bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 7
Mark 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 8 →
1
Motlha mongwe ga phuthegela kwa go ene Bafarisai, le bangwe ba bakwadi, ba tswa Jerusalema.
2
Mme ba bo ba kile ba bona fa barutwa bangwe ba gagwe ba tle ba je dijo ka diatla tse di leswe, ke go re, tse di sa tlhapisiwang.
3
Gonne Bafarisai le Bajuta botlhe, fa ba sa tlhape mo diatleng le mo mabogong, ga ba ke ba ja; mme boo ba tshegeditse mekgwa ya bagologolo.
4
Fa ba tswa kwa borekelong, ga ba ke ba a ja fa ba sa tlhape pele; go bile go na le dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di tshegetsa, jaaka go tlhatswa dinwelo, dipitsana le dijana tsa kgotlho, (le disekamelo.)
5
Bafarisai le bakwadi ba mmotsa ba re: “Ana barutwa ba gago ga ba tsamaeleng ka fa mekgweng ya bagologolo, ba ja fela senkgwe sa bone ka diatla tse di leswe?”
6
A ba raya a re: “Isaia o boletse sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ba tšhaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna.
7
Ba nkobamelela lefela, ka ba ruta ka dithuto tse e leng melao ya batho fela.’
8
“Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tshegeditse mekgwa ya batho fela.”
9
A ba raya a re: “Lo ganela ruri taolo ya Modimo, gore lo tshegetse mekgwa ya lona.
10
Gonne Moše o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago;’ gape a re: ‘Yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe, ruri a a swe.’
11
Lona lo a tle lo re: ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sone e bile ke Korebana, ke go re, Se abetswe Modimo;
12
lo bo lo sa tlhole lo mo leseletsa go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe;’
13
mme lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona e lo e bolelang, le dilo tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.”
14
A ba a ipiletsa bontsi jwa batho gape a re: “Ntheetsang lotlhe, lo tlhaloganye!
15
Ga go na sepe se se kwa ntle ga motho se se ka reng se tsena mo go ene sa mo itshekolola; dilo tse di tswang mo mothong ke tsone tse di itshekololang motho.
16
(Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe.)”
17
E rile a sena go tsena mo ntlong, a tlogetse bontsi jwa batho, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka ga setshwantsho seo.
18
Mme a ba raya a re: “A le lona lo ntse jaana lo se na tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore, se se kwa ntle ga motho, fa se tsena mo go ene, ga se ka ke sa mo itshekolola;
19
gonne ga se tsene mo pelong, fa e se mo mpeng fela, mme se ye go tswela kwa ntle?” Mme moo, a go bua, e le go itshekisa dijo tsotlhe.
20
A ba a re: “Se se tswang mo teng ga motho, ke sone se se itshekololang motho.
21
Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao,
22
le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo;
23
dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”
24
Mme a tswa teng, a tsamaya a ya mo melelwaneng ya Ture le Sitone. Mme a tsena mo ntlong nngwe, mme a bo a sa rate ga itse ope; mme ga retela fa a ka lojwa.
25
Ka bonako mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe wa mosetsanyana o nang le mowa o o maswe, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe.
26
Jaana mosadi yo ya bo e le Mogerika, wa tšhaba ya Serofonike. Mme a mo rapela thata gore a kgoromeletse ntle mowa o o maswe mo go morwadie.
27
Mme a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne, ga go a tshwanela go tsaya dijo tsa bana, le go di latlhela dintša.”
28
Mosadi a mo fetola a re: “Ee, Morena, le e leng tsone dintša, di le ka fa tlase ga lomati lwa bojelo, di ja matlhotlhora a bana.”
29
Mme ene a mo raya a re: “Ka lefoko leo tsamaya fela; mowa o o maswe o dule mo go morwadio.”
30
Mme a tsamaya a ya ga gagwe, mme a fitlhela ngwana a beilwe mo bolaong, mme mowa o o maswe o dule mo go ene.
31
Gape a tswa mo melelwaneng ya Ture, a ralala Sitone a ya a fitlha kwa lewatleng la Galilea, a raletse melelwane ya Dekapolise.
32
Ba lere kwa go ene monna mongwe yo o bosusu, yo o kwakwaetsang; mme ba mo rapela thata gore a mmeye seatla.
33
Mme a mo ntsha mo bontsing a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ba a ama loleme lwa gagwe;
34
a lelalela legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha,” ke go re: “Kabologa.”
35
Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa, le thapo ya loleme lwa gagwe ya hunologa, a itse go bua sentle.
36
A ba laya gore ba se ka ba bolelela ope; mme fela jaaka a ba laile thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata.
37
Ba gakgamala mo go feteletseng ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle; o dira gore ba ba bosusu ba utlwe, le ba ba dimumu ba bue.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16