bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 3
Mark 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
1
Motlha mongwe a ba a tsena gape mo ntlong ya thuto; mme ga bo go le monna mongwe gone yo o seatla se omeletseng.
2
Mme ba mo lepa gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba tle ba mo neye molato.
3
Mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Ema fa gare fa.”
4
A ba raya a re: “A go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo, kgotsa go bolaya?” Mme ba didimala fela.
5
Ya re a sena go ba kobakoba ka bogale, ka a tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola; mme seatla sa gagwe sa fola.
6
Bafarisai ba tswa, ba akofa ba ya ba gakololana le Baherote ka fa ba ka mo senyang ka teng.
7
Mme Jesu a ngongwaelela kwa lewatleng a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tswang Galilea jwa mo sala morago, le ba ba tswang Jutea.
8
Le kwa Jerusalema, le kwa Idumea, le kwa moseja ga Joretane, le kwa tikologong ya Ture le Sitone, e le bontsi jo bogolo, ka ba utlwa dilo tse dikgolo tse o di dirang, ba tla kwa go ene.
9
Mme a bua le barutwa ba gagwe gore mokorwana o mo emele, ka ntlha ya bontsi jo bo betaganyeng, e se re kgotsa ba mo pitlaganya.
10
O ne a fodisitse batho ba le bantsi; ga ba ga tla ga re botlhe ba ba nang le dipetso ba mo kgotlhaganyetsa, gore ba mo ame.
11
Le mewa e e maswe e ne e tle e re e mmona, e wele fa pele ga gagwe, e goe e re: “O Morwa Modimo.”
12
Mme a e laya thata a re, e se ka ya mo utlwatsa.
13
A tlhatlogela mo thabeng, a ipiletsa bone ba ene ka esi o ba ratang, mme ba ya kwa go ene.
14
A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo,
15
le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:
16
Simone a mo okeletsa leina a re, Petere;
17
le Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe Jakobe, bone a ba okeletsa leina a re, “Boaneregese”, ke go re: “Bomorwa tumo ya maru”;
18
le Anterea, le Filipo, le Baretholomea, le Mathaio, le Thomase, le Jakobe morwa Alefaio, le Thataeo, le Simone wa Mokanana,
19
le Jutase Isekariota, yo e leng ene o mo okileng.
20
A tla mo gae. Bontsi jwa batho jwa kgobokana gape, ba ba ba tla ba retelelwa le ke go ja.
21
E rile ditsala tsa gagwe di utlwa, tsa ya go mo tshwara, gonne di ne di re: “O a tsenwa.”
22
Le bakwadi ba ba fologileng kwa Jerusalema ba re: “O na le Beelesebube.” Gape ba re: “O kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka kgosana ya mewa e e maswe.”
23
Mme a ba ipiletsa, a bua nabo ka ditshwantsho, a re: “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang?
24
Fa bogosi bo ikgaogantse, bogosi joo ga bo ka ke jwa ema.
25
Ntlo le yone fa e ikgaogantse, ntlo eo ga e ketla e nonofa go ema.
26
Fa Satane a itsogologetse, a kgaoganye, ga a ka ke a ema, mme o na le bokhutlo.
27
“Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o thata, a thopa dilo tsa gagwe, fa a se ka a golega monna yo o thata pele; foo o ka thopa ntlo ya gagwe.
28
“Ammaaruri ke a lo raya, dibe tsotlhe tsa bomorwa batho ba tlaa di itshwarelwa, le ditlhapatso tse ba tlhapatsang ka tsone, le fa e ka bo e le dife.
29
Mme le fa e le mang yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa gope, o molato wa boleo jo bo se nang bokhutlo.”
30
Ya bo e le ka gobo ba rile, Jesu o na le mowa o o maswe.
31
Mme ga tla mmaagwe le bomonnawe; ya re ba eme kwa thoko, ba roma kwa go ene, ba mmitsa.
32
Bontsi jwa batho jwa bo bo dutse bo mo dikanyeditse; mme ba mo raya ba re: “Bona, mmaago le bomonnao ba emetse kwa thoko ba a go batla.”
33
Ene a ba fetola a re: “Mme e mang le bonnake ke bomang?”
34
A kobakoba ba ba dutseng ba mo dikanyeditse a re: “Bonang, mme le bonnake ke ba!
35
Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Modimo, ene ke nnake le kgaitsadiake, le mme.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16