bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 12
Mark 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 13 →
1
A simolola go bua nabo ka ditshwantsho. A re: “Monna mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mafine, a e beela logora, a epa lesudu la kgatisetso ya bojalwa jwa mofine, a aga sefata, mme a e neela badira masimo ba e thapa ka tuelo, mme a etela kwa lefatsheng le sele.
2
E rile motlha o fitlha, a roma motlhanka kwa go bone badira masimo, gore a amogele maungo a tshimo mo go bone.
3
Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlhere fela.
4
A ba a roma motlhanka yo mongwe kwa go bone gape; ene ba mo ntsha dintho mo tlhogong, ba mo gagautla mo go tlhabisang ditlhong.
5
A roma yo mongwe; ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya.
6
O ne a sa ntse a na le mongwe, e bong morwawe yo o rategang; lwa bofelo a roma ene kwa go bone, a re: ‘Ba tlaa sisimoga morwaake.’
7
Badira tshimo bao ba raana ba re: ‘Yo ke moruaboswa; tlang, re mmolayeng mme boswa e tlaa nna jwa rona.’
8
Mme ba mo tshwara ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine.
9
“Jaana morena wa tshimo ya mafine o tlaa dirang? O tlaa tla a senya badira tshimo, mme tshimo o tlaa e neela ba sele.
10
A le fa e le lefoko le ga lo ise lo le bale la go re: ‘Lentswe le baagi ba le ganneng ke lone le le dirilweng tlhogo ya kgokgotsho.
11
Selo se, sa tswa mo go Morena, mme se a gakgamatsa mo matlhong a rona’?”
12
Mme ba batla go mo tshwara; mme ba boifa batho ba bantsi, gonne ba lemoga fa a bua setshwantsho se ka ga bone; mme ba mo tlogela ba tsamaya.
13
Ba roma Bafarisai bangwe le Baherote kwa go ene, gore ba mo tshware mo puong.
14
Ya re ba sena go fitlha ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse fa o le boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o tlhokomele bomangmang jwa batho, mme o bolela tsela ya Modimo ka bommaanete; a go letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa?
15
A ke re ntshe lekgetho kgotsa re se ka ra le ntsha?” Ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Nteretseng thušeleng gore ke e bone.” Ba e lere.
16
A ba raya a re: “Setshwano se le sekwalo, ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Kaesare.”
17
Jesu a ba raya a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela thata.
18
Ga tla kwa go ene Basadukai ba ba reng ga go na tsogo ya baswi;
19
ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rramotho a swa, a tlogela mosadi, mme a sa tlogele ngwana, morwa rraagwe a tseye mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa rraagwe losika.
20
Go kile ga ne go le bomorwa monna ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa, a sa tlogele losika;
21
wa bobedi a tsaya mosadi yoo, mme a swa, a sa tlogele losika; le mo go wa boraro ga nna jalo.
22
Le ka bosupa jwa bone ba se ka ba tlogela losika. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa.
23
Ana e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone, gonne ba ne ba mo nyetse boo basupa?”
24
Jesu a ba raya a re: “A ga se gone ka fa lo timelang ka teng, ka lo sa itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo?
25
Gonne e tlaa re ba tsoga mo baswing boo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalong; mme ba bo ba ntse jaaka baengele kwa legodimong.
26
Mme ka ga baswi, fa ba tsosiwa; a ga lo a bala mo lokwalong lwa ga Moše, fa go bolelwang ka ga setlhare teng, ka fa Modimo o buileng nae ka teng wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe’?
27
One ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi; lo timela fela thata.”
28
Mongwe wa bakwadi a tla, mme a utlwa ka fa ba botsanyang ka teng, mme ka a itse fa a ba fetotse sentle, a mmotsa a re: “Taolo e e leng tlhogo ya tsone tsotlhe ke efe?”
29
Jesu a mo fetola a re: “Ya tlhogo ke e: ‘Utlwa wena Iseraele. Morena Modimo wa rona, o mongwe fela;
30
gape, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.’
31
Ya bobedi ke e: ‘O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.’ Ga go na taolo epe e e fetang tsone tse.”
32
Mme mokwadi a mo raya a re: “Ka mmaanete, Moruti, o buile sentle, jaaka o re: O mongwe fela, le gone: Ga go ope o sele fa e se ene.
33
Le go mo rata ka pelo yotlhe, le ka tlhaloganyo yotlhe, le ka thata yotlhe, le motho go rata mongwe ka ene jaaka a ithata, ke mo go gaisang ditshupelo tse di fisiwang di le boleka, le ditlhabelo tsotlhe.”
34
Ya re Jesu a bona fa a fetotse ka tlhaloganyo, a mo raya a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.” Morago ga mo ga se ka ga tlhola go le ope yo o pelokgale ya go mmotsa potso epe.
35
Jesu ya re a ruta mo tempeleng a bua a re: “Bakwadi ba bua jang ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite’?
36
Dafite ka esi a bua ka Mowa o o Boitshepo a re: ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa tsogong la me le legolo, ke be ke tle ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’
37
Dafite ka esi o mmitsa Morena; mme o ntse morwawe jang?” Ba e leng batho fela ba mo utlwa ka boitumelo.
38
Mo go ruteng ga gagwe a re: “Lo itise mo bakwading ba ba eletsang go tsamaya ka dikobo tse di kgokgothang, le go dumedisiwa mo marekelong,
39
le ditulo tse di kwa pele mo matlong a thuto, le manno a a kwa pele mo medirong.
40
Bone ba ba supuletsang basadi ba batlholagadi matlo a bone, ba golole merapelo go nna seipato; bao ba tlaa bona tshekiso e kgolo bogolo.”
41
Mme a ya a dula bolebana le letlole la madi a tempele, a bona ka fa batho ba bantsi ba tsenyang madi mo letloleng ka teng; ba ba humileng ba le bantsi ba tsenya a magolo.
42
Mme ga tla mosadi wa motlholagadi wa sehumanegi, a tsenya madinyana a le mabedi a e a reng a kopanye e be e le bontlhanngwe jwa peni fela.
43
A ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Motlholagadi yo, wa sehumanegi, o tsentse bogolo go botlhe ba ba tsenyang mo letloleng la madi.
44
Gonne bone botlhe ba tsentse ga letlotlo la bone; mme ene o tsentse ga lehuma la gagwe, a tsenya gotlhe mo o nang nago, e bong gotlhe mo o tshelang ka gone.”
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16