe mmaagwe gongwe morwawe gongwe morwadie gongwe morwa-rraagwe gongwe kgaitsadie yo o iseng a nyalwe ke monna, foo o letleletswe go ka itshekologa ka go ya kwa go ene.
26
Jaanong fa a sena go itsheka gape, a a ipalele malatsi a supa!
27
Jaanong ka letsatsi le ka lone a tsenang gape mo Felong-fa-go-Boitshepo, mo lapeng la ka fa teng go direla mo Felong-fa-go-Boitshepo, a a tlise setlhabelo sa boleo sa gagwe,’ go bua Morena Modimo.
28
“ ‘Fa e le boswa jo bo ba tshwanetseng: Ke nna boswa jwa bone! A ba se ka ba fiwa leruo mo go Iseraele: Ke nna leruo la bone!
29
Ba tla ja ditshupelo le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato; le gona tsotlhe tse di neetsweng tirelong ya Modimo mo Iseraeleng e tla nna tsa bone.
30
Tse di molemo tsa mabutswapele tsotlhe tsa mefutafuta le tsotlhe tse di kgethelwang Tempele tsa mefutafuta tsa makgetho otlhe a lona, e tla nna tsa baperesiti. Le bupe jwa ntlha jwa lona lo bo nee moperesiti gore tshegofatso e nne mo malapeng a lona.
31
A baperesiti ba se ka ba ja sepe se se suleng gongwe se se gagotsweng ke sebata, le fa e le nonyane gongwe seruiwa.
← Chapter 43
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 45 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48