bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 14
Mark 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
1
Jaana morago ga malatsi a le mabedi, ga bo go le modiro wa Tlolaganyo, le wa senkgwe se se sa bedisiwang; mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba batla ka fa ba ka mo tshwarang ka teng ka bolotsana, go mmolaya,
2
gonne ba re: “E seng go le modiro, e ka tla ya re gongwe ga nna pheretlhego mo bathong.”
3
Mme e rile a le kwa Bethania, mo ntlong ya ga Simone wa molepero, mme a dutse a ja, ga tla mosadi, a tshotse sedibelwana sa alebesetara se na le setlolo sa nareto, se se thata bobe go rekwa, mme a se thela mo tlhogong ya gagwe.
4
Mme ga bo go le bangwe teng ba ba gaketseng, ba re: “Ana setlolo se fa se sentswe jaana ke go reng?
5
Gonne setlolo se ne se ka rekisiwa, sa bona bogolo go diponto di le 30, mme tsa newa bahumanegi.” Mme ba mo ngongoregela.
6
Mme Jesu a re: “Mo leseng, lo mo tshwenyetsang? O dirile tiro e e molemo mo go nna,
7
gonne bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe, lo ka ba direla molemo ka metlha yotlhe ka fa lo ratang ka teng; mme nna ga ke nne le lona ka metlha yotlhe.
8
O dirile ka fa o nonofileng ka teng: mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale.
9
Ammaaruri ke a lo raya, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a tlaa rerwang teng mo lefatsheng lotlhe fela, le sone se mosadi yo o se dirileng, se tlaa bolelwa teng, gore e nne segopodiso ka ga gagwe.”
10
Mme Jutase Isekariote, yo e neng e le mongwe wa ba ba 12, a tsamaya a ya ditlhogong tsa baperesiti, gore a tle a ba mo neele.
11
Bone ya re ba utlwa ba itumela, ba mo solofetsa gore ba tlaa mo naya madi. Mme a batla ka fa o ka ba mo neelang ka teng go se na kgoreletso.
12
E rile ka letsatsi la ntlha la senkgwe se se sa bedisiwang, fa ba isa setlhabelo sa Tlolaganyo, barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O rata ra ya go baakanya kae, gore o jele Tlolaganyo teng?”
13
Mme a roma barutwa ba gagwe ba le babedi, a ba raya a re: “Yang mo motseng, mme lo tlaa rakana le monna mongwe a rwele nkgwana ya metsi; lo sale ene morago;
14
kwa o tsenang teng lo tle lo reye mong wa ntlo lo re: ‘Moruti a re: Ntlwana ya me e kae (ya bojelo jwa baeng,) kwa ke tlaa jelang Tlolaganyo teng le barutwa ba me?’
15
Ene ka esi o tlaa lo bontsha ntlwana e kgolo e e fa godimo, e tsentswe dilwana, e baakantswe; mme lo re baakanyetse teng.”
16
Barutwa ba tswa ba ya ba tsena mo motseng, ba fitlhela go ntse jaaka a ba boleletse; mme ba baakanya Tlolaganyo.
17
Ya re go le ka maabanyane a tla le ba ba 12.
18
Ya re ba dutse ba a ja, Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, mongwe wa lona o tlaa nkoka, e bong ene yo ke jang nae.”
19
Mme ba simolola go hutsafala, le go mo raya mongwe le mongwe go re: “A ke nna?”
20
Mme a ba raya a re: “Ke mongwe wa ba ba 12 yo o inang le nna mo sejaneng.
21
Gonne Morwa Motho o a tsamaya, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme go bo go latlhega monna yo o okang Morwa Motho! Go ka bo go le molemo mo monneng yoo fa a ka bo a se ka a tsalwa.”
22
Ya re ba sa ja, a tsaya senkgwe, ya re a sena go se segofatsa, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Tsayang; se ke mmele wa me.”
23
A ba a tsaya senwelo, mme ya re a sena go leboga, a se ba naya; mme ba nwa botlhe ga sone.
24
A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano, a a tshololelwang batho ba le bantsi.
25
Ammaaruri ke a lo raya, ga nketla ke tlhola ke nwa loungo lwa mofine, go tsamaye letsatsi leo le tle, le ke tlaa lo nwang lo le loša mo bogosing jwa Modimo ka lone.”
26
Mme e rile ba sena go opela sefela, ba tswa ba ya kwa Thoteng ya Lotlhware.
27
Jesu a ba raya a re: “Lo tlaa kgotšwa lotlhe, gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tlaa itaya modisa, mme dinku di tlaa falalediwa koo.’
28
Le fa go ntse jalo e tlaa re ke sena go tsosiwa, ke tlaa lo etelela pele ke ya kwa Galilea.”
29
Petere a mo raya a re: “Le fa botlhe ba ka kgotšwa, nna nnyaa.”
30
Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go raya ka re, wena gompieno, e bong sigong jono, e tlaa re koko e tona e ise e be e lele gabedi, o tlaa bo o intatotse gararo.”
31
Mme a tlerebetsa ka thata a re: “Le fa nka bo ke na le go swa nao, ga nketla ke go itatola.” Ba bua jalo botlhe fela.
32
Ba tla felong fa go bidiwang Gethesemane; mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo dule fa, ka ke sa ntse ke rapele.”
33
A tsaya Petere, Jakobe le Johane, a ya nabo, mme a simolola go tseana thata, le go fuduega mo go botlhoko.
34
A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; lo nne fa, lo lebelele.”
