bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 13
Mark 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
1
E rile a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Moruti, bona maje a, ka fa a ntseng ka teng, le dikago tse ka fa di ntseng ka teng.”
2
Jesu a mo raya a re: “A o a di bona dikago tse dikgolo tse? Ga go ketla go tlogelwa fa lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, le le se ketlang le dingwa.”
3
Ya re a dutse mo Thoteng ya Lotlhware, bolebana le tempele, bo Petere le Jakobe le Johane le Anterea ba mmoletsa kwa thoko ba re:
4
“Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng, le sesupo e tlaa nna eng sa fa dilo tsotlhe tse di tloga di dirafala?”
5
Jesu a simolola go ba raya a re: “Lo itise gore motho ope a se ka a lo timetsa.
6
Bantsi ba ba tlaa tlang ka leina la me, ba ikaya ba re: ‘Ke nna ene;’ mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi.
7
Mme lo tlaa re lo utlwela dintwa, le medumo ya dintwa, lo ise ka lwa fuduega; dilo tse di na le go dirafala fela; mme e tlaa bo e ise e nne bokhutlo.
8
Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bogosi; go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe; go tlaa nna meswele; mme dilo tse e be e le tshimologo ya metlotsedi.
9
“Lo itise, gonne ba tlaa lo neela mo makgotleng; lo tlaa bediwa mo matlong a thuto; lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone.
10
Mme Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele.
11
Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo.
12
Mme morwa rramotho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, le rra motho ngwana wa gagwe; le bana ba tlaa tsogolegela batsadi ba bone, ba dira gore ba bolawe.
13
Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.
14
“E tlaa re lo bona yo o makgapha a a swafatsang a eme fa o sa tshwanelang go ema teng, yo o balang a a tlhaloganye, foo ba ba mo Jutea ba tshabele kwa dithabeng;
15
le ene yo o fa godimo ga ntlo a se fologe, le fa e le go tsena mo teng, go tsaya sengwe mo ntlong ya gagwe;
16
mme yo o kwa nageng a se ka a boela kobo ya gagwe.
17
Go tlaa bo go latlhega bone ba ba baimana, le ba ba amusang mo metlheng eo!
18
Mme lo rapele gore go se ka ga nna go le mariga.
19
Gonne metlha eo e tlaa nna ya pitlagano, jaaka go ise go ke go bonwe gope, e sa le ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng, le gompieno le gone ga go ketla go tlhola go bonwa gope.
20
Mme fa Morena a ko a se ka a khutshwafatsa metlha eo, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme a khutshwafatsa metlha ka ntlha ya baitshenkedwi ba o ba itshenketseng.
21
“Foo fa motho mongwe a ka lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo;’ kgotsa, ‘Bonang, o fale;’ lo se ka lwa dumela.
22
Gonne go tlaa tsoga boKeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tlaa ntsha ditshupo le dikgakgamatso, gore ba tle ba timetse baitshenkedwi fa go ka nna jalo.
23
Mme lona lo itise; bonang, ke lo boleletse dilo tsotlhe go sa le gale.
24
“E tlaa re mo metlheng eo, morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone;
25
le dinaledi di tlaa bo di wa kwa legodimong, le dinonofo tse di mo magodimong di tlaa reketlisiwa.
26
Ke gone ba tlaa bonang Morwa Motho a tla mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo.
27
Foo o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa bofelelong jwa lefatshe go ya bofelelong jwa legodimo.
28
“Jaana ithuteng ka setlhare sa mofeige setshwantsho sa sone; e re fa kala ya sone e setse e le nana, mme e kukunya makakaba, lo a itse fa selemo se atametse.
29
Le lona fela jalo, e tlaa re lo bona dilo tse di dirafala, lo bo lo itse fa a le gaufi, a le fela fa mejakong.
30
Ammaaruri ke a lo raya, losika lo ga lo ketla lo feta, go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse, di dirafale pele.
31
Legodimo le tlaa feta le lefatshe; mme mafoko a me ga a ketla a feta.
32
“Mme ka ga letsatsi leo kgotsa nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba ba kwa legodimong, le fa e le Morwa, fa e se Rara fela.
33
Itiseng, lo lebelele lo rapele, gonne ga lo itse lobaka gore ke lofe.
34
Go tshwana jaaka fa monna a ile go jaka kwa lefatsheng le sele, e re ka a tlogetse ntlo ya gagwe, a bile a neetse batlhanka ba gagwe thata, le mongwe le mongwe tiro ya gagwe, le gone a laola molebedi wa kgoro gore a lebelele.
35
Ke gone, lebelelang, gonne ga lo itse gore morena wa ntlo o tlaa tla leng, kgotsa ka maabanyane, kgotsa bosigogare, kgotsa ka makuku, kgotsa a ka bosigo boo sa;
36
e se re kgotsa fa a ka tla ka tshoganetso a lo fitlhela lo robetse.
37
Mme se ke se rayang lona, ke se raya botlhe fela ka re: ‘Lebelelang.’ ”
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16