bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ezekiel 28
Ezekiel 28
Tswana Setswana 1970
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 29 →
1
Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:
2
“Morwa-motho, raya kgosi ya Tiro o re: ‘Morena Modimo o bua jaana wa re: O a ikgantsha mo pelong ò a re, ò modimo, ò ntse mo sedulong sa medimo mo gare ga lewatle. Ga go a nna jalo, ò motho fela, ga ò modimo, le fa ò ikaya modimo.
3
Bona, ò botlhale bogolo go Daniele; ga go na bosaitsiweng bope jo bo go palelang!
4
O itiretse khumo ka botlhale jwa gago le ka tlhaloganyo ya gago; wa phuthela gouta le selefera mo matlwaneng a mahumo a gago!
5
E re ka ò tlhalefetse kgwebo thata, ò godisitse khumo ya gago, mme pelo ya gago ya ikgodisa ka lehumo.’
6
“Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘E re ka pelo ya gago e ikutlwa jaaka ya modimo,
7
ke tla go tlisetsa baeng, e leng ditšhaba tse di setlhogo go feta tsotlhe. Ba tla somola ditšhaka, ba senya bontle jwa botlhale jwa gago, ba itshekolola kgalalelo ya gago.
8
Ba tla go kgarameletsa kwa bodibeng; o tla swela mo gare ga lewatle jaaka go swa yo o bolawang.
9
A ruri ò tla bo o sa ntse ò ka ipolela fa pele ga babolai ba gago ò a re, ò modimo, etswe ò le motho fela, ò se modimo, ò le mo diatleng tsa ba ba go phololetsang?
10
O tla swa ka diatla tsa baeng jaaka go swa ba ba sa rupang. Gonne ke buile jalo,’ ” go bua Morena Modimo.
11
Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:
12
“Morwa-motho, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga kgosi ya Tiro, o e ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: O ne ò tletse setshwano sa botho; ò tletse botlhale le bontle jo bo fetisang.
13
O no ò le kwa Etene mo tshimong ya Modimo; majwana otlhe a a tlhokegang e ne e le mokgabo wa gago, e leng a kareneole le topase le jasepise le kerisolite le onikese le saredonikese le safire le karebonkele le semarage. Se a leng mo gare ga sona, se se a tshwaragantseng e ne e le gouta. A ne a tlapisiwa ka letsatsi le ò tlholegileng ka lone.
14
O ne ò le Kerubime yo o diphuka di tsharologileng, yo o sireletsang. Ke go dirile jalo. O ne ò le mo thabeng e e boitshepo ya Modimo, wa itsamaela mo gare ga majwe a a phatsimang jaaka molelo.
15
O ne ò siame mo ditseleng tsa gago go tloga ka letsatsi le ò tlholegileng ka lone, go fitlhelela letsatsing le tshiamololo e bonyweng mo go wena ka lone.
16
Bontsi jwa dikgwebo tsa gago bo tladitse pelo ya gago kgatelelo, wa ba wa leofa. Ke fa ke go leleka mo thabeng ya Modimo o le yo o sa itshepang, ke go ntsha mo gare ga majwe a a phatsimang jaaka molelo, wena Kerubime yo o sireletsang.
17
Pelo ya gago e ne e ikgantsha ka bontle jwa gago. Ò ne o senya botlhale jwa gago ka ntlha ya kgalalelo ya gago. Ka go digela fa fatshe, ka go baya fa pele ga dikgosi gore di itumelele tatlhego ya gago.
18
O itshepolotse mafelo a a boitshepo a gago ka bontsi jwa maleo a gago le ka tshiamololo ya kgwebo ya gago. Jaanong ka tshuba molelo, wa tswa mo gare ga gago, wa go fisa; ka go fetola molora mo lefatsheng fa pele ga matlho a botlhe ba ba go lebileng.
19
Botlhe ba ba neng ba go itse mo merafeng ba go reregetse; o wetse tatlhegong e e boitshegang, o nyeleletse ruri.’ ”
20
Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:
21
“Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa motseng wa Sitone, o bolelele pele ka ga ona
22
o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Sitone; ke tla ikgalaletsa mo gare ga gago; mme ba tla itse fa ke le Morena, mogang ke dirafatsang kotlo mo go wena; ke itshupa mo go wena ke le boitshepo.
23
Ke tla romela leroborobo kwa motseng wa Sitone le polao kwa mebileng ya ona. Ba ba bolawang ka tšhaka e e o tlhaselang go tswa mo ntlheng tsotlhe ba tla wa mo go ona gore ba tle ba itse fa ke le Morena.
24
“ ‘Mme mo Baiseraeleng ga go kitla go tlhola go nna mutlwa o o ba tlhabang le e seng lobolela lo lo ba tlhokofatsang tse di tswang mo go botlhe ba ba ba nyatsang ba ba mo tikologong ya bone, mme ba tla itse gore ke nna Morena Modimo.’
25
“Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ke phutha Baiseraele mo merafeng kwa ba falaletseng gona, ke itshupe mo go bone ke le Moitshepi fa pele ga matlho a ditšhaba; ba tla nna mo nageng ya bone e ke e neileng Jakobe, motlhanka wa me.
26
Ba tla nna mo go yona ba iketlile, ba aga matlo, ba dira masimo a moweine; ba tla nna mo thagamong, motlhang ke dirafatsang kotlo mo go botlhe ba ba ba nyaditseng mo ntlheng tsotlhe tsa bone. Mme ba tla itse fa ke le Morena, Modimo wa bone.’ ”
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48