bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Mark 16
Mark 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
1
E rile Sabata o sena go feta, boMaria Magetalene, le Maria mma Jakobe, le Salome, ba reka ditlhatshana tsa malao gore ba ye go mo tlotsa.
2
Ya re ka letsatsi la ntlha la beke, go le ka maphakela a magolo, ba tla ba fitlha fa phupung letsatsi le sena go tlhaba.
3
Ba bo ba ntse ba raana ba re: “Mang yo o tlaa re tlosetsang lentswe fa molomong wa phupu?”
4
Mme ya re ba tsholetsa matlho ba bona fa lentswe le setse le fidikolotswe, gonne le ne le le legolo thata.
5
Mme ya re ba tsena mo phupung, ba bona motho wa lekau a dutse ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, a apere kobo e tshweu; mme ba tseana.
6
A ba raya a re: “Se tseaneng; lo batla Jesu wa Monasaretha yo o neng a bapotswe, o tsogile, ga a yo fa, bonang felo fa ba ne ba mmeile teng!
7
Yang lo bolelele barutwa ba gagwe, le Petere, lo re, o lo etelela pele a ya Galilea; lo tlaa mmona teng jaaka a kile a lo bolelela.”
8
Mme ba tswa mo phupung, ba tshaba, gonne go roroma le go gakgamala go ne go ba tshwere; mme ba se ka ba bua le ope sepe ka ba boifa.
9
Jaana e rile a sena go tsoga go le ka maphakela ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magetalene, yo o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e e supang mo go ene.
10
Ene a ya a bolelela bone ba ba kileng ba ne ba na nae, mme ba bo ba hutsafetse ba lela.
11
Ya re ba utlwa fa a tshedile, a bile a bonywe ke ene, ba se ka ba dumela.
12
Morago ga dilo tse a senogela bangwe ba le babedi ka tshwano e sele, ba le mo tseleng, ba tsamaela golo gongwe mo nageng.
13
Le bone ba ya ba bolelela ba bangwe; le bone bao, ba se ka ba ba dumela.
14
Morago a senogela ba ba 11 ba dutse ba ja; mme a ba kgoba ka go tlhoka go dumela ga bone, le ka bothata jwa dipelo tsa bone, ka ba ganne go dumela ba ba mmonyeng a sena go tsoga.
15
A ba raya a re: “Yang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Mafoko a a Molemo.
16
Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa.
17
Ditshupo tse, di tlaa dirana le ba ba dumelang: ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la me; ba tlaa bua dipuo tse dintšha;
18
ba tlaa tsholetsa dinoga, mme fa ba ka nwa se se bolayang, ga se ketla se ba utlwisa botlhoko gope; ba tlaa baya diatla mo balwetseng, mme ba tlaa fola.”
19
Jalo, e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, mme a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo.
20
Mme bone ba tswa, ba rera Mafoko a a Molemo mo ntlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa lefoko ka ditshupo tse di diranang najo. Amen.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16