bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 15
Mark 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
1
E rile bosigo boo sa, ditlhogo tsa baperesiti di na le bagolwane le bakwadi, le botlhe ba lekgotla, ba epa pitso, mme ba golega Jesu, ba mo tlosa, ba ya go mo neela Pilato.
2
Mme Pilato a mmotsa a re: “A o kgosi ya Bajuta?” Mme a mo fetola a re: “O a bolela.”
3
Ditlhogo tsa baperesiti tsa mo naya melato ya dilo di le dintsi.
4
Pilato a ba a mmotsa gape a re: “A ga o fetole ka lepe? Bona dilo tse dintsi tse ba go nayang melato ka ga tsone.”
5
Jesu a se ka a tlhola a fetola ka lepe; Pilato a ba a gakgamala.
6
Jaana e ne e tle e re ka lobaka lwa modiro a ba gololele mogolegwi mongwe, yo ba mo mo lopang.
7
Ga bo go le mongwe yo go tweng Barabase, a golegilwe le ba ba dirileng pheretlho mo motseng, e le banna ba e rileng mo pheretlhong ba bolaya batho.
8
Mme bontsi jwa batho jwa atamela, jwa simolola go mo lopa gore a dire jaaka a ne a tle a ba direle.
9
Pilato a ba fetola a re: “A lo rata ka lo gololela Kgosi ya Bajuta?”
10
Ka go bo a lemoga fa ditlhogo tsa baperesiti di mo neetse mo tshekong ka khufano.
11
Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa tlhotlheletsa batho gore bogolo a ba gololele Barabase.
12
Pilato a ba fetola gape a re: “Jaana yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuta ke tlaa mo reng?”
13
Ba thela lošalaba gape ba re: “Mmapole.”
14
Pilato a ba raya a re: “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Ba thela lošalaba ka thata e kgolo ba re: “Mmapole.”
15
E rile ka Pilato a rata go thethebatsa batho dipelo, a ba gololela Barabase, mme ya re a sena go seola Jesu, a mo neela go bapolwa.
16
Foo batlhabani ba tsaya Jesu ba mo gogela mo teng ga lolwapa, kwa go leng ntlo ya bogosi teng, mme ba phutha mophato otlhe fela.
17
Mme ba mo apesa bohibidu jo bo mokgona, ba loga serwalo sa mitlwa ba se mo rwesa;
18
mme ba simolola go mo dumedisa ba re: “Dumela kgosi ya Bajuta!”
19
Ba mmetsa mo tlhogong ka lotlhaka, ba mo kgwela mathe, ba wa ka mangole ba mo obamela.
20
Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola bohibidu jo bo mokgona, ba mo apesa diaparo tsa gagwe. Ba mo gogela kwa ntle ba ya go mmapola.
21
Ga bo go le mongwe, go twe Simone wa Kurene, rraabo bo Alekesantere le Rufuse, a bo a feta a tswa kwa nageng, mme ba mo tshwara ba mo patikela go ya nabo, gore a sikare mokgoro wa gagwe.
22
Ba mo fitlhisa kwa felong fa go tweng Golegotha, ke go re, “Felo ga logata”, fa go phuthololwa.
23
Ba re ba mo nosa bojalwa jwa mofine jo bo tlhakantswe le mura; mme a se ka a bo amogela.
24
Mme ba mmapola; le diaparo tsa gagwe ba di kgaogana, ba laolela mongwe le mongwe se o se tsayang ka go thela bola.
25
Ya bo e le nako ya boraro, fa ba mmapola.
26
Lokwalo lwa molato wa gagwe lwa bo lo kwadilwe fa godimo lo re: “KGOSI YA BAJUTA.”
27
Mme ba bapola dinokwane di le pedi nae, sengwe ka fa letsogong la gagwe le legolo, se sengwe ka fa go la molema.
28
(Lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “A balelwa le batlodi.”)
29
Ba ba fetang ba mo kgala, ba tshikinya ditlhogo ba re: “Ahe, wena yo o senyang tempele o ba o e aga ka malatsi a le mararo.
30
Ipoloke, o fologe mo mokgorong.”
31
Fela jalo ditlhogo tsa baperesiti di na le bakwadi, ba ne ba na le tshotlo ka ga gagwe ba re: “O ne a boloka ba bangwe; ene ka esi ga a ka ke a ipoloka.
32
A ene Keresete, Kgosi ya Iseraele, a ke a fologe jaana mo mokgorong gore re bone, re dumele.” Le ba ba bapotsweng nae ba mo kgoba.
33
E rile go le nako ya borataro ya motshegare o mogolo, ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe, go ya go fitlha mo nakong ya 9 ya motshegare wa maitseboa.
34
Ya re go le nako ya 9 Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eloi, Eloi, lama sabakathani,” ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”
35
Bangwe ba ba emeng teng ba re ba utlwa, ba re: “Bonang, o bitsa Elija.”
36
Mme mongwe a taboga, a ina ngami mo bojalweng jo bo botšarara, a e tlhomela ka lotlhaka, a mo nosa a re: “Lesang; mmang re boneng boo Elija o tlaa tla go mo pagolola.”
37
Jesu a goa ka lentswe le legolo, mme a neela mowa.
38
Mme sesiro sa tempele sa garoga ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase.
39
Molaodi wa mophato yo o emeng foo a lebaganye nae, ya re a bona fa a neetse mowa jalo, a re: “Ruri monna yo, e ne e le Morwa Modimo.”
40
Le gone ga bo go le basadi teng ba lebile ba le kwa kgakala; mo go bone ga bo go le Maria Magetalene, le Maria mma Jakobe yo mmotlana le Josese, le Salome;
41
ba e rileng a sa ntse a le kwa Galilea, ba mo sala morago, ba mo direla; le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba tsileng nae mo Jerusalema.
42
E rile go setse go le maitseboa jaanong, ka e le letsatsi la Iketleetso, ke go re, letsatsi la go tsoga go le Sabata,
43
ga tla Josefe wa Arimathea, e le mongwe yo o tlotlegang wa lekgotla, yo o bileng ka esi a lebeletse bogosi jwa Modimo; a ya ka pelokgale kwa go Pilato, a lopa setoto sa ga Jesu.
44
Mme Pilato a belaela gore a jaana o sule; mme a bitsa molaodi wa mophato, a mmotsa fa e setse e le sebaka a sena go swa.
45
Ya re a sena go utlwa mo molaoding wa mophato, a neela Josefe setoto.
46
A reka letsela la leloba, a mo pagolola, a mo tshophelela ka letsela leo la leloba, a mmaya mo phupung e e neng e gabilwe mo lefikeng, mme a pitikela lentswe fa molomong wa phupu.
47
Maria Magetalene, le Maria mma Josese ba bona fa o beilweng teng.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16