bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 4
Mark 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 5 →
1
Gape a simolola go ruta fa lewatleng. Ga bo go phuthegetse kwa go ene bontsi jo bogolo jwa batho, a ba a tla a tsena mo mokorong, a dula mo lewatleng; mme bontsi jotlhe jwa bo bo ikamile lewatle, bo le mo lefatsheng.
2
Mme a ba ruta dilo di le dintsi ka ditshwantsho. Mo thutong ya gagwe a ba raya a re:
3
“Reetsang. Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala.
4
Mme ga dirala, ya re a ntse a jala, ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla, tsa di sela.
5
Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa go leng mmu o mosesane teng; mme tsa akofa tsa tlhaba, ka di se mo mmung o o boteng;
6
mme e rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša, mme ka di se na medi tsa omelela fela.
7
Tse dingwe tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa, mme di se ka tsa ungwa sepe.
8
Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ka di gola di ata; tsa tsala, tsa nna 30, le 60, le 100.”
9
Mme a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe.”
10
Mme e rile a le esi, ba ba fa go ene ba na le ba ba 12, ba mmotsa ka ga ditshwantsho.
11
Mme a ba raya a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweng jwa bogosi jwa Modimo, mme bone ba ba kwa ntle, dilo tsotlhe ba di direlwa ka ditshwantsho,
12
gore ka go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga; le ka go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re kgotsa ba sokologa, mme ba go itshwarelwa.”
13
A ba raya a re: “A ga lo itse setshwantsho se? Mme lo tlaa itse jang ditshwantsho tsotlhe?
14
Mojadi o jala lefoko.
15
Ba ke bone ba ba fa tseleng, kwa lefoko le jalwang teng. Mme e a re ba sena go utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose lefoko le le jadilweng mo go bone.
16
Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo;
17
mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe.
18
Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng; bao ke ba ba utlwileng lefoko;
19
mme go bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, le dithato tsa dilo tse dingwe, di hupetse lefoko, mme ba ungologe.
20
Mme ba ke ba ba jadilweng mo mmung o o molemo; ba utlwa lefoko, ba le tshole, ba ungwe 30, le 60, le 100.”
21
A ba raya a re: “A lobone lo tle lo tlisiwe gore lo huhumediwe tlase ga seelo, kgotsa ka fa tlase ga bolao? A ga se gore lo tlhongwe mo setlhomong?
22
Gonne ga go a subiwa sepe, fa e se gore se tle se senolwe, le gone ga go a ka ga lobiwa sepe, fa e se gore se tle se tswele mo leseding.
23
Fa motho le fa e le mang a na le ditsebe go utlwa, a utlwe.”
24
A ba raya a re: “Lo tlhokomele se lo se utlwang; selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone fela; mme lo tlaa okelediwa.
25
Gonne yo o nang le sengwe, ene o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tlaa se tseelwa.”
26
Mme a re: “Bogosi jwa Modimo bo ntse jaana, bo ntse jaaka fa motho a ka bo a latlhela peo mo mmung;
27
mme a robale, a tsoge bosigo le motshegare, mme peo e ka mela, ya gola, ene a sa itse ka fa e golang ka teng.
28
Lefatshe le a ikungwisa ka losi; e re pele go tswe mogwang; foo go tswe seako, morago mabele a a tletseng mo seakong.
29
Mme ya re fa mabele a budule, motho a akofe a tsenye thipa, ka gobo go roba go fitlhile.”
30
Mme a re: “Ana re tlaa tshwantsha bogosi jwa Modimo jang? Kgotsa re tlaa bo kaya ka setshwantsho sefe?
31
Bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e e a reng e jadilwe mo mmung, le fa e le potlana mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng.
32
Le fa go ntse jalo fa e jadilwe, e tlhoge e gole, e be e fete merogo yotlhe, e ntshe dikala tse dikgolo; go bo go tle go tle dinonyane tsa loapi, di bone go kwaya mo moriting wa sone.”
33
A bua lefoko nabo ka ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jaana, go ya ka fa ba nonofileng go le utlwa ka teng.
34
Mme a se ka a bua nabo fa e se ka ditshwantsho; mme e ne e tle e re fa ba le bosi, a rarabololele barutwa ba gagwe dilo tsotlhe.
35
Ya re ka letsatsi leo, go le maitseboa, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja.”
36
Mme ba tlogela bontsi jwa batho, ba mo tsaya, a ya nabo mo mokorong fela jaaka a ntse. A bo a patilwe ke mekoro e mengwe.
37
Mme ga tsoga matsubutsubu a matona a phefo, mme makhubu a metsi a tlolela mo mokorong; mokoro wa ba wa rata go tlala.
38
Mme ene a bo a le kwa moseong ga mokoro, a robetse mo mosamong; mme ba mo tsosa, ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe fa re nyelela?”
39
Mme a tsoga, a kgalemela phefo, a raya lewatle a re: “Kgaotsa, o sisibale!” Mme phefo ya khutla, ga ba ga nna tuulalo e kgolo.
40
Mme a ba raya a re: “Ana lo boifelang? A ga lo ise lo nne le tumelo?”
41
Mme ba boifa thatathata ba re: “Ana motho yo e a bo e le mang, fa e bo ne ne phefo e mo utlwa le lewatle jaana?”
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16