bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 10
Mark 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 11 →
1
A tloga teng, a tla mo melelwaneng ya Jutea le moseja ga Joretane; mme matshutitshuti a batho a phuthegela kwa go ene gape, mme a ba ruta gape jaaka a tlwaetse.
2
Ga tla Bafarisai kwa go ene, ba mmotsa ba re: “A monna o letleletswe go tlhala mosadi wa gagwe?” Mme ba bo ba mo lalela.
3
A ba fetola a re: “Moše o lo laotse a reng?”
4
Ba re: “Moše o ne a re leseletsa go kwala lokwalo lwa tlhalo, le go tlhala mosadi.”
5
Mme Jesu a ba raya a re: “Moše o ne a lo kwalela taolo e ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona.
6
E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’
7
‘Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe;
8
mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela; jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela.’
9
Ke gone, a motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseng.”
10
Ya re mo ntlong barutwa ba mmotsa gape ka ga selo se.
11
A ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o a mo akafalela;
12
mme fa mosadi ka esi a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o dira boaka.”
13
Ba lere banyana kwa go ene gore a ba ame, mme barutwa ba ba kgalemela.
14
Ya re Jesu a bona jalo, a gakatsega thata, a ba raya a re: “Lesang banyana ba tle kwa go nna, lo se ka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.
15
Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone gope.”
16
Mme a ba tsaya mo mabogong a gagwe, a ba segofatsa, ka go ba baya diatla.
17
Ya re a sa tsamaela pele mo tseleng, ga tabogela mongwe kwa go ene, a mo khubamela ka mangole, a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, ke tlaa dirang gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?”
18
Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo.
19
Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”
20
Mme a mo raya a re: “Moruti, dilo tse tsotlhe fela ke sa le ke di tlhokomela go tloga bokaung jwa me.”
21
Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.”
22
Mme a bifa sefatlhogo ka lefoko leo, a tsamaya ka bohutsana, gonne e ne e le motho yo o dithuo dintsi.
23
Mme Jesu a lebaleba ka fa le ka fa, a raya barutwa ba gagwe a re: “Kana ba ba nang le mahumo ba tlaa tsena mo bogosing jwa Modimo ka pitlagano jang!”
24
Barutwa ba gakgamalela mafoko a gagwe. Jesu a ba fetola gape, a re: “Kana go thata jang mo go ba ba ikantseng nahumo go tsena mo bogosing jwa Modimo!
25
Go ka nna bofefo kamela go tsena ka letshoba la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo bogosing jwa Modimo.”
26
Ba gakgamala thatathata, ba mo raya ba re: “Fa e le jalo go bo go ka bolokwa mang?”
27
Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
28
Petere a simolola go mo raya a re: “Bona, rona re tlogetse gotlhe, mme re go setse morago.”
29
Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go motho ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa bomorwa rraagwe, kgotsa bokgaitsadie, kgotsa mmaagwe, kgotsa rraagwe, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo,
30
yo o se ketlang a bona ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, e bong matlo, le bomorwa rraagwe, le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.
31
Bantsi ba e neng e le ba pele ba tlaa nna ba morago; le ba morago ba nne ba kwa pele.”
32
Ba bo ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema; Jesu a ba eteletse pele; mme ba bo ba tseanye; le ba ba setseng morago ba boifa. Mme a tsaya gape ba ba 12, a simolola go ba bolelela dilo tse di tlaa mo dirafalelang.
33
A re: “Bonang, re ya kwa Jerusalema; mme Morwa Motho o tlaa neelwa ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, mme ba tlaa mo sekisa gore a swe, ba tlaa mo neela Baditšhaba,
34
ba tlaa mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo seola, ba mmolaya; mme e tlaa re malatsi a le mararo a sena go feta, o tlaa ba a tsoga.”
35
Ga mo atamela Jakobe le Johane, bomorwa Sebete, ba re: “Moruti re rata wa re direla ka fa re tlaa go lopang ka teng.”
36
A ba raya a re: “Lo rata ke ka bo ke lo direlang?”
37
Ba mo raya ba re: “O mme re dule, mongwe ka fa tsogong la gago le legolo, yo mongwe ka fa tsogong la gago la molema, mo kgalalelong ya gago.”
38
Jesu a ba raya a re: “Ga lo itse se lo se lopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke se nwang, kgotsa go kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone?”
39
Ba mo raya ba re: “Re nonofile.” Jesu a ba raya a re: “Senwelo se ke se nwang, lona lo tlaa se nwa; lo ba lo kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone.
40
Mme go dula ka fa tsogong la me le legolo, le ka fa go la molema, ga se ga me go go naya; go tlaa newa bone ba ba go baakanyeditsweng.”
41
Ya re ba ba some ba utlwa, ba simolola go gakalela boJakobe le Johane.
42
Mme Jesu a ba ipiletsa, a ba raya a re: “Lo a itse fa ba ba kaiwang balaodi mo go Baditšhaba ba le bogoma mo go bone; le bagolo ba bone ba a ba laola.
43
Go se ka ga nna jalo mo go lona; le fa e le mang yo o ratang a ka bo a le mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona.
44
Le gone yo o ratang a ka bo a le wa kwa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa botlhe.
45
Gonne ruri Morwa Motho ga a a ka a tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe, gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi.”
46
Ba fitlha kwa Jeriko; mme ya re a tswa mo Jeriko, a na le barutwa ba gagwe, le bontsi jo bogolo jwa batho, Baretimaeo morwa Timaeo, mokopi wa sefofu, a bo a dutse fa thoko ga tsela.
47
Ya re a utlwa fa e le Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re: “Jesu morwa Dafite, nkutlwela botlhoko!”
48
Mme batho ba le bantsi ba mo kgalemela, ba re a didimale, mme a goa bogolo bogolo a re: “Morwa Dafite, nkutlwela botlhoko.”
49
Mme Jesu a ema a re: “Mmitseng,” mme ba bitsa monna wa sefofu, ba mo raya ba re: “Nametsega tlhe, nanoga o a go bitsa.”
50
Ene a latlha seaparo sa gagwe, a tlola, a tla kwa go Jesu.
51
Jesu a mo fetola a re: “O rata ka go direlang?” Monna wa sefofu a mo raya a re: “Moruti, a nke ke amogele pono ya me.”
52
Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a akofa a amogela pono ya gagwe, a ba a mo sala morago mo tseleng.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16