bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 11
Mark 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
1
E rile ba setse ba atametse Jerusalema, ba le kwa Bethefage le Bethania, fa Thoteng ya Lotlhware, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi.
2
A ba raya a re: “Yang mo motsaneng o lo lebaganyeng nao; lo tlaa re lo tsena mo go one lo akofe lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke ope; lo e golole, lo e lere kwano.
3
Mme e re fa mongwe a lo raya a re: ‘Lo dirang jaana?’ Lo re: ‘Morena o a e batla, mme o tlaa ba a akofa a e busetsa kwano.’ ”
4
Ba tsamaya ba ya ba fitlhela eselana e golegilwe fa mojako, ka fa ntle, mo mmileng o o paa fela; mme ba e golola.
5
Bangwe ba batho ba ba emeng teng, ba ba raya ba re: “Lo dirang lo golola eselana?”
6
Ba bua nabo fela jaaka Jesu a ne a buile, mme ba ba lesa ba tsamaya.
7
Mme ba isa eselana kwa go Jesu, ba baya diaparo tsa bone mo go yone, mme a e palama.
8
Batho ba le bantsi ba ala diaparo tsa bone mo tseleng, ba bangwe ba ala dikala tse ba tswang go di kgaola mo nageng.
9
Ba ba eteletseng pele, le ba ba setseng morago, ba thela lošalaba, ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang ka leina la Morena;
10
a go bakwe bogosi jo bo tlang, bogosi jwa ga rraetsho Dafite; Hosana mo bogodimodimong.”
11
Mme a tsena mo Jerusalema, mo tempeleng; mme a re a sena go kobakoba dilo tsotlhe, ka go setse go le maitseboa thata, a tswa a ya kwa Bethania a na le ba ba 12.
12
Ya re ka moso, ba sena go tswa mo Bethania, a bolawa ke tlala.
13
Ya re a bonela mofeige kgakala, o na le makakaba, a ya kwa go one, a re e tlaa re gongwe a bone sengwe mo go one, mme a re a fitlha fa go one a se ka a fitlhela sepe fa e se makakaba fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa difeige.
14
Mme a o raya a re: “Motho ope a se ka a tlhola a ja loungo mo go wena gope.” Barutwa ba gagwe ba mo utlwa.
15
Mme ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo tempeleng, a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang, le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi;
16
a se ka a leseletsa motho ope go ralala tempele a tshotse sejana.
17
Mme a ruta, a ba raya a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
18
Ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba go utlwa, mme ba senka ka fa ba ka mo senyang ka teng, gonne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe.
19
E ne e tle e re go le maitseboa a tswe mo motseng.
20
Ya re ka moso ba feta, ba fitlhela mofeige o omeletse go ya le kwa meding.
21
Mme Petere ka a gakologelwa, a mo raya a re: “Moruti bona, mofeige o o letseng o o hutsitse o bile o omeletse.”
22
Mme Jesu a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.
23
Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona.
24
Ke gone ke lo rayang ke re, dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di lopa, lo dumela fa lo di amogetse, mme lo tlaa di bona.
25
E tle e ne e re lo ema lo rapela, fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. (
26
Fa lona lo sa itshwarele, le gone Rraeno yo o kwa legodimong ga a ketla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.)”
27
Mme ba ba ba tla gape mo Jerusalema; ya re a tsamayatsamaya mo tempeleng ga tla kwa go ene ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, le bagolwane;
28
ba mo raya ba re: “Dilo tse o di dira ka taolo efe? Le yo o go neileng taolo ya go dira dilo tse ke mang?”
29
Jesu a ba raya a re: “Ke tlaa lo botsa potso nngwe, lo mphetole, mme ke tlaa lo bolelela taolo e ke dirang dilo tse ka yone.
30
Kana kolobetso ya ga Johane, a e ne e tswa legodimong kgotsa mo bathong? Mphetolang.”
31
Ba tseisanya kgang ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E tswa legodimong,’ ene a re reye a re: ‘Mme lo ne lo sa mo dumeleleng?’
32
Fa re ka re: ‘E tswa mo bathong’ ” – ba ne ba boifa batho; gonne ruri batho botlhe ba kaya Johane fa e ne e le moperofeti.
33
Mme ba fetola Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16