35
A ya fa pelenyana, a wela fa fatshe, a rapela gore, fa go ka nna jalo, nako eo e mo fete.
36
A re: “Ntata, Rra, dilo tsotlhe di ka dirafala mo go wena; tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”
37
Mme a tla, a ba fitlhela ba robetse, a raya Petere a re: “Simone, a o robetse? A o ne o sa ka ke wa lebelela ka lobakanyana fela?
38
Lebelelang lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”
39
A ba a tsamaya gape, a rapela, a fela a ntse a bua mafoko ao fela.
40
Mme a ba a tla gape, a ba fitlhela ba robetse; gonne matlho a bone a ne a bokaletse thata, ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng.
41
A ba a tla lwa boraro, a ba raya a re: “Jaanong lo nne lo robale, lo ikhutse; go lekanye; nako e fitlhile; bonang, Morwa Motho o oketswe mo diatleng tsa baleofi.
42
Nanogang, re tsamayeng; bonang, yo o nkokang o gaufi!”
43
Mme ya re ka bonako, a sa ntse a bua, ga tla Jutase, mongwe wa ba ba 12, a na le bontsi jwa batho, ba tshotse ditšhaka le melamu, ba tswa ditlhogong tsa baperesiti le bakwadi le bagolwane.
44
Jaana yo o mo okang o ne a ba neetse sekao sa go re: “Le fa e le mang yo ke tlaa mo atlang, ke ene; lo tshware ene, lo mo gogele koo ka tiiso.”
45
Ya re a sena go fitlha, a siamela kwa go ene a re: “Moruti,” mme a mo atla.
46
Mme ba mo tsenya diatla, ba mo tshwara.
47
Mme mongwe wa ba ba emeng fa, a somola tšhaka, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe.
48
Mme Jesu a bua a re: “A ke gore lo tshologetse legodu, ka lo tsile go ntshwara lo tshotse ditšhaka le melamu?
49
Ke ntse ka nna le lona ka malatsi otlhe mo tempeleng, ke ruta, mme lo se ka lwa ntshwara; mme mo, go dirwa gore mafoko a dikwalo a dirafale.”
50
Mme ba mo tlogela botlhe, ba tshaba.
51
Lekau lengwe la bo le mo setse morago, a itshopere bosaikategang jwa gagwe ka letsela la leloba; mme ba mo tshwara;
52
mme a tlogela letsela la leloba, a tshaba a sa ikatega.
53
Mme ba gogela Jesu kwa moperesiting yo mogolo; mme ga phuthega nae ditlhogo tsotlhe tsa baperesiti le bagolwane le bakwadi.
54
Petere le ene o ne a latetse Jesu a le kgakala nae, a ba a tsenela kwa teng ga lolwapa lwa moperesiti yo mogolo; mme a bo a dutse le maotlana, a ikomosa mo leseding la molelo.
55
Jaana ditlhogo tsa baperesiti, le botlhe ba lekgotla ba batla tshupo ka ga Jesu, gore ba tle ba mmolaye; mme ba se ka ba e bona.
56
Gonne batho ba le bantsi ba ne ba supa ditshupo tsa kako ka ga Jesu; ditshupo tsa bone tsa bo di sa supele gongwe.
57
Ga ema bangwe, ba mo pateletsa ba re:
58
“Re mo utlwile a re: ‘Ke tlaa senya tempele e, e e dirilweng ka diatla, mme e tlaa re ka malatsi a le mararo ke be ke age e sele, e e sa dirwang ka diatla.’ ”
59
Le fa e le jalo, le e leng ditshupo tsa bone ga di a ka tsa supela gongwe.
60
Mme moperesiti yo mogolo a ema fa gare, a botsa Jesu a re: “A ga o fetole sepe? Ke eng se batho ba ba se supang ka ga gago?”
61
Mme ene a didimala fela, a se ka a fetola ka sepe. Gape moperesiti yo mogolo a mmotsa a re: “A o Keresete, Morwa Yo o Bakwang?”
62
Jesu a mo raya a re: “Ke nna; mme lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, a tla ka maru a legodimo.”
63
Moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “Re sa dirang ka basupi?
64
Lo e utlwile tlhapatso eo; lo gopola jang?” Mme ba mo sekisa botlhe fela ba re: “O tshwanetse go swa.”
65
Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe, le go mmipa sefatlhogo, go mo tlhanya, le go mo raya ba re: “Perofesa;” le maotlana a mo tshola ka go mo phaila ka diatla.
66
Ya re Petere a le kwa tlase mo lwapeng, ga tla lengwe la malata a moperesiti yo mogolo;
67
ya re le bona Petere a ikomosa, la mo leba la re: “Le wena o ne o na le Monasaretha yo, e bong Jesu.”
68
Mme a itatola a re: “Ga ke mo itse, le fa e le go tlhaloganya se o se buang;” mme a tswela kwa mathuding; mme koko e tona ya lela.
69
Lelata la mmona gape, la simolola go raya ba ba emeng teng, la re: “Yo ke mongwe wa bone.”
70
Mme a ba a latola gape. Mme ya re kgantele ba ba emeng teng ba raya Petere gape ba re: “Ruri o mongwe wa bone, gonne o Mogalilea.”
71
Mme a simolola go rogaka, le go ikana a re: “Ga ke mo itse, monna yo lo buang ka ga gagwe.”
72
Mme koko e tona ya akofa ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa lefoko la ka fa Jesu o buileng nae ka teng, a re: “E tlaa re koko e tona e ise e lele gabedi, o bo o intatotse gararo.” Mme a re a akanya mo, a lela.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